Efangele ya ga Mathaio 14:1-36

  • Johane Mokolobetsi o kgaolwa tlhogo (1-12)

  • Jesu o fepa batho ba le 5 000 (13-21)

  • Jesu o tsamaya mo godimo ga metsi (22-33)

  • O fodisa batho kwa Genesareta (34-36)

14  Ka nako eo, Herode yo e leng mmusi wa kgaolo, o ne a utlwa dilo tse Jesu a neng a di dira+ 2  mme o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yono ke Johane Mokolobetsi. O tsositswe mo baswing, mme ke gone ka moo a dirang dikgakgamatso tseno.”+ 3  Herode* o ne a ile a tshwara Johane mme a mmofa a bo a mo tsenya mo kgolegelong ka ntlha ya ga Herodiase. Herodiase o ne a kile a bo a nyetswe ke mogolowe Herode yo o bidiwang Filipo.+ 4  Gonne Johane o ne a ntse a mo raya a re: “Ga o a tshwanela go ka bo o mo nyetse.”+ 5  Le fa gone Herode a ne a batla go bolaya Johane, Herode o ne a boifa boidiidi jwa batho, ka gonne ba ne ba dumela gore Johane ke moporofeti.+ 6  Mme fa go ne go ketekiwa letsatsi la botsalo jwa ga Herode,+ morwadia Herodiase o ne a bina mo moletlong oo mme a itumedisa Herode fela thata+ 7  mo a neng a dira maikano a mo solofetsa gore o tla mo naya sepe fela se a se kopang. 8  Mme e re ka a ne a tlhotlhelediwa ke mmaagwe, o ne a re: “Nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi e le mo sejaneng.”+ 9  Le fa gone Kgosi Herode a ne a hutsafetse, o ne a laela gore a e newe ka ntlha ya maikano a a neng a a dirile fa pele ga baeng ba gagwe.* 10  Ka jalo, o ne a laela gore Johane a kgaolwe tlhogo kwa kgolegelong. 11  Tlhogo ya gagwe e ne ya tlisiwa ka sejana e bo e newa mosetsana yoo, mme ene o ne a e isa kwa go mmaagwe. 12  Moragonyana barutwa ba gagwe ba ne ba tla mme ba tsaya setopo sa gagwe ba bo ba se fitlha; go tswa foo, ba ne ba tla mme ba bolelela Jesu. 13  Fa Jesu a utlwa seno, o ne a tswa koo ka mokoro a ya kwa lefelong le le kwa thoko gore a nne a le nosi. Le fa go ntse jalo, e rile batho ba bantsintsi ba lemoga seno, ba ne ba tswa mo metseng ba mo sala morago ka dinao.+ 14  Fa a tla fa lotshitshing lwa lewatle, o ne a bona batho ba bantsintsi, mme o ne a ba tlhomogela pelo+ a bo a fodisa ba ba lwalang.+ 15  E rile go nna maitseboa, barutwa ba gagwe ba ne ba ya kwa go ene mme ba re: “Lefelo leno le kwa thoko e bile go setse go le maitseboa; laela batho bano gore ba tsamaye mme ba ye kwa metsaneng e e gaufi ba ye go ithekela dijo.”+ 16  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ga ba tlhoke go tsamaya; lona ba neyeng sengwe se ba ka se jang.” 17  Ba ne ba mo raya ba re: “Ga re na sepe fano ntle le dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi fela.” 18  O ne a re: “Di tliseng kwano.” 19  Mme o ne a laela boidiidi joo jwa batho gore ba nne mo bojannyeng. Go tswa foo, o ne a tsaya dinkgwe tseo tse tlhano le ditlhapi tse pedi a bo a leba kwa legodimong a rapela,+ mme fa a sena go ngathoganya dinkgwe tseo, o ne a di naya barutwa, mme barutwa ba ne ba di naya batho. 20  Ka jalo, batho botlhe ba ne ba ja ba bo ba kgora, mme barutwa ba ne ba kokoanya manathwana a a setseng mme a tlala dimmanki di le 12.+ 21  Go ne ga ja banna ba le 5 000 go sa balwe basadi le bana.+ 22  Go tswa foo, ga a ka a senya nako mme o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba palame mokoro mme ba tsamaele kwa pele ga gagwe ba ye kwa letlhakoreng le lengwe la lewatle, fa ene a ntse a phatlalatsa batho.+ 23  Fa a sena go phatlalatsa batho bao, o ne a tlhatlogela kwa thabeng a le nosi a ya go rapela.+ Fa go nna maitseboa, o ne a sa ntse a le koo a le nosi. 24  Mo nakong eno, mokoro o ne o le bokgakala jwa dimetara di le makgolokgolo* go tswa fa lefatsheng, o phailakwa ke makhubu ka gonne o ne o lebagane le phefo. 25  Mme mo e ka nnang nako nngwe magareng ga 3:00 le 6:00 mo mosong* o ne a ya kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metsi. 26  E rile barutwa ba mmona a tsamaya mo godimo ga metsi, ba ne ba boifa, ba re: “Ke sedimo!” Mme ba ne ba goela kwa godimo ba tshogile. 27  Ka yone nako eo, Jesu o ne a bua le bone a re: “Nnang pelokgale! Ke nna; lo se ka lwa tshoga.”+ 28  Petere o ne a mo araba a re: “Morena, fa e le gore ke wena, ntaele gore ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metsi.” 29  O ne a re: “Tlaya!” Foo Petere o ne a tswa mo mokorong mme a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go Jesu. 30  Le fa go ntse jalo, e rile a leba phefo ya matsubutsubu, o ne a boifa. Mme fa a simolola go nwela, o ne a goa a re: “Morena, mpoloke!” 31  Ka yone nako eo, Jesu o ne a otlolola seatla sa gagwe a bo a mo tshwara mme a mo raya a re: “Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o nna le dipelaelo?”+ 32  Fa ba sena go palama mokoro, phefo ya matsubutsubu e ne ya kgaotsa. 33  Foo ba ba mo mokorong ba ne ba obama* fa pele ga gagwe, ba re: “Ruri o Morwa Modimo.” 34  Mme ba ne ba kgabaganya ba tla mo lefatsheng mo Genesareta.+ 35  Fa batho ba lefelo leo ba mo lemoga, ba ne ba romela molaetsa mo mafelong a a gaufi wa gore Jesu o tlile, mme batho ba ne ba tlisa botlhe ba ba lwalang kwa go ene. 36  Ba ne ba mo kopa gore balwetse bao ba kgome fela karolo e e kwa tlase ya seaparo sa gagwe sa ka fa ntle,+ mme botlhe ba ba neng ba e kgoma ba ne ba fola.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Go tewa Herode Antipase. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “ba ba ntseng ka go sekama fa tafoleng le ene.”
^ Seger., “ditadiamo di le dintsi.” Setadiamo se lekana le 185 m.
^ Seger., “Mme ka nako ya bonê ya go lebelela ya bosigo.”
^ Kgotsa “ikoba.”