Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 5:1-14

  • Momeno o o nang le dikano tse supa (1-5)

  • Kwana o tsaya momeno (6-8)

  • Kwana o tshwanelwa ke go bula dikano (9-14)

5  Mme mo seatleng sa moja sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ ke ne ka bona momeno o kwadilwe mo matlhakoreng otlhe,* o tswetswe thata ka dikano* di le supa. 2  Ke ne ka bona moengele yo o nonofileng a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: “Ke mang yo o tshwanelegang go bula momeno ono le go thuba dikano tsa one?” 3  Mme go ne go se na ope kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng kgotsa ka fa tlase ga lefatshe yo o neng a kgona go bula momeno oo kgotsa go o bala. 4  Ke ne ka lela thata ka gonne go ne go se na ope yo o fitlhetsweng a tshwanelega go bula momeno oo kgotsa go o bala. 5  Le fa go ntse jalo, mongwe wa bagolwane o ne a nthaya a re: “Tlogela go lela. Tau ya lotso lwa Juda,+ modi+ wa ga Dafide,+ e fentse,+ ka jalo e tshwanelega go bula momeno ono le dikano tsa one tse supa.” 6  Mme ke ne ka bona kwana+ e eme fa thoko ga setulo sa bogosi le fa gare ga ditshedi tse nnê le bagolwane.+ Go ne go ntse jaaka e kete e tlhabilwe,+ e ne e na le dinaka tse supa le matlho a le supa, mme matlho ao a kaya meya e supa ya Modimo+ e e rometsweng mo lefatsheng lotlhe. 7  Ka yone nako eo, o ne a tla a bo a tsaya momeno oo mo seatleng sa moja sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi.+ 8  E rile a tsaya momeno oo, ditshedi tse nnê le bagolwane ba ba 24+ ba ne ba khubama fa pele ga Kwana, mme mongwe le mongwe o ne a tshotse harepa e bile ba ne ba tshotse dikotlele tse dinnye tsa gauta tse di neng di tletse maswalo. (Maswalo a kaya dithapelo tsa ba ba boitshepo.)+ 9  Mme ba ne ba opela pina e ntšha+ ba re: “O tshwanelwa ke go tsaya momeno ono o bo o bula dikano tsa one, ka gonne o ne wa tlhabiwa mme ka madi a gago wa rekela Modimo batho+ ba ba tswang mo ditsong tsotlhe, mo dipuong* tsotlhe, mo merafeng yotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe,+ 10  mme o ne wa dira gore ba nne dikgosi+ le baperesiti ba Modimo wa rona,+ mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.”+ 11  Ke ne ka bona baengele ba le bantsi ba dikologile setulo sa bogosi le ditshedi le bagolwane, mme gape ke ne ka utlwa lentswe la bone. Palo ya bone e ne e le dikete di le diketekete,* ba ne ba le dimilione di le makgolokgolo,+ 12  mme ba ne ba bua ka lentswe le le kwa godimo ba re: “Kwana yo o neng a tlhabiwa+ o tshwanelwa ke go amogela maatla le dikhumo le botlhale le nonofo. O tshwanelwa ke gore botlhe ba mo tlotle, ba mo galaletse ba bo ba mmake.”+ 13  Mme ke ne ka utlwa setshedi sengwe le sengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le ka fa tlase ga lefatshe+ le mo lewatleng, le dilo tsotlhe tse di mo go tsone di re: “A botlhe ba bake, ba tlotle+ ba bo ba galaletse Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ le Kwana,+ ba ba nang le maatla ka bosakhutleng le go ya go ile.”+ 14  Ditshedi tse nnê di ne tsa re: “Amen!” mme bagolwane ba ne ba khubama ba bo ba obamela Modimo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seger., “mo teng le ka fa morago.”
^ Bona “Sekano” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “ditemeng.”
^ Seger., “dimiriate tsa dimiriate.”