Daniele 1:1-21

  • Bababelona ba kampa go dikologa Jerusalema (1, 2)

  • Makawana a losika lwa segosi a batshwarwa a newa thuto e e kgethegileng (3-5)

  • Bahebera ba banê ba a lekwa (6-21)

1  Mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Kgosi Jehoiakime+ wa Juda, Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a tla mo Jerusalema a bo a kampa go e dikologa.+ 2  Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a tsenya Kgosi Jehoiakime wa Juda mo seatleng sa Kgosi Nebukadenesare+ mmogo le dilwana dingwe tsa ntlo* ya Modimo wa boammaaruri, mme o ne a di isa kwa nageng ya Shinare*+ kwa ntlong* ya modimo wa gagwe. O ne a baya dilwana tseo mo bobolokelamatlotlong jwa modimo wa gagwe.+ 3  Go tswa foo, kgosi e ne ya laela Ashepenase yo e neng e le mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi gore a tlhophe Baiseraele* bangwe, go akaretsa ba losika lwa segosi le lwa batlotlegi.+ 4  O ne a tshwanetse go tlhopha basha* ba ba se nang bogole bope, ba bantle, ba ba botlhale, ba ba nang le kitso le temogo+ e bile ba ka kgona go direla mo ntlong ya segosi. O ne a tshwanetse go ba ruta mokwalo le puo ya Bakaladia. 5  Mo godimo ga moo, kgosi e ne ya laela gore letsatsi le letsatsi ba newe dijo go tswa mo dijong tsa yone tsa maemo le go tswa mo beineng e e e nwang. Ba ne ba tshwanetse go rutiwa* dingwaga di le tharo, mme fa dingwaga tseo di sena go wela ba ne ba tla direla kgosi. 6  Jaanong mo go bone go ne go na le basha bangwe ba ba tswang mo lotsong lwa* Juda: Daniele,*+ Hanania,* Mishaele* le Asaria.*+ 7  Mme mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi o ne a ba naya maina* a masha; o ne a bitsa Daniele a re ke Beleteshasare,+ a bitsa Hanania a re ke Shaderake, a bitsa Mishaele a re ke Meshake, mme a bitsa Asaria a re ke Abedenego.+ 8  Le fa go ntse jalo, Daniele o ne a ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore ga a kitla a iteswafatsa ka dijo tsa maemo tsa kgosi kgotsa ka beine e kgosi e e nwang. Ka jalo, o ne a kopa mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi tetla ya gore a se ka a iteswafatsa ka dilo tseno. 9  Mme Modimo wa boammaaruri o ne a dira gore mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi a tlhomogele Daniele pelo* a bo a mo utlwele botlhoko.+ 10  Le fa go ntse jalo, mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi o ne a raya Daniele a re: “Ke boifa morena wa me kgosi, yo o laetseng gore lo newe dijo tseno le dinô tseno. O tla reng fa a bona lo bopame lo sa tshwane le basha* ba bangwe ba ba lekanang le lona? Lo tla dira gore ke* nne molato fa pele ga kgosi.” 11  Mme Daniele o ne a raya motlhokomedi yo o neng a tlhomilwe ke mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi gore a tlhokomele Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria a re: 12  “Tsweetswee, leka batlhanka ba gago malatsi a le lesome, mme mma re letlelelwe go ja merogo le go nwa metsi; 13  go tswa foo o bapise tsela e re lebegang ka yone le e basha* ba bangwe ba ba jang dijo tsa maemo tsa kgosi ba lebegang ka yone, mme o dire tshwetso ya gore o tla dira eng ka rona batlhanka ba gago go ya ka se o se bonang.” 14  Ka jalo, o ne a dumalana le se ba neng ba se kopa a bo a ba leka malatsi a le lesome. 15  Fa malatsi a le lesome a wela, ba ne ba le bantle e bile ba itekanetse* go gaisa basha* botlhe ba ba neng ba ja dijo tsa maemo tsa kgosi. 16  Ka jalo, motlhokomedi o ne a tle a tseye dijo tsa bone tsa maemo le beine ya bone a bo a ba naya merogo. 17  Mme Modimo wa boammaaruri o ne a naya basha* bano ba banê kitso le bokgoni jwa go tlhaloganya mekwalo e e farologaneng e bile o ne a ba naya botlhale; Daniele ene o ne a newa bokgoni jwa go tlhaloganya mefuta yotlhe ya diponatshegelo le ditoro.+ 18  Fa nako e kgosi e neng e e tlhomile gore ba tlisiwe kwa go ene e wela,+ mookamedi wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi o ne a ba tlisa fa pele ga ga Nebukadenesare. 19  Fa kgosi e ne e bua le bone, go ne go se na ope mo setlhopheng seo sotlhe yo o neng a tshwana le Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria;+ mme ba ne ba tswelela ba direla kgosi. 20  Fa kgosi e ne e ba botsa ka kgang nngwe le nngwe e e tlhokang botlhale le bokgoni jwa go tlhaloganya, e ne ya fitlhela ba gaisa baperesiti botlhe ba ba dirang maselamose le badiradikgakgamatso+ ba ba mo pusong yotlhe ya gagwe. 21  Mme Daniele o ne a tswelela a nna koo go fitlha ka ngwaga wa ntlha wa ga Kgosi Kurose.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “tempele.”
^ Go tewa Babelonia.
^ Kgotsa “tempele.”
^ Seheb., “bomorwa Iseraele.”
^ Seheb., “bana.”
^ Kgotsa gongwe “go otliwa.”
^ Mo go kayang “Jehofa o Thusitse.”
^ Gongwe go kaya “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”
^ Mo go kayang “Jehofa o Tlhomogile Pelo.”
^ Seheb., “mo go bomorwa.”
^ Mo go kayang “Moatlhodi Wa me Ke Modimo.”
^ Go tewa maina a Sebabelona.
^ Kgotsa “a nne pelonomi mo go Daniele.”
^ Seheb., “tlhogo ya me e.”
^ Seheb., “bana.”
^ Seheb., “bana.”
^ Seheb., “nama ya bone e nonne.”
^ Seheb., “bana.”
^ Seheb., “bana.”