Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 22:1-21

  • Noka ya metsi a a nayang botshelo (1-5)

  • Konelo (6-21)

    • ‘Tlang! tsayang metsi a a nayang botshelo mahala’ (17)

    • “Tla, Morena Jesu” (20)

22  Mme o ne a mpontsha noka ya metsi a a nayang botshelo,+ e galalela e bile e phatsima, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana+ 2  e tsamaya mo gare ga tsela e kgolo ya motse. Mo matlhakoreng a mabedi a noka eo go ne go na le ditlhare tsa botshelo tse di ungwang maungo a mefuta e le 12, di ungwa maungo a tsone kgwedi le kgwedi. Mme matlhare a ditlhare tseo e ne e le a go fodisa ditšhaba.+ 3  Mme ga go kitla go tlhola go nna le phutso epe. Setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana+ se tla nna mo motseng oo, e bile batlhanka ba Modimo ba tla mo direla tirelo e e boitshepo; 4  mme ba tla bona sefatlhego sa gagwe,+ e bile leina la gagwe le tla bo le kwadilwe mo diphatleng tsa bone.+ 5  Gape, ga go kitla go tlhola go nna le bosigo,+ e bile ba tla bo ba sa tlhoke lesedi la lobone kgotsa la letsatsi, ka gonne Jehofa* Modimo o tla ba phatsimisetsa lesedi,+ mme ba tla busa e le dikgosi ka bosakhutleng le go ya go ile.+ 6  O ne a nthaya a re: “Mafoko ano a a ikanyega* e bile a boammaaruri;+ eleruri, Jehofa,* Modimo yo o neng a bua a dirisa baporofeti,+ o ile a romela moengele wa gagwe gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla tlogang di diragala. 7  Ke tla ka bonako.+ Go itumela ope fela yo o ikobelang mafoko a boporofeti jwa momeno ono.”+ 8  Nna Johane, ke nna yo ke neng ka utlwa dilo tseno ka bo ka di bona. E rile ke di utlwa e bile ke di bona, ke ne ka khubama fa dinaong tsa moengele yo o neng a ntse a mpontsha dilo tseno gore ke mo obamele. 9  Le fa go ntse jalo, o ne a nthaya a re: “Nnyaa! O se ka wa dira jalo! Le nna ke motlhanka fela jaaka wena le bakaulengwe ba gago ba e leng baporofeti le ba ba ikobelang mafoko a momeno ono. Obamela Modimo.”+ 10  Gape o ne a nthaya a re: “O se ka wa boloka mafoko a boporofeti jwa momeno ono e le sephiri, ka gonne nako e e tlhomilweng e gaufi. 11  A yo o dirang tshiamololo, a tswelele a dira tshiamololo, e bile a yo o nang le boitshwaro jo bo leswe a tswelele a dira dilo tse di leswe; le fa go ntse jalo, a yo o siameng a tswelele a dira se se siameng, e bile a yo o boitshepo a tswelele a le boitshepo. 12  “‘Ke tla ka bonako. Ke tla duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe.+ 13  Ke nna Alefa le Omega,*+ wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo. 14  Go itumela ba ba tlhatswang diaparo tsa bone tse ditelele,+ gore ba tle ba nne le tshwanelo ya go ja maungo a ditlhare tsa botshelo+ le gore ba tle ba kgone go tsena mo motseng ka dikgoro.+ 15  Kwa ntle go na le dintša* le batho ba ba dirisanang le badimo le ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo* le babolai le ba ba obamelang medingwana le mongwe le mongwe yo o ratang maaka e bile a a bua.’+ 16  “‘Nna Jesu, ke ne ka roma moengele wa me gore a lo neye bosupi ka dilo tseno gore diphuthego di solegelwe molemo. Ke nna modi le setlogolwana sa ga Dafide+ le naledi ya moso e e phatsimang.’”+ 17  Mme moya le monyadiwa+ ba nna ba re, “Tla!” mme a ope fela yo o utlwang a re, “Tla!” e bile a ope fela yo o nyorilweng a tle;+ a ope fela yo o batlang a tseye metsi a a nayang botshelo mahala.+ 18  “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a boporofeti jwa momeno ono, ke mo itsise jaana: Fa mongwe a ka oketsa dilo tseno,+ Modimo o tla mo romelela dipetso tse di kwadilweng mo momenong ono;+ 19  mme fa mongwe a ka tlosa sepe fela mo mafokong a momeno wa boporofeti jono, Modimo ga a kitla a mo letla go ja maungo a ditlhare tsa botshelo+ kgotsa go tsena mo motseng o o boitshepo,+ e leng dilo tse go kwadilweng ka tsone mo momenong ono. 20  “Nna yo ke nayang bosupi jwa dilo tseno ka re, ‘Ee, ke tla ka bonako.’”+ Ke ne ka re: “Amen! Tla, Morena Jesu.” 21  E kete bopelonomi jo bogolo* jwa Morena Jesu bo ka nna le ba ba boitshepo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “a ka ikanngwa.”
^ Kgotsa “A le Z.” Alefa ke tlhaka ya ntlha mo dialefabeteng tsa Segerika, Omega yone ke tlhaka ya bofelo.
^ Go tewa ba ba dirang dilo tse di makgapha mo matlhong a Modimo.