Efangele ya ga Mathaio 16:1-28

  • Ba batla sesupo (1-4)

  • Sebediso sa Bafarasai le Basadukae (5-12)

  • Dilotlolo tsa Bogosi (13-20)

    • Phuthego e agiwa mo lefikeng (18)

  • Jesu o bolelela pele loso lwa gagwe (21-23)

  • Go nna morutwa wa boammaaruri (24-28)

16  Jaanong Bafarasai le Basadukae ba ne ba tla kwa go ene, mme ba ne ba mo leka, ba mo kopa gore a ba bontshe sesupo se se tswang kwa legodimong.+ 2  O ne a ba raya a re: “Fa go nna maitseboa lwa re, ‘Kamoso go tla bo go se na maru, ka gonne loapi lo bohibidu jwa molelo,’ 3  mme mo mosong lwa re, ‘Gompieno go tla nna tsiditsana e bile pula e tla na, ka gonne loapi lo bohibidu jwa molelo e bile lo letobo.’ Lo itse go tlhalosa kafa loapi lo lebegang ka gone, mme ga lo kgone go tlhalosa ditshupo tsa metlha. 4  Kokomana e e bosula le e e sa ikanyegeng* e nna e batla sesupo, mme ga e kitla e newa sesupo sepe+ ntle le sesupo sa ga Jona.”+ Fa a sena go rialo, o ne a tsamaya a ba tlogela. 5  Jaanong barutwa ba ne ba kgabaganyetsa ka kwa letlhakoreng le lengwe mme ba lebala go tsamaya ba tshotse dinkgwe.+ 6  Jesu o ne a ba raya a re: “Nnang lo butse matlho mme lo ele tlhoko sebediso sa Bafarasai le Basadukae.”+ 7  Ka jalo, ba ne ba buisana ba re: “Ga re a tla le dinkgwe dipe.” 8  E re ka Jesu a itse seno, o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa lo buisana ka kgang ya gore ga lo a tla le dinkgwe, lona ba lo nang le tumelo e potlana? 9  A le jaanong ga lo ise lo tshware ntlha, kgotsa a ga lo gakologelwe dinkgwe tse tlhano tse go neng ga fepiwa banna ba le 5 000 ka tsone le gore lo ne lwa tlatsa dimmanki di le kae?+ 10  Kgotsa dinkgwe di le supa tse go neng ga fepiwa banna ba le 4 000 ka tsone le gore lo ne lwa tlatsa dimmanki tse dikgolo* di le kae?+ 11  Go tla jang go bo lo sa lemoge gore ke ne ke sa bue le lona ka senkgwe? Le fa go ntse jalo, elang tlhoko sebediso sa Bafarasai le Basadukae.”+ 12  Foo ba ne ba tlhaloganya gore o ne a raya gore ba ele tlhoko thuto ya Bafarasai le Basadukae, e seng sebediso sa senkgwe. 13  Fa Jesu a sena go goroga mo kgaolong ya Kaesarea Filipi, o ne a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re Morwa motho ke mang?”+ 14  Ba ne ba re: “Bangwe ba re ke Johane Mokolobetsi,+ ba bangwe ba re ke Elija,+ mme ba bangwe bone ba re ke Jeremia kgotsa mongwe wa baporofeti.” 15  O ne a ba raya a re: “Mme lona lwa re ke mang?” 16  Simone Petere o ne a araba a re: “O Keresete,+ Morwa Modimo yo o tshelang.”+ 17  Jesu o ne a mo raya a re: “Go itumela wena, Simone morwa Jona, ka gonne seno ga o a se senolelwa ke motho,* mme o se senoletswe ke Rre yo o kwa magodimong.+ 18  Gape ke go raya ke re: O Petere,+ mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng leno,+ mme dikgoro tsa Lebitla* ga di kitla di e fenya. 19  Ke tla go naya dilotlolo tsa Bogosi jwa magodimo, mme sepe fela se o tla se bofang mo lefatsheng se tla bo se setse se bofilwe kwa magodimong, e bile sepe fela se o tla se bofololang mo lefatsheng se tla bo se setse se bofolotswe kwa magodimong.” 20  Go tswa foo, o ne a laela barutwa ba gagwe a tiisitse gore ba se ka ba bolelela ope gore ke ene Keresete.+ 21  Go tloga ka nako eo, Jesu o ne a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya Jerusalema mme baeteledipele le baperesiti ba bagolo le bakwadi ba tla mmogisa thata a bo a bolawa, le gore o tla tsosiwa mo letsatsing la boraro.+ 22  Foo Petere o ne a mo tseela kwa thoko a bo a mo kgalemela, a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; dilo tseno ga di kitla di go diragalela.”+ 23  Mme o ne a fularela Petere a bo a mo a raya a re: “Mpota ka fa morago, Satane! O sekgoreletsi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme o akanya dikakanyo tsa batho.”+ 24  Go tswa foo, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso* a bo a ntshala morago a sa kgaotse.+ 25  Gonne ope fela yo o batlang go sireletsa botshelo* jwa gagwe bo tla mo latlhegela, mme ope fela yo o latlhegelwang ke botshelo* jwa gagwe ka gonne e le molatedi wa me o tla boa a bo bona.+ 26  Tota motho o tla boelwa ke eng fa a gapa lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke botshelo* jwa gagwe?+ Kgotsa ke eng se motho a ka se ntshang gore a bone botshelo* jwa gagwe?+ 27  Gonne Morwa motho o tla tla le baengele ba gagwe a le mo kgalalelong e Rraagwe a tla e mo nayang, mme ka nako eo o tla duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe.+ 28  Ammaaruri ke a lo bolelela, go na le bangwe mo go ba ba emeng fano ba ba se kitlang ba swa pele ga ba bona Morwa motho a tla a le mo Bogosing jwa gagwe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “e e dirang boaka.”
^ Kgotsa “dimmanki tsa mofago.”
^ Seger., “ke nama le madi.”
^ Kgotsa “Hadese.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.