Efangele ya ga Mathaio 17:1-27

  • Tsela e Jesu a lebegang ka yone e a fetoga (1-13)

  • Tumelo e e tshwanang le tlhaka ya mosetara (14-21)

  • Jesu o bolelela pele loso lwa gagwe gape (22, 23)

  • Lekgetho le duelwa ka ledi le le tswang mo molomong wa tlhapi (24-27)

17  Morago ga malatsi a le marataro, Jesu o ne a tsaya Petere le Jakobe le Johane mme a tlhatlogela le bone kwa thabeng e e kwa godimo ba le bosi fela.+ 2  Mme tsela e a lebegang ka yone e ne ya fetoga ba ntse ba mo lebile; sefatlhego sa gagwe se ne sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle di ne tsa tsabakela* jaaka lesedi.+ 3  Mme gape ba ne ba bona Moshe le Elija ba tlotla le Jesu. 4  Foo Petere o ne a raya Jesu a re: “Morena, re itumelela go bo re le fano. Fa o rata, ke tla tlhoma ditente di le tharo fano, e nngwe e le ya gago, e nngwe e le ya ga Moshe mme e nngwe e le ya ga Elija.” 5  E rile a sa ntse a bua, leru le le phatsimang le ne la ba okama, mme lentswe le ne la tswa mo lerung leo le re: “Yono ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo amogetseng.+ Mo reetseng.”+ 6  Fa barutwa ba utlwa seno, ba ne ba khubama ba bo ba ikoba mme ba tshoga fela thata. 7  Foo Jesu o ne a atamela kwa go bone a ba tshwara a bo a re: “Emang. Lo se ka lwa tshoga.” 8  E rile ba tsholetsa matlho, ba ne ba bona Jesu a le nosi fela. 9  Fa ba ntse ba fologa thaba, Jesu o ne a ba laela a re: “Lo se ka lwa bolelela ope ponatshegelo eno go fitlha Morwa motho a tsosiwa mo baswing.”+ 10  Le fa go ntse jalo, barutwa ba ne ba mmotsa ba re: “Jaanong ke ka ntlha yang fa bakwadi ba re Elija o tshwanetse go tla pele?”+ 11  O ne a ba araba a re: “Eleruri Elija o etla e bile o tla tsosolosa dilo tsotlhe.+ 12  Le fa go ntse jalo, ke lo raya ke re Elija o setse a tlile, mme ba ne ba se ka ba mo lemoga e bile ba ne ba dira sepe fela se ba neng ba se batla ka ene.+ Ka tsela e e tshwanang, ba tlile go bogisa le Morwa motho.”+ 13  Foo barutwa ba ne ba lemoga gore o ne a bua ka Johane Mokolobetsi. 14  E rile ba tla kwa boidiiding jwa batho,+ monna mongwe o ne a mo atamela, a khubama fa pele ga gagwe a bo a re: 15  “Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gonne o na le bolwetse jwa go wa e bile o lwala thata. Gantsi o wela mo molelong le mo metsing.+ 16  Ke ne ka mo tlisa mo barutweng ba gago, mme ga ba a ka ba kgona go mo fodisa.” 17  Jesu o ne a araba a re: “Lona kokomana e e se nang tumelo le e e sokameng,+ ke tla tswelela ke na le lona go fitlha leng? Ke tla lo itshokela go fitlha leng? Mo tliseng kwano.” 18  Go tswa foo, Jesu o ne a kgalema ledimona, mme le ne la tswa mo mosimaneng yoo, mme o ne a fola ka yone nako eo.+ 19  Morago ga moo, barutwa ba ne ba tla mo go Jesu kwa thoko ba bo ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go le leleka?” 20  O ne a ba raya a re: “Ke ka ntlha ya gore lo na le tumelo e potlana. Gonne ammaaruri ke a lo bolelela, fa lo na le tumelo e e lekanang le tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Tswa fano o ye fale,’ mme e tla tswa, e bile lo tla kgona go dira sengwe le sengwe.”+ 21  *—— 22  Fa ba ntse ba le mmogo kwa Galalea Jesu o ne a ba raya a re: “Morwa motho o tlile go rekisiwa* a bo a tsenngwa mo diatleng tsa baba ba gagwe,+ 23  mme ba tla mmolaya, le fa go ntse jalo, o tla tsosiwa mo letsatsing la boraro.”+ Mme ba ne ba hutsafala fela thata. 24  Fa ba sena go goroga kwa Kaperenama banna ba ba phuthang lekgetho la diderakema* tse pedi ba ne ba tla kwa go Petere mme ba re: “A moruti wa lona o duela lekgetho la diderakema tse pedi?”+ 25  O ne a re: “Ee.” Le fa go ntse jalo, e rile fela fa a tsena mo ntlong Jesu a mo raya a re: “O akanyang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela makgetho a a farologaneng mo go bomang? Mo go bomorwaatsone kgotsa mo bathong ba sele?” 26  E rile a re: “Mo bathong ba sele,” Jesu o ne a mo raya a re: “Fa e le gore go ntse jalo, bomorwaatsone ga ba tlhoke go ntsha lekgetho. 27  Mme gore re se ka ra ba kgopisa,+ ya kwa lewatleng, o latlhele huku ya ditlhapi o bo o tsaya tlhapi ya ntlha e e tswang, mme fa o bula molomo wa yone o tla fitlhela ledi la tshipi la selefera.* O le tseye o bo o le ba naya o duelele nna le wena.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “di ne tsa nna ditshweu.”
Kgotsa “okiwa.”
Seger., “ledi la tshipi la setatera,” go tsewa gore ke teteraderakema. Bona Dintlha B14.