Duteronome 26:1-19
26 “Fa o setse o tsene mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore e nne boswa mme o le gapile e bile o nna mo go lone,
2 o tseye mangwe a mabutswapele a maungo otlhe a lefatshe, a o tla a phuthang go tswa mo lefatsheng la gago le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang mme o a tsenye mo mmanking o bo o ya kwa lefelong le Jehofa, Modimo wa gago a le tlhophang gore leina la gagwe le nne mo go lone.+
3 O ye kwa moperesiting yo o tla bong a direla mo metlheng eo mme o mo reye o re, ‘Gompieno ke begela Jehofa, Modimo wa gago gore ke gorogile mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borraaronamogolo gore o tla le re naya.’+
4 “Go tswa foo, moperesiti o tla tsaya mmanki mo seatleng sa gago a bo a o baya fa pele ga sebeso sa ga Jehofa, Modimo wa gago.
5 Morago ga moo, o bue jaana fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago, ‘Rre e ne e le Moaramaika+ yo o neng a nna mo mafelong a a farologaneng* mme o ne a ya kwa Egepeto+ mme a nna gone e le motswakwa, a na le ba lelapa la gagwe ba le mmalwa.+ Le fa go ntse jalo, fa a le koo, o ne a nna setšhaba se segolo, se se maatla le se se nang le batho ba le bantsi.+
6 Mme Baegepeto ba ne ba re tshwara makgwakgwa, ba re gatelela e bile ba re dirisa ditiro tse di boima tsa bokgoba.+
7 Ka jalo, re ne ra simolola go lelela kwa go Jehofa, Modimo wa borraaronamogolo, mme Jehofa o ne a utlwa lentswe la rona e bile o ne a bona go boga ga rona le matshwenyego a rona le go gatelelwa ga rona.+
8 La bofelo Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng le lebogo le le otlolotsweng+ le ka ditiro tse di boifisang le ka ditshupo le dikgakgamatso.+
9 Go tswa foo, o ne a re tlisa mo lefelong leno a bo a re naya lefatshe leno, lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.+
10 Jaanong ke tlisitse mabutswapele a thobo ya lefatshe le Jehofa a le nneileng.’+
“O a beye fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago o bo o ikoba fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago.
11 Go tswa foo, o itumele ka ntlha ya molemo otlhe o Jehofa, Modimo wa gago a go o neileng le ba ba nnang mo ntlong ya gago, wena le Molefi le motswakwa yo o nnang le ene.+
12 “Mo ngwageng wa boraro, e leng ngwaga wa karolo ya bolesome, fa o sena go ntsha karolo yotlhe ya bolesome+ ya thobo ya gago, o e neye Molefi, motswakwa, khutsana* le motlholagadi, mme ba tla ja gore ba kgotsofale mo metseng* ya gago.+
13 Go tswa foo, o bue jaana fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago, ‘Ke ntshitse karolo e e boitshepo mo ntlong ya me mme ke e neile Molefi, motswakwa, khutsana le motlholagadi,+ fela jaaka o ne o ntaetse. Ga ke a tlola ditaelo tsa gago e bile ga ke a di tlhokomologa.
14 Ga ke a ka ka ja karolo eo fa ke ne ke hutsafetse, ga ke a ka ka ntsha epe ya yone fa ke ne ke itshekologile e bile ga ke a ka ka ntshetsa ope yo o suleng epe ya yone. Ke ne ka ikobela lentswe la ga Jehofa, Modimo wa me mme ke dirile sotlhe se o se ntaetseng.
15 Jaanong leba kwa tlase go tswa kwa lefelong le le boitshepo le o nnang kwa go lone, e leng magodimo, mme o segofatse batho ba gago ba Iseraele le lefatshe le o le re neileng,+ lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ fela jaaka o ne wa ikanela borraaronamogolo.’+
16 “Mo letsatsing leno Jehofa, Modimo wa gago o go laela gore o diragatse melao eno le ditshwetso tseno tsa boatlhodi. O tshwanetse go di boloka o bo o di diragatse ka pelo yotlhe ya gago+ le ka moya otlhe wa gago.
17 Gompieno o utlwile Jehofa a bolela gore ene o tla nna Modimo wa gago fa o tsamaya mo ditseleng tsa gagwe e bile o boloka melao ya gagwe,+ ditaelo tsa gagwe+ le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi+ le fa o reetsa lentswe la gagwe.
18 Mme gompieno Jehofa o go utlwile o bolela gore o tla nna setšhaba sa gagwe, batho ba gagwe ba ba kgethegileng,*+ fela jaaka a go solofeditse le gore o tla boloka ditaelo tsotlhe tsa gagwe
19 mme o tla go baya kwa godimo ga ditšhaba tse dingwe tsotlhe tse a di dirileng,+ e bile o tla go naya pako le go tuma le kgalalelo fa o ntse o itshupa gore o setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa, Modimo wa gago,+ fela jaaka a solofeditse.”
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “yo o nyelelang.”
^ Seheb., “dikgorong.”
^ Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
^ Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”