Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 6:1-17

  • Kwana o bula dikano tsa ntlha tse thataro (1-17)

    • Mofenyi o palame pitse e tshweu (1, 2)

    • Mopalami wa pitse e e bohibidu jwa molelo o tshwanetse go tlosa kagiso (3, 4)

    • Mopalami wa pitse e ntsho o tshwanetse go tlisa leuba (5, 6)

    • Mopalami wa pitse e tshetlha o bidiwa Loso (7, 8)

    • Ba ba bolailweng ba ka fa tlase ga sebeso (9-11)

    • Thoromo e kgolo ya lefatshe (12-17)

6  Mme fa Kwana+ a bula sekano* sa ntlha mo go tse supa,+ ke ne ka bona setshedi sa ntlha mo ditsheding tse nnê+ e bile ke ne ka se utlwa se bua ka lentswe le le utlwalang jaaka tumo ya maru, se re: “Tla!” 2  Ke ne ka bona pitse e tshweu,+ mme yo o e palameng o ne a tshotse bora. Modimo o ne a mo naya serwalo,+ mme o ne a tsamaya a fenya baba ba gagwe a bo a digela phenyo ya gagwe.+ 3  E rile a bula sekano* sa bobedi, ke ne ka utlwa setshedi sa bobedi+ se re: “Tla!” 4  Mme ke ne ka bona pitse e nngwe e e bohibidu jwa molelo e tla, mme yo o e palameng o ne a newa taolo ya go tlosa kagiso mo lefatsheng gore batho ba bolaane, mme o ne a newa tšhaka e kgolo.+ 5  E rile a bula sekano sa boraro,+ ke ne ka utlwa setshedi sa boraro+ se re: “Tla!” Mme ke ne ka bona pitse e ntsho, mme yo o e palameng o ne a tshotse sekale ka seatla. 6  Mme ke ne ka utlwa lentswe le tswa mo gare ga ditshedi tse nnê le re: “Kilogerama* ya korong ke denario*+ le dikilogerama di le tharo tsa barele* ke denario; mme o se ka wa senya leokwane la motlhware le beine.”+ 7  E rile a bula sekano sa bonê, ke ne ka utlwa lentswe la setshedi sa bonê+ le re: “Tla!” 8  Ke ne ka bona pitse e tshetlha, mme leina la yo o e palameng e ne e le Loso. Lebitla* le ne le mo setse morago le le gaufi thata. Mme di ne tsa newa taolo mo karolong ya bonê* ya lefatshe, gore di bolaye batho ka tšhaka e telele le ka tlhaelo ya dijo+ le ka bolwetse jwa leroborobo le ka dibatana tsa naga tsa lefatshe.+ 9  E rile a bula sekano sa botlhano, ke ne ka bona madi*+ a ba ba bolailweng ka ntlha ya lefoko la Modimo le ka ntlha ya tiro ya go rera e ba neng ba e dira+ a le ka fa tlase ga sebeso.+ 10  Madi a batho bano a ne a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Morena Molaodimogolo yo o boitshepo le yo o boammaaruri,+ o tla tswelela o letile go fitlha leng pele ga o atlhola le go busolosetsa madi a rona mo go ba ba nnang mo lefatsheng?”+ 11  Mme mongwe le mongwe wa bone o ne a newa seaparo se setelele se sesweu,+ mme ba ne ba bolelelwa gore ba ikhutse ka lobakanyana go fitlha palo ya batlhankammogo le bone le bomorwarraabone e felela; le bone ba tloga ba bolawa fela jaaka bano ba bolailwe.+ 12  E rile a bula sekano sa borataro, ke ne ka bona thoromo e kgolo ya lefatshe; mme letsatsi le ne la nna lentsho jaaka letsela le lentsho,* mme ngwedi e ne ya nna khibidu jaaka madi,+ 13  le dinaledi tsa legodimo di ne tsa wela mo lefatsheng jaaka fa setlhare sa mofeige se se tshikhinngwang ke phefo e e maatla se tlhotlhora difeige tsa sone tse di sa butswang. 14  Legodimo le ne la menwa jaaka momeno le bo le nyelela,+ mme thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe di ne tsa tlosiwa mo lefelong la tsone.+ 15  Foo dikgosi tsa lefatshe, balaodibagolo, balaodi ba masole, bahumi, ba ba nonofileng, batlhanka botlhe le batho botlhe ba e seng batlhanka ba ne ba iphitlha mo dikgageng le mo gare ga mafika a dithaba.+ 16  Mme ba ne ba nna ba raya dithaba le mafika ba re: “Welang mo godimo ga rona+ lo bo lo re fitlhele sefatlhego sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ le mo bogaleng jwa Kwana,+ 17  ka gonne letsatsi le legolo la bogale jwa gagwe le gorogile,+ mme ke mang yo o ka kgonang go le itshokela?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seger., “Kwatara.” Bona Dintlha B14.
^ Ledi la tshipi la selefera la kwa Roma le le lekanang le tuelo ya modiri ya letsatsi le le lengwe. Bona Dintlha B14.
^ Semela se se tshwanang le korong.
^ Seger., “mo nngwennêng (1/4).”
^ Kgotsa “Hadese.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Go lebega go tewa madi a bone a a ileng a tshololelwa kwa sebesong.
^ Gantsi mofuta ono wa letsela le lentsho o ne o dirwa ka boboa jwa podi.