Ekesodo 21:1-36
21 “Tseno ke ditshwetso tsa boatlhodi tse o tshwanetseng go di ba bolelela:+
2 “Fa o reka motlhanka wa Mohebera,+ o tla go direla e le motlhanka dingwaga di le thataro, mme mo ngwageng wa bosupa a a gololwe kwantle ga tuelo.+
3 Fa a tlile a le nosi, o tla tsamaya a le nosi. Fa a na le mosadi, mosadi wa gagwe o tshwanetse go tsamaya le ene.
4 Fa mong wa gagwe a mo naya mosadi, mosadi yoo a bo a mo tsholela bana ba basimane kgotsa ba basetsana, mosadi le bana ba gagwe e tla nna ba mong wa gagwe mme ene o tla tsamaya a le nosi.+
5 Mme fa motlhanka a kopa a tiisitse a re, ‘Ke rata mong wa me, mosadi wa me le bomorwaake; ga ke batle go gololwa,’+
6 mong wa gagwe o tshwanetse go mo tlisa fa pele ga Modimo wa boammaaruri. Go tswa foo, mong wa gagwe o tla mo atametsa fa setswalong kgotsa fa foreiming ya kgoro a bo a mo phunya tsebe ka thoko, mme o tla nna motlhanka wa gagwe botshelo jotlhe jwa gagwe.
7 “Fa monna a rekisa morwadie gore a nne lelata, ga a kitla a gololwa ka tsela e motlhanka a gololwang ka yone.
8 Fa mong wa gagwe a sa mo itumelele e bile a sa mo dire mogadingwana wa gagwe mme a dira gore a rekwe ke mongwe,* ga a kitla a nna le tshwanelo ya go mo rekisetsa batswakwa ka gonne o mo tsieditse.
9 Fa a mo tlhophela morwawe, o tshwanetse go mo naya ditshwanelo tsa ngwana wa mosetsana.
10 Fa a nyala mosadi yo mongwe, dijo, diaparo le tshwanelo ya lenyalo+ ya mosadi wa ntlha ga di a tshwanela go fokodiwa.
11 Fa a ka se ka a direla mosadi yono dilo tseo tse tharo, foo a a tsamaye a gololesegile kwantle ga go duela madi ape.
12 “Ope fela yo o itayang motho gore a bo a swe o tshwanetse go bolawa.+
13 Mme fa a mmolaya ka phoso mme Modimo wa boammaaruri a letla gore seo se direge, ke tla lo tlhomela lefelo le a ka tshabelang kwa go lone.+
14 Fa motho a galefela motho yo mongwe fela thata a bo a mmolaya ka boomo,+ motho yoo o tshwanetse go swa, tota le fa a ka tswa a le mo sebesong sa me.+
15 Yo o itayang rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go bolawa.+
16 “Fa mongwe a tsaya motho ka dikgoka+ a bo a mo rekisa kgotsa a fitlhelwa mo go ene+ o tshwanetse go bolawa.+
17 “Ope fela yo o tlhapatsang* rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go bolawa.+
18 “Fa banna ba omana mme yo mongwe a itaya yo mongwe ka leje kgotsa ka lebole* a bo a sa swe mme a nna mo bolaong jwa gagwe a sa kgone go tsoga, seno ke se se tshwanetseng go direga:
19 Fa a kgona go tsoga a bo a tsamayatsamaya kwa ntle a ikokotlela ka thobane, yo o mo iteileng ga a kitla a otlhaiwa. O tla duelela fela nako e monna yo o gobetseng a e feditseng a sa kgone go ya tirong go fitlha a fola ka botlalo.
20 “Fa motho a itaya motlhanka wa gagwe kgotsa lelata la gagwe ka thobane mme a swela mo seatleng sa gagwe, yo o mo iteileng o tshwanetse go otlhaiwa.+
21 Le fa go ntse jalo, fa a tswelela a tshela letsatsi kgotsa a mabedi, mong wa gagwe ga a a tshwanela go otlhaiwa ka gonne o mo rekile ka madi a gagwe.
22 “Fa banna ba lwa ba bo ba gobatsa mosadi yo o moimana mme a bo a tshola pele ga nako,*+ go bo go sa swe ope,* yo o molato o tshwanetse go duelela dikgobalo tse monna wa mosadi yoo a mo duedisang tsone; mme o tshwanetse go ntsha tuelo eo ka baatlhodi.+
23 Mme fa mongwe a ka swa, foo o tshwanetse go duelela botshelo ka botshelo,*+
24 leitlho ka leitlho, leino ka leino, seatla ka seatla, lonao ka lonao,+
25 go sha ka go sha, ntho ka ntho, titeo ka titeo.
26 “Fa motho a itaya motlhanka wa gagwe mo leitlhong kgotsa lelata la gagwe mo leitlhong a bo a le senya, o tshwanetse go mo golola gore a tsamaye e le go duelela leitlho la gagwe.+
27 Mme fa a kgola leino la motlhanka wa gagwe kgotsa leino la lelata la gagwe, o tshwanetse go mo golola gore a tsamaye e le go duelela leino la gagwe.
28 “Fa poo e tlhaba monna kgotsa mosadi mongwe a bo a swa, poo eo e tshwanetse go kgobotlediwa ka maje gore e swe+ mme nama ya yone ga e a tshwanela go jewa; mme mong wa poo eo ga a kitla a otlhaiwa.
29 Mme fa e le gore poo eo e ne e tlwaetse go tlhaba, mme mong wa yone a ile a tlhagisiwa a bo a sa e tlhokomele e bo e bolaya monna kgotsa mosadi mongwe, poo eo e tshwanetse go kgobotlediwa ka maje, mong wa yone le ene o tshwanetse go bolawa.
30 Fa a laelwa go ntsha thekololo,* o tshwanetse go ntshetsa botshelo* jwa gagwe tlhwatlhwa ya thekololo go ya ka sotlhe se a se laetsweng.
31 Le fa e ka tswa e tlhabile morwa kgotsa morwadi, mong wa poo eo o tshwanetse go direlwa ka fa tshwetsong eno ya boatlhodi.
32 Fa poo eo e tlhabile motlhanka kgotsa lelata, mong wa yone o tla naya mong wa yo o tlhabilweng tlhwatlhwa ya dishekele* di le 30, mme poo eo e tla kgobotlediwa ka maje gore e swe.
33 “Fa motho a khurumolola khuti kgotsa a epa khuti a bo a sa e khurumele, poo kgotsa tonki e bo e wela mo teng ga yone,
34 mong wa khuti eo o tshwanetse go duela.+ O tshwanetse go naya mong wa yone tuelo eo, mme phologolo eo e e suleng e tla nna ya gagwe.
35 Fa poo ya motho mongwe e gobatsa poo ya yo mongwe e bo e swa, ba tshwanetse go rekisa poo e e tshelang ba bo ba kgaogana tlhwatlhwa ya yone e e duetsweng; gape ba tshwanetse go kgaogana phologolo eo e e suleng.
36 Kgotsa fa go ne go itsege gore poo eo e ne e tlwaetse go tlhaba, mme mong wa yone a ne a sa e tlhokomele, o tshwanetse go duela poo ka poo, mme e e suleng e tla nna ya gagwe.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “a rekololwe.”
^ Kgotsa “hutsang.”
^ Kgotsa gongwe “sedirisiwa sengwe.”
^ Seheb., “mme bana ba gagwe ba bo ba tswa.”
^ Kgotsa “go sa nne le kgobalo e e masisi.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “phimolakeledi.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.