Daniele 9:1-27

  • Thapelo ya ga Daniele ya go ipolela maleo (1-19)

    • Jerusalema e tla nna marope dingwaga di le 70 (2)

  • Gabariele o tla mo go Daniele (20-23)

  • Dingwaga di le 70 tsa boporofeti di bolelelwa pele (24-27)

    • Mesia o tla tla morago ga dibeke di le 69 (25)

    • Mesia o tla bolawa (26)

    • Motse le lefelo le le boitshepo di tla senngwa (26)

9  Mo ngwageng wa ntlha wa ga Dario+ morwa Ahasueruse, yo e leng setlogolwana sa Bameda yo o neng a tlhomilwe gore a nne kgosi ya bogosi jwa Bakaladia,+ 2  mo ngwageng wa ntlha wa puso ya gagwe, nna Daniele, fa ke ntse ke bala dibuka* ke ne ka lemoga palo ya dingwaga tse di umakiwang mo mafokong a Jehofa a neng a a bolelela moporofeti Jeremia ka ga gore Jerusalema e ne e tla nna e le marope ka lobaka lo lo kae.+ E ne e le dingwaga di le 70.+ 3  Ka jalo, ke ne ka lebisa sefatlhego sa me kwa go Jehofa, Modimo wa boammaaruri, ke mo kopa ka thapelo, ke itima dijo,+ ke apere letsela la kgetsi e bile ke itshela ka melora. 4  Ke ne ka rapela Jehofa, Modimo wa me mme ka ipolela maleo ka re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa boammaaruri, Wena yo mogolo le yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano e o e dirileng le yo o bontshang ba ba go ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gago+ lorato lo lo sa kgaotseng,+ 5  re leofile, re dirile phoso, re dirile bosula e bile re tlhanogile;+ mme re fapogile ditaelo tsa gago le melao ya gago. 6  Ga re a ka ra reetsa batlhanka ba gago, e leng baporofeti,+ ba ba neng ba bua le dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona, borraaronamogolo le batho botlhe ba lefatshe leno ka leina la gago. 7  Jehofa, wena o siame, mme rona re tlhabilwe ke ditlhong* jaaka go ntse mo letsatsing leno. Batho ba Juda, banni ba Jerusalema le Baiseraele botlhe, ba ba gaufi le ba ba kgakala kwa dinageng tse o ba phatlalaleditseng kwa go tsone ka gonne ba ne ba sa ikanyege mo go wena, le bone ba tlhabilwe ke ditlhong.+ 8  “Ao tlhe Jehofa, rona, dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona le borraaronamogolo re tlhabilwe ke ditlhong,* ka gonne re go leofetse. 9  Jehofa, Modimo wa rona, o kutlwelobotlhoko e bile o a itshwarela,+ ka gonne re go tlhanogetse.+ 10  Ga re a ka ra ikobela lentswe la gago wena Jehofa, Modimo wa rona, ka gonne ga re a latela melao ya gago e o neng wa re e laela o dirisa batlhanka ba gago e leng baporofeti.+ 11  Baiseraele botlhe ba tlodile Molao wa gago e bile ba fapogile ka gonne ga ba a ikobela lentswe la gago, mo o neng wa re tshololela phutso le maikano a o a dirileng a go kwadilweng ka one mo Molaong wa ga Moshe motlhanka wa Modimo wa boammaaruri,+ ka gonne re go leofetse. 12  O diragaditse mafoko a gago a o neng wa a bua ka ga rona+ le ka ga baatlhodi ba rona ba ba neng ba re busa,* ka go re tlisetsa masetlapelo a magolo; ga go ise go ke go nne le masetlapelo a magolo jaana mo lefatsheng lotlhe a a tshwanang le a a neng a wela Jerusalema.+ 13  Re wetswe ke masetlapelo ano otlhe fela jaaka go kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe,+ le fa go ntse jalo, ga re a go kopa gore o re utlwele botlhoko* tlhe Jehofa, Modimo wa rona ka gonne ga re a tlogela maleo a rona+ e bile ga re a bontsha gore re tlhaloganya gore o a ikanyega.* 14  “Ka jalo, o ne wa nna o re lebeletse Jehofa mme wa re tlisetsa masetlapelo, ka gonne wena Jehofa, Modimo wa rona o siame mo dilong tsotlhe tse o di dirileng; le fa go ntse jalo, ga re a ka ra ikobela lentswe la gago.+ 15  “Jaanong Jehofa, Modimo wa rona, wena yo o neng wa ntsha batho ba gago kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla se se nonofileng+ wa bo wa itirela leina go tla go fitlha mo letsatsing leno,+ re leofile e bile re dirile bosula. 16  Ao tlhe Jehofa, go dumalana le ditiro tsotlhe tsa gago tse di siameng,+ tsweetswee, e kete bogale jwa gago le tšhakgalo ya gago di ka fapoga tsa se ka tsa tla mo motseng wa gago wa Jerusalema, e leng thaba ya gago e e boitshepo; gonne Jerusalema le batho ba gago ba kgobiwa ke batho botlhe ba ba re dikologileng+ ka ntlha ya maleo a rona le melato ya borraaronamogolo. 17  Jaanong wena Modimo wa rona, reetsa thapelo ya motlhanka wa gago le dikopo tse a di dirang ka tlhoafalo, mme o dire gore sefatlhego sa gago se phatsimele lefelo le le boitshepo+ le le kgakgabetseng,+ o dire seo ka ntlha ya leina la gago tlhe Jehofa. 18  Sekega tsebe mme o utlwe, wena Modimo wa me! A ko o bule matlho a gago tlhe mme o bone boemo jwa rona jo bo tlhomolang pelo le motse o o ntseng o bidiwa ka leina la gago; gonne ga re go kope ka gonne re dira ditiro tse di siameng, mme re dira jalo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo.+ 19  Ao tlhe Jehofa, re reetse. Re itshwarele tlhe Jehofa.+ Ao tlhe Jehofa, re tlhwaele tsebe mme o re thuse! O se ka wa diega, ka ntlha ya leina la gago, wena Modimo wa me, ka gonne leina la gago le ntse le bidiwa mo motseng wa gago le mo bathong ba gago.”+ 20  E rile ke sa ntse ke bua, ke rapela ke ipolela boleo jwa me e bile ke bolela le maleo a batho ba gaetsho ba Iseraele mme ke kopa gore Jehofa, Modimo wa me a re utlwele botlhoko ka ntlha ya thaba ya gagwe e e boitshepo,+ 21  tota e rile ke sa ntse ke rapela, Gabariele,+ monna yo ke neng ke mmone pelenyana mo ponatshegelong,+ o ne a tla kwa go nna fa ke ne ke lapile thata mo e ka nnang ka nako ya setlhabelo sa mpho sa maitseboa. 22  Mme o ne a nthusa go tlhaloganya a re: “Wena Daniele, jaanong ke tlile go go thusa gore o nne le temogo o bo o tlhaloganye. 23  Fa o ne o simolola go rapela ke ne ka amogela molaetsa, mme jaanong ke tlile go o go bolelela, ka gonne o mongwe yo o botlhokwa thata.*+ Ka jalo, akanyetsa kgang eno mme o tlhaloganye ponatshegelo eo. 24  “Go na le dibeke* di le 70 tse di beetsweng batho ba gaeno le motse wa gaeno o o boitshepo,+ gore go fedisiwe molato, go tlosiwe boleo,+ go itshwarelwe molato,+ go tlisiwe tshiamo e e nnelang ruri,+ go netefadiwe ponatshegelo le boporofeti*+ go bo go tlodiwe lefelo la Boitshepo Jwa Maitshepo. 25  O itse o bo o tlhaloganye gore go simologa ka nako ya fa go ntshiwa taelo ya gore Jerusalema a tsosolosiwe a bo a agiwe sesha+ go fitlha Mesia,*+ yo e leng Moeteledipele+ a goroga, e tla nna dibeke di le 7, le dibeke di le 62.+ O tla tsosolosiwa a bo a agiwa sesha, a diretswe patlelo le mosele, mme e tla bo e le mo metlheng e e thata. 26  “Morago ga dibeke di le 62 Mesia o tla bolawa,*+ a se na sepe se a nang le sone.+ “Mme masole a moeteledipele yo o tlang a tla senya motse le lefelo le le boitshepo.+ Mme bokhutlo jwa teng bo tla nna jaaka e kete ka morwalela. Go tla nna le ntwa go fitlha kwa bokhutlong; Modimo o sweditse ka go re go nne le tshenyego.+ 27  “Mme o tla dira gore kgolagano e nne e le teng gore e thuse ba le bantsi mo bekeng e le nngwe; mme mo halofong ya beke, o tla khutlisa ditlhabelo tsa diphologolo le ditlhabelo tsa mpho.+ “Mme yo o bakang kgakgabalo+ o tla tla a le mo lefukeng la dilo tse di ferosang sebete; tshwetso e Modimo a e dirileng e tla tshololelwa le mo go o o kgakgabetseng go fitlha o fedisiwa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Go tewa dibuka tse di boitshepo.
^ Seheb., “sefatlhego sa rona se tlhabilwe ke ditlhong.”
^ Seheb., “sefatlhego sa rona se tlhabilwe ke ditlhong.”
^ Seheb., “baatlhodi ba rona ba ba neng ba re atlhola.”
^ Kgotsa “ga re a ka ra nolofatsa sefatlhego sa gago.”
^ Seheb., “o boammaaruri.”
^ Kgotsa “yo o rategang; yo o tseelwang kwa godimo.”
^ Seheb., “moporofeti.”
^ Mono beke e le 1 ke dingwaga di le 7.
^ Kgotsa “Motlodiwa.”
^ Seheb., “kgaolwa.”