Daniele 6:1-28

  • Badiredi ba logela Daniele leano le le bosula (1-9)

  • Daniele o tswelela a rapela (10-15)

  • Daniele o latlhelwa mo khuting e e nang le ditau (16-24)

  • Kgosi Dario o tlotla Modimo wa ga Daniele (25-28)

6  Dario o ne a bona go le molemo gore a tlhome babusi ba dikgaolo ba le 120 gore ba okamele bogosi jwa gagwe jotlhe.+  Ba ne ba okametswe ke badiredibagolo ba le bararo, mme Daniele e ne e le mongwe wa bone;+ babusi ba dikgaolo+ ba ne ba tle ba ise pego kwa go bone gore kgosi e se ka ya latlhegelwa.  Jaanong Daniele o ne a tlhomologile go gaisa badiredibagolo ba bangwe le babusi ba dikgaolo, ka gonne go ne go na le moya o o sa tlwaelegang mo go ene,+ mme kgosi e ne e ikaeletse go mo tlhatlosa maemo gore a okamele bogosi jotlhe.  Ka nako eo, badiredibagolo le babusi ba dikgaolo ba ne ba batla sengwe se ba ka se dirisang go latofatsa Daniele ka dikgang tsa puso,* mme ba ne ba sa kgone go bona lebaka lepe kgotsa sepe se se bosula, ka gonne o ne a ikanyega, a dira sengwe le sengwe se a neng a laelwa go se dira e bile ga go a ka ga fitlhelwa sepe se se bosula mo go ene.  Foo banna bano ba ne ba re: “Ga re kitla re bona sepe se re ka latofatsang Daniele ka sone, ntle le fa re ka mo latofatsa ka sengwe se se amanang le tsela e a obamelang Modimo wa gagwe ka yone.”+  Ka jalo, badiredibagolo bano le babusi ba dikgaolo ba ne ba ya kwa kgosing ba le setlhopha, mme ba mo raya ba re: “Wena kgosi Dario, e kete o ka tshela ka bosakhutleng.  Badiredi botlhe ba puso, baokamedi, babusi ba dikgaolo, badiredibagolo ba puso le balaodi, ba dumalane gore go tlhomiwe molao wa segosi le gore go dirwe thibelo ya gore mo malatsing a le 30 ope fela yo o rapelang modimo mongwe kgotsa motho mongwe ntle le wena kgosi, o tshwanetse go latlhelwa mo khuting e e nang le ditau.+  Jaanong wena kgosi, e kete o ka tlhoma molao wa bo wa o saena,+ gore o se ka wa fetolwa go dumalana le molao wa Bameda le Baperesia o o ka se kang wa dirololwa.”+  Ka jalo, Kgosi Dario o ne a saena molao oo le thibelo eo. 10  Le fa go ntse jalo, fela fa Daniele a sena go itse gore molao o ne o saenilwe, o ne a ya kwa ntlong ya gagwe, e difensetere tsa ntlwana ya yone e e kwa borulelong di neng di bulegetse kwa ntlheng ya Jerusalema.+ Mme o ne a khubama gararo ka letsatsi a rapela e bile a baka Modimo wa gagwe, fela jaaka a ne a dira ka metlha pele ga seno. 11  Ka yone nako eo, banna bao ba ne ba itatlhela* mo ntlong ya ga Daniele mme ba mo fitlhela a rapela e bile a kopa gore Modimo wa gagwe a mo utlwele botlhoko. 12  Ka jalo, ba ne ba ya kwa kgosing ba bo ba e gopotsa jaana ka thibelo ya segosi e e dirilweng: “A ga o a saena thibelo e e tlhalosang gore mo malatsing a le 30 ope fela yo o rapelang modimo mongwe kgotsa motho mongwe ntle le wena kgosi, o tshwanetse go latlhelwa mo khuting e e nang le ditau?” Kgosi e ne ya ba araba ya re: “Kgang eno e boammaaruri go dumalana le molao wa Bameda le Baperesia o o ka se kang wa fetolwa.”+ 13  Ka yone nako eo ba ne ba raya kgosi ba re: “Daniele, mongwe wa batshwarwa ba ba tswang kwa Juda,+ ga a go tlotla wena kgosi, e bile ga a ikobela thibelo e o e saenneng, le fa go ntse jalo, o rapela gararo ka letsatsi.”+ 14  Fela fa kgosi e sena go utlwa seno, e ne ya tshwenyega thata mme ya leka go akanya kafa e ka gololang Daniele ka gone; e ne ya dira sotlhe se e ka se kgonang go fitlha letsatsi le phirima gore e mo golole. 15  La bofelo banna bao ba ne ba ya kwa kgosing e le setlhopha, mme ba ne ba raya kgosi ba re: “Gakologelwa wena kgosi, gore molao wa Bameda le Baperesia ke gore thibelo epe kgotsa molao ope o kgosi e o tlhomang ga o a tshwanela go fetolwa.”+ 16  Ka jalo, kgosi e ne ya ntsha taelo ya gore ba tlise Daniele, mme ba ne ba mo tlisa ba bo ba mo latlhela mo khuting e e nang le ditau.+ Kgosi e ne ya raya Daniele ya re: “Modimo wa gago yo o nnang o mo direla o tla go golola.” 17  Go tswa foo, go ne ga tlisiwa leje le bo le bewa mo kgorong* ya khuti eo, mme kgosi e ne ya le tshwaya ka palamonwana ya yone e e tshwayang le ka palamonwana e e tshwayang ya batlotlegi ba yone, gore go se ka ga fetolwa sepe mo kgannyeng ya ga Daniele. 18  Morago ga moo, kgosi e ne ya ya kwa ntlong ya yone ya segosi. E ne ya fetsa bosigo jotlhe e itima dijo, e bile e gana mofuta ope fela wa boitlosobodutu,* mme e ne ya tlhorega boroko.* 19  Fa lesedi la moso le tlhaga, kgosi e ne ya tsoga e bo e itlhaganelela kwa khuting e e nang le ditau. 20  Fa e ntse e atamela khuti eo, e ne ya goela kwa go Daniele ka lentswe le le hutsafetseng. Kgosi e ne ya botsa Daniele jaana: “Daniele, wena motlhanka wa Modimo yo o tshelang, a Modimo wa gago yo o nnang o mo direla o kgonne go go golola mo ditaung?” 21  Ka yone nako eo, Daniele o ne a raya kgosi a re: “Wena kgosi, e kete o ka tshela ka bosakhutleng. 22  Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe a bo a tswala molomo wa ditau,+ mme ga di a mpolaya,+ ka gonne o ne a bona gore ga ke na molato; e bile ga ke a go direla sepe se se phoso wena kgosi.” 23  Kgosi e ne e itumetse thata, mme e ne ya laela gore Daniele a ntshiwe mo khuting. Fa Daniele a ntshiwa mo khuting eo, o ne a sa gobala gotlhelele, ka gonne o ne a ikantse Modimo wa gagwe.+ 24  Go tswa foo, kgosi e ne ya ntsha taelo ya gore banna ba ba neng ba latofaditse Daniele* ba tlisiwe, mme ba ne ba tlisiwa ba bo ba latlhelwa mo khuting e e nang le ditau, mmogo le bomorwaabone le basadi ba bone. Ditau di ne tsa ba tlhasela mme tsa robaganya marapo otlhe a bone pele ga ba ka fitlha kwa tlase mo khuting eo.+ 25  Morago ga moo, Kgosi Dario o ne a kwalela ditšhaba tsotlhe, merafe yotlhe le batho botlhe ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba ba nnang mo lefatsheng lotlhe a re:+ “E kete lo ka nna le kagiso e ntsi! 26  Ke ntsha taelo ya gore mo kgaolong nngwe le nngwe ya bogosi jwa me, batho ba boife Modimo wa ga Daniele+ ba bo ba mo tlotle, ka gonne ke Modimo yo o tshelang e bile o nnetse ruri. Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo senngwa, le puso* ya gagwe ke ya bosakhutleng.+ 27  O a golola,+ o a boloka e bile o dira ditshupo le dikgakgamatso kwa magodimong le mo lefatsheng,+ ka gonne o golotse Daniele mo maroong a ditau.” 28  Ka jalo, dilo di ne tsa tsamaela Daniele sentle mo bogosing jwa ga Dario+ le mo bogosing jwa ga Kurose wa Moperesia.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seara., “bogosi.”
Kgotsa “gatlhamela.”
Seara., “mo molomong.”
Kgotsa gongwe “ga e a ka ya tlisediwa baopedi bape.”
Seara., “boroko jwa yone bo ne jwa e tlogela.”
Kgotsa “ba ba neng ba sentse Daniele leina.”
Kgotsa “bolaodi.”