Efangele ya ga Mathaio 21:1-46

  • Jesu o tsena jaaka kgosi (1-11)

  • Jesu o phepafatsa tempele (12-17)

  • Setlhare sa mofeige se a hutsiwa (18-22)

  • Ba botsa Jesu gore o tsaya kae tetla (23-27)

  • Setshwantsho sa barwa ba babedi (28-32)

  • Setshwantsho sa balemi ba e leng babolai (33-46)

    • Leje le legolo la sekhutlo le a ganwa (42)

21  E rile ba le gaufi le Jerusalema, ba ne ba ema kwa Bethefage kwa Thabeng ya Lotlhware, mme Jesu o ne a roma barutwa ba babedi,+  a ba raya a re: “Yang kwa motsaneng o lo o bonang ole, mme lo tla fitlhela tonki e golegilwe e na le tonkana ya yone. Lo di golole mme lo di tlise mo go nna.  Fa mongwe a lo raya sengwe, lo mo reye lo re, ‘Morena o a di tlhoka.’ Foo ka yone nako eo, o tla lo tlogela lo di tsaya.”  Tota seno se ne sa diragala e le go diragatsa se se neng sa buiwa ke moporofeti mongwe fa a ne a re:  “Bolelelang morwadia Siona lo re: ‘Kgosi ya gago e tla kwa go wena,+ e le bonolo+ e bile e palame tonki, e palame tonkana, ngwana wa tonki e namagadi.’”+  Ka jalo, barutwa ba ne ba tsamaya mme ba dira fela jaaka Jesu a ne a ba laetse.+  Ba ne ba tlisa tonki le tonkana ya yone ba bo ba ala diaparo tsa bone mo go tsone, mme o ne a nna mo godimo ga tsone.+  Bontsi jwa batho ba ne ba ala diaparo tsa bone mo tseleng,+ mme ba bangwe ba ne ba kgaola dikala tsa ditlhare ba bo ba di ala mo tseleng.  Mo godimo ga moo, batho ba bantsintsi ba ba neng ba tsamaya kwa pele ga gagwe le kwa morago ga gagwe ba ne ba nna ba goa ba re: “Boloka Morwa Dafide,+ re a rapela! A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa!* Mmoloke,+ re a rapela, wena yo o kwa magodimong!”+ 10  Mme e rile a tsena mo Jerusalema, batho botlhe mo motseng ba ne ba tsosa modumo o mogolo, ba re: “Yono ke mang?” 11  Batho ba ba neng ba na le ene ba nna ba re: “Ke moporofeti Jesu,+ yo o tswang kwa Nasaretha wa Galalea!” 12  Jesu o ne a tsena mo tempeleng a bo a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, e bile o ne a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi* le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi.+ 13  O ne a ba raya a re: “Go kwadilwe go twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo,’+ mme lona lo e dira logaga lwa dinokwane.”+ 14  Gape, batho ba ba foufetseng le ba ba tlhotsang ba ne ba tla kwa go ene mo tempeleng, mme a ba fodisa. 15  Fa baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dikgakgamatso tse a neng a di dira le basimane ba ba neng ba goa mo tempeleng ba re, “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!”+ ba ne ba galefa+ 16  mme ba mo raya ba re: “A o utlwa se basimane bano ba se buang?” Jesu o ne a ba raya a re: “Ee. A ga lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O itliseditse pako ka mafoko a a tswang mo melomong ya bana le masea’?”+ 17  Go tswa foo, o ne a tswa mo motseng a ya kwa Bethani a bo a lala koo.+ 18  Fa a boela kwa motseng phakela, o ne a tshwarwa ke tlala.+ 19  O ne a bona setlhare sa mofeige gaufi le tsela a bo a ya kwa go sone, mme o ne a fitlhela go se na sepe mo go sone fa e se matlhare fela,+ a bo a se raya a re: “A go se tlhole go tswa leungo lepe mo go wena.”+ Mme setlhare sa mofeige sa swaba ka ponyo ya leitlho. 20  Fa barutwa ba bona seno ba ne ba gakgamala mme ba re: “Go tla jang gore setlhare sa mofeige se swabe ka ponyo ya leitlho?”+ 21  Jesu o ne a ba araba a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, fa lo na le tumelo e bile lo sa belaele, ga lo kitla lo dira fela se ke se dirileng setlhare seno sa mofeige, mme le fa lo ka raya thaba eno lo re, ‘Tsholetsega mme o itigele mo lewatleng,’ go tla nna jalo.+ 22  Mme dilo tsotlhe tse lo di kopang fa lo rapela lo na le tumelo, lo tla di newa.”+ 23  Fa a sena go tsena mo tempeleng, baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba ne ba tla kwa go ene fa a ntse a ruta mme ba re: “A o na le tetla ya go dira dilo tseno? Mme ke mang yo o go romileng gore o di dire?”+ 24  Jesu o ne a ba raya a re: “Le nna ke tla lo botsa selo se le sengwe. Fa lo ka nkaraba, le nna ke tla lo bolelela gore ke tsaya kae tetla ya go dira dilo tseno: 25  Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa go mang? A e ne e tswa kwa Modimong* kgotsa mo bathong?” Ba ne ba simolola go buisana ba re: “Fa re ka re, ‘E ne e tswa kwa Modimong,’ o tla re raya a re, ‘Jaanong ke ka ntlha yang fa lo ne lo sa mo dumele?’+ 26  Mme fa re ka re, ‘E ne e tswa mo bathong,’ re tshaba gore batho ba tla galefa, ka gonne botlhe ba dumela gore Johane ke moporofeti.” 27  Ka jalo, ba ne ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Le ene o ne a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke tsaya kae tetla ya go dira dilo tseno. 28  “Lo akanyang? Monna mongwe o ne a na le bana ba babedi. O ne a ya kwa go wa ntlha a bo a mo raya a re, ‘Ngwanaka, tsamaya o ye go bereka kwa tshimong ya morara* gompieno.’ 29  Ngwana yoo o ne a re, ‘Ke a gana,’ mme morago o ne a ikwatlhaya a bo a tsamaya. 30  O ne a ya kwa go wa bobedi mme a mmolelela se se tshwanang. Yono o ne a re, ‘Ke tla dira jalo Rra,’ le fa go ntse jalo o ne a se ka a tsamaya. 31  Ke ofe mo go ba babedi bano yo o neng a dira thato ya ga rraagwe?” Ba re: “Wa ntlha.” Jesu o ne a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, bakgethisi le bagwebakammele ba tla tsena pele ga lona mo Bogosing Jwa Modimo. 32  Gonne Johane o ne a tla kwa go lona mme a lo bontsha tsela e e siameng,* mme lo ne lwa se ka lwa mo dumela. Le fa go ntse jalo, bakgethisi le bagwebakammele ba ne ba mo dumela,+ mme le fa lo ne lo bona seno, ga lo a ka lwa ikwatlhaya e bile ga lo a ka lwa mo dumela. 33  “Utlwang setshwantsho se sengwe: Go ne go na le monna mongwe yo o neng a na le tshimo ya morara+ a bo a aga lobota go e dikologa. O ne a epa khuti gore a tle a dire segatisetso sa beine a bo a aga tora;+ go tswa foo, o ne a e hirisetsa balemi a bo a tsaya loeto a ya kwa nageng e e kgakala.+ 34  Fa paka ya maungo e fitlha, o ne a roma batlhanka ba gagwe kwa baleming bao gore ba ye go tsaya maungo a gagwe. 35  Le fa go ntse jalo, balemi ba ne ba tsaya batlhanka ba gagwe, yo mongwe ba mo itaya, yo mongwe ba mmolaya mme yo mongwe ba mo kgobotletsa ka maje.+ 36  O ne a roma batlhanka ba bangwe gape, ba ba fetang ba ntlha, le bano ba ne ba ba dira se se tshwanang.+ 37  La bofelo o ne a roma morwawe kwa go bone ka gonne o ne a ithaya a re, ‘Ba tla tlotla morwaake.’ 38  Fa balemi bao ba bona morwawe, ba ne ba raana ba re, ‘Yono ke moruaboswa.+ Tlang, a re mmolayeng mme re tseye boswa jwa gagwe!’ 39  Ka jalo, ba ne ba mo tshwara, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo ya morara ba bo ba mmolaya.+ 40  Jaanong, fa mong wa tshimo ya morara a tla, o tla dira eng ka balemi bao?” 41  Ba ne ba mo raya ba re: “E re ka ba le bosula, o tla ba bolaya* a bo a hirisetsa balemi ba bangwe tshimo ya morara, ba ba tla mo nayang maungo fa e nna paka ya one.” 42  Jesu o ne a ba raya a re: “A lo ne lo ise lo ke lo bale mo Dikwalong fa go tweng, ‘Leje le baagi ba neng ba le gana, jaanong le fetogile leje le legolo la sekhutlo.*+ Leje leno le tswa kwa go Jehofa,* mme le a kgatlha’?+ 43  Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, Bogosi Jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona mme bo tla newa batho ba ba dirang thato ya Modimo.* 44  Gape, motho yo o welang mo lejeng leno o tla thubagana.+ Mme ope fela yo le welang mo go ene, le tla mo sila.”+ 45  E rile baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba utlwa ditshwantsho tsa gagwe, ba lemoga gore o ne a bua ka bone.+ 46  Le fa gone ba ne ba batla go mo tshwara, ba ne ba tshaba batho, ka gonne batho bao ba ne ba dumela gore ke moporofeti.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa batho ba ba tšhentšhang madi ba batla morokotso.
Seger., “kwa legodimong.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seger., “ka tsela ya tshiamo.”
Kgotsa “o tla ba tlisetsa tshenyo e e bosula.”
Seger., “tlhogo ya sekhutlo.”
Kgotsa “ba ba ungwang maungo a jone.”