Efangele ya ga Mathaio 3:1-17

  • Johane Mokolobetsi o a rera (1-12)

  • Jesu o a kolobediwa (13-17)

3  Moragonyana, Johane+ Mokolobetsi o ne a tla go rera+ mo nageng ya Judea,  o ne a re: “Ikwatlhayeng, ka gonne Bogosi jwa magodimo bo atametse.”+  Tota e bile, ke ene yo moporofeti Isaia+ a neng a bua ka ene fa a ne a re: “Mongwe o* goa a le kwa nageng a re: ‘Baakanyang tsela ya ga Jehofa!* Tlhamalatsang ditsela tsa gagwe.’”+  Jaanong Johane o ne a apara diaparo tsa boboa jwa kamela e bile a ipanta ka lebanta la letlalo mo lothekeng.+ Dijo tsa gagwe e ne e le tsie le tswina ya dinotshe ya naga.+  Foo batho ba Jerusalema le ba Judea yotlhe le ba kgaolo yotlhe e e dikologileng Joredane ba ne ba ya kwa go ene,+  mme o ne a ba kolobetsa* mo Nokeng ya Joredane,+ ba ipolela maleo a bone phatlalatsa.  E rile a bona Bafarasai le Basadukae+ ba le bantsi ba tla kwa lefelong le a kolobetsang mo go lone, o ne a ba raya a re: “Lona bana ba dinoga tse di botlhole,+ ke mang yo o lo tlhagisitseng gore lo tshabe bogale jwa Modimo jo bo tlang?+  Ka jalo, ungwang maungo a a bontshang gore lo a ikwatlhaya.  Lo se ka lwa ithaya lwa re, ‘Rraarona ke Aborahame.’+ Gonne ke a lo bolelela, Modimo a ka kgona go direla Aborahame bana ka maje ano. 10  Selepe se setse se le mo meding ya ditlhare. Foo setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng maungo a a molemo se tshwanetse go remiwa se bo se latlhelwa mo molelong.+ 11  Mme nna, ke lo kolobetsa ka metsi ka gonne lo a ikwatlhaya,+ le fa go ntse jalo, yo o tlang kwa morago ga me o nonofile go mpheta, yo ke sa tshwanelegeng go mo rola ditlhako.*+ Ene yoo o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo+ le ka molelo.+ 12  O tshotse garawe ya gagwe e e olosang, mme o tla phepafatsa seboana sa gagwe ka botlalo, e bile o tla phuthela korong ya gagwe mo mabolokelong, mme mmoko one o tla o ja ka molelo+ o o ka se kang wa timiwa.” 13  Foo Jesu o ne a tswa mo Galalea a ya kwa go Johane kwa Joredane gore Johane a mo kolobetse.+ 14  Le fa go ntse jalo, Johane o ne a leka go mo thibela a re: “Ke wena yo o tshwanetseng go nkolobetsa, jaanong goreng o tla mo go nna?” 15  Jesu o ne a mo araba a re: “O se ka wa nthibela gonne ka tsela eno re tla bo re dira se Modimo a se batlang.” Mme Johane o ne a dumela. 16  Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a tswa mo metsing; mme magodimo a ne a bulega,+ mme o ne a bona moya wa Modimo o fologa jaaka lephoi o bo o tla mo go ene.+ 17  Gape lentswe le ne la tswa kwa magodimong+ le re: “Yono ke Morwaake+ yo o rategang, yo ke mo amogetseng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “Lentswe la mongwe le.”
Kgotsa “ina; thabuetsa.”
Seger., “bompaatšhane.”