Daniele 10:1-21

  • Daniele o etelwa ke morongwa yo o tswang kwa Modimong (1-21)

    • Mikaele o thusa moengele (13)

10  Mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Kgosi Kurose+ wa Peresia, Daniele yo o neng a bidiwa Beleteshasare,+ o ne a amogela molaetsa mongwe; molaetsa oo o ne o le boammaaruri, mme o ne o le ka ga ntwa e kgolo. O ile a tlhaloganya molaetsa oo e bile o ile a thusiwa go tlhaloganya se a neng a se bone. 2  Mo metlheng eo, nna Daniele, ke ne ke feditse dibeke di le tharo tse di tletseng ke hutsafetse.+ 3  Ke ne ke sa je dijo dipe tse di monate, ke ne ke sa tsenye nama le fa e le beine mo molomong wa me, e bile ke ne ke sa itshase leokwane lepe mo dibekeng tseo tse tharo tse di tletseng. 4  Mo letsatsing la bo24 la kgwedi ya ntlha, fa ke ne ke le mo lotshitshing lwa noka e kgolo, e leng Tigris,*+ 5  ke ne ka tsholetsa matlho mme ka bona monna mongwe a apere diaparo tsa letsela le le boleta,+ a ikgatlhile mo dinôkeng ka lebanta la gauta ya kwa Ufase. 6  Mmele wa gagwe o ne o tshwana le kerusolete,+ sefatlhego sa gagwe se ne se tshwana le legadima, matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mabogo a gagwe le dinao tsa gagwe di ne di tshwana le kopore e e phatsimisitsweng,+ lentswe la gagwe le ne le le kwa godimo le utlwala jaaka mantswe a batho ba le bantsi. 7  Ke nna fela ke neng ka bona ponatshegelo eo; banna ba ba neng ba na le nna ga ba a ka ba bona ponatshegelo eo.+ Le fa go ntse jalo, ba ne ba welwa ke poifo e kgolo, mme ba ne ba tshaba ba ya go iphitlha. 8  Foo ke ne ka sala ke le nosi, mme fa ke ne ke bona ponatshegelo eo e kgolo, ke ne ka sala ke se na maatla ape e bile sefatlhego sa me se ne sa fetoga thata mme ka felelwa ke nonofo.+ 9  Go tswa foo, ke ne ka utlwa modumo wa gagwe fa a ntse a bua; le fa go ntse jalo fa ke ntse ke mo reeditse a bua, ke ne ka thulamela sefatlhego sa me se lebile fa fatshe.+ 10  Mme seatla se ne sa ntshwara+ se bo se ntshikinya gore ke tsoge. Go tswa foo, ke ne ka tsoga ka khubama ka mangole mme diatla tsa me di le fa fatshe. 11  Morago ga moo, o ne a nthaya a re: “Daniele, wena monna yo o botlhokwa thata,*+ reetsa ka kelotlholo mafoko a ke tlogang ke go bolelela one. Jaanong ema, ka gonne ke romilwe kwa go wena.” Fa a mpolelela mafoko ao, ke ne ka ema ke ntse ke roroma. 12  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “O se ka wa boifa,+ tlhe Daniele. Thapelo ya gago e utlwilwe go tloga fela ka letsatsi la ntlha fa o ne o batla go tlhaloganya dilo tseno le fa o ne o batla go ikokobetsa fa pele ga Modimo wa gago, mme jaanong ke tlile ka ntlha ya thapelo ya gago.+ 13  Mme kgosana+ ya bogosi jwa Peresia e ne ya emelana le nna malatsi a le 21. Le fa go ntse jalo, Mikaele,*+ nngwe ya dikgosana tsa maemo a a kwa godimo,* o ne a tla go nthusa; mme nna ke ne ka sala foo fa thoko ga dikgosi tsa Peresia. 14  Ke tlile go go thusa gore o tlhaloganye se se tla diragalelang batho ba gaeno kwa bokhutlong jwa metlha,+ ka gonne ke ponatshegelo e e ka ga se se tla diragalang mo nakong e e tlang.”+ 15  Jaanong e rile a mpolelela mafoko ano, ke ne ka lebisa sefatlhego sa me fa fatshe mme ka felelwa ke puo. 16  Foo mongwe yo o neng a lebega jaaka monna o ne a kgoma molomo wa me,+ mme ke ne ka bula molomo ke bo ke raya yo o neng a eme fa pele ga me ke re: “Morena wa me, ke a roroma ka ntlha ya ponatshegelo e ke neng ka e bona, e bile ga ke na maatla ape.+ 17  Ka jalo, nna motlhanka wa gago nka bua jang le wena morena wa me?+ Gone jaanong ga ke na maatla ape, e bile ga ke kgone go hema sentle.”+ 18  Mongwe yo o neng a tshwana le monna o ne a ntshwara gape a bo a nnonotsha.+ 19  Go tswa foo, o ne a re: “O se ka wa boifa,+ wena motho yo o botlhokwa thata.*+ E kete o ka nna le kagiso.+ Nonofa o bo o nne le maatla.” Fa a ntse a bua le nna ke ne ka nna le nonofo mme ka re: “Bua morena wa me, ka gonne o nnonotshitse.” 20  Foo o ne a nthaya a re: “A o itse gore ke ka ntlha yang fa ke tlile mo go wena? Jaanong ke boela morago gore ke ye go tlhabana le kgosana ya Peresia.+ Fa ke tsamaya, kgosana ya Gerika e tla tla. 21  Le fa go ntse jalo, ke tla go bolelela dilo tse di kwadilweng mo mekwalong ya boammaaruri. Ga go na ope yo o nkemeng nôkeng ka botlalo mo dilong tseno fa e se Mikaele,+ kgosana ya lona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “Hidekele.”
^ Kgotsa “yo o rategang; yo o tseelwang kwa godimo.”
^ Kgotsa “kgosana ya maemo a ntlha.”
^ Mo go kayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”
^ Kgotsa “yo o rategang; yo o tseelwang kwa godimo.”