Efangele ya ga Mathaio 25:1-46

  • SESUPO SA GORE KERESETE O GONE (1-46)

    • Setshwantsho sa makgarebane a a lesome (1-13)

    • Setshwantsho sa ditalenta (14-30)

    • Dinku le dipodi (31-46)

25  “Ka jalo, Bogosi jwa magodimo bo ka tshwantshiwa le makgarebane a le lesome a a neng a tsaya dipone tsa one+ mme a tswa a ya go kgatlhantsha monyadi.+  A le matlhano a ne a le dieleele, mme a le matlhano a ne a le botlhale.*+  A a dieleele a ne a tsaya dipone mme a sa tsaya leokwane,  mme a a botlhale one a ne a tsaya dipone tsa one le leokwane le lengwe ka mabotlolo.  E re ka monyadi a ne a diega, makgarebane ano otlhe a ne a otsela a bo a robala.  Bosigogare batho ba ne ba goeletsa ba re: ‘Monyadi ke yoo! Tswang lo ye go mo kgatlhantsha.’  Foo makgarebane ao otlhe a ne a tsoga mme a baakanya dipone tsa one.+  A a dieleele a ne a raya a a botlhale a re, ‘Re tsheleleng leokwane ka gonne dipone tsa rona di tloga di tima.’  A a botlhale a ne a araba a re: ‘Gongwe le ka se re lekane rotlhe. Bogolo yang kwa go ba ba rekisang leokwane mme lo ithekele.’ 10  Fa ba sa ntse ba ile go le reka, monyadi o ne a goroga. Makgarebane a a neng a ipaakantse a ne a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo,+ mme kgoro ya tswalwa. 11  Morago ga moo, makgarebane a mangwe le one a ne a tla a bo a re, ‘Rra, Rra, re bulele!’+ 12  Monyadi o ne a re, ‘Tota nna ga ke lo itse.’ 13  “Ka jalo, nnang lo disitse,+ ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le nako.+ 14  “Mo godimo ga moo, Bogosi jwa magodimo bo ka tshwantshiwa le monna yo o tlogang a tsaya loeto a ya kwa nageng e e kgakala yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe a bo a ba naya dilo tsa gagwe.+ 15  O ne a naya yo mongwe ditalenta* di le tlhano, yo mongwe di le pedi, mme yo mongwe e le nngwe. O ne a naya mongwe le mongwe go ya ka bokgoni jwa gagwe a bo a ya kwa nageng e e kgakala. 16  Ka bonako fela, yo o neng a amogetse ditalenta di le tlhano o ne a tsamaya a bo a dira kgwebo ka tsone mme a bona ditalenta tse dingwe tse tlhano. 17  Ka tsela e e tshwanang, yo o neng a amogetse di le pedi o ne a bona tse dingwe tse pedi. 18  Mme motlhanka yo o neng a amogetse e le nngwe fela o ne a tsamaya a bo a epela madi* a mong wa gagwe mo mmung. 19  “Morago ga nako e telele, mong wa batlhanka bao o ne a tla go tsaya madi a gagwe.+ 20  Ka jalo, motlhanka yo o neng a amogetse ditalenta di le tlhano o ne a tla a tshotse ditalenta tse dingwe tse tlhano, a bo a re, ‘Mong wa me, o ne wa nnaya ditalenta di le tlhano; jaanong ke bone ditalenta tse dingwe tse tlhano.’+ 21  Mong wa gagwe o ne a mo raya a re: ‘O berekile, o motlhanka yo o molemo e bile o a ikanyega! O ne wa ikanyega mo dilong di le mmalwa. Ke tla go tlhoma gore o tlhokomele dilo di le dintsi.+ Itumele le mong wa gago.’+ 22  Morago ga moo, yo o neng a amogetse ditalenta tse pedi o ne a tla mme a re, ‘Mong wa me, o ne wa nnaya ditalenta di le pedi; jaanong ke bone ditalenta tse dingwe tse pedi.’+ 23  Mong wa gagwe o ne a mo raya a re: ‘O berekile, o motlhanka yo o molemo e bile o a ikanyega! O ne wa ikanyega mo dilong di le mmalwa. Ke tla go tlhoma gore o tlhokomele dilo di le dintsi. Itumele le mong wa gago.’ 24  “La bofelo motlhanka yo o neng a amogetse talenta e le nngwe o ne a tla a bo a re: ‘Mong wa me, ke ne ke itse gore o motho yo o bogale, ka gonne o roba kwa o sa jalang gone e bile o phutha dijalo tse o sa di berekelang.+ 25  Ka jalo, ke ne ka tshoga mme ka ya go fitlha talenta ya gago mo mmung. Jaanong tsaya se e leng sa gago.’ 26  Mong wa gagwe o ne a mo raya a re: ‘Motlhanka ke wena yo o bosula le yo o setshwakga, gakere o ne o itse gore ke roba kwa ke sa jalang gone e bile ke phutha dijalo tse ke sa di berekelang? 27  Mme gone, o ka bo o ne o isitse madi a me kwa bathong ba ba bolokang madi,* mme fa ke goroga ke ne ke tla a amogela a na le morokotso. 28  “‘Ka jalo, tsayang talenta e e mo go ene mme lo e neye yo o nang le ditalenta di le lesome.+ 29  Ka gonne mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng mme o tla nna le mo gontsi. Mme yo o se nang sepe, tota le se a nang le sone se tla tsewa mo go ene.+ 30  Mme latlhelang motlhanka yono yo o se nang mosola kwa ntle kwa lefifing. Fa a le koo o tla bokolela a bo a phuranya meno a gagwe.’ 31  “Fa Morwa motho+ a tla a na le taolo e kgolo, mme baengele botlhe ba na le ene,+ ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. 32  Ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. 33  Mme o tla baya dinku+ ka fa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi ka fa molemeng wa gagwe.+ 34  “Go tswa foo, Kgosi e tla raya ba ba ka fa mojeng wa yone e re: ‘Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang Bogosi jo lo bo baakanyeditsweng fa e sa le batho ba bopiwa.* 35  Gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka tshwarwa ke lenyora mme lwa ntshiela metsi. Ke ne ke le motswakwa mme lwa nkamogela sentle;+ 36  ke ne ke sa apara,* mme lwa nkapesa.+ Ke ne ka lwala mme lwa ntlhokomela. Ke ne ke le kwa kgolegelong mme lwa ya go ntlhola.’+ 37  Foo basiami ba tla mo raya ba re: ‘Morena, re ne ra go bona leng o tshwerwe ke tlala mme ra go fa dijo, kgotsa o tshwerwe ke lenyora mme ra go siela metsi?+ 38  Re ne ra go bona leng o le motswakwa mme ra go amogela sentle, kgotsa o sa apara mme ra go apesa? 39  Re ne ra go bona leng o lwala kgotsa o le kwa kgolegelong mme ra ya go go tlhola?’ 40  Kgosi e tla ba raya e re, ‘Ammaaruri ke a lo bolelela, dilo tsotlhe tse lo neng lwa di direla yo mmotlana thata mo go bomorwarre bano, lo ne lwa di direla nna.’+ 41  “Go tswa foo, e tla raya ba ba ka fa molemeng wa yone e re: ‘Tswang fa go nna.+ Modimo o lo atlhotse. Yang kwa molelong o o sa khutleng+ o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe.+ 42  Ka gonne ke ne ka tshwarwa ke tlala, mme lwa se ka lwa mpha dijo, ke ne ka tshwarwa ke lenyora, mme lwa se ka lwa ntshiela metsi. 43  Ke ne ke le motswakwa, mme lwa se ka lwa nkamogela sentle; ke ne ke sa apara, mme lwa se ka lwa nkapesa; ke ne ke lwala e bile ke le kwa kgolegelong, mme lwa se ka lwa ntlhokomela.’ 44  Foo le bone ba tla mo raya ba re: ‘Morena, re ne ra go bona leng o tshwerwe ke tlala kgotsa o tshwerwe ke lenyora kgotsa o le motswakwa kgotsa o sa apara kgotsa o lwala kgotsa o le kwa kgolegelong mme ra se ka ra go thusa?’ 45  Mme o tla ba raya a re: ‘Ammaaruri ke a lo bolelela, dilo tsotlhe tse lo neng lwa se ka lwa di direla yo mmotlana thata mo go bomorwarre bano, lo ne lwa se ka lwa di direla nna.’+ 46  Mme bano ba tla fedisiwa,*+ mme basiami ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kelotlhoko.”
Talenta ya kwa Gerika e ne e lekana le 20,4 kg. Bona Dintlha B14.
Seger., “selefera.”
Seger., “selefera.”
Go tewa pele ga Adame le Efa ba nna le bana.
Kgotsa “ke sa apara diaparo tse di lekaneng.”
Seger., “ba tla kgaolwa ka bosakhutleng.”