Bafilipi 1:1-30

  • Ditumediso (1, 2)

  • Go leboga Modimo; thapelo ya ga Paulo (3-11)

  • Dikgang tse di molemo di a tswelela le fa go na le mathata (12-20)

  • Ke tshelela Keresete mme go botoka thata fa nka swa (21-26)

  • Itshwareng ka tsela e e tshwanelang dikgang tse di molemo (27-30)

1  Nna Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Keresete Jesu, re kwalela botlhe ba ba boitshepo ba ba seoposengwe le Keresete Jesu ba ba mo Filipi,+ mmogo le balebedi le batlhanka ba bodiredi:+  E kete Modimo Rraarona le Morena Jesu Keresete ba ka lo naya bopelonomi jo bogolo* le kagiso.  Ka metlha, ke leboga Modimo fa ke lo gopola.  Nako le nako fa ke rapelela mongwe le mongwe wa lona ka tlhoafalo, ke dira jalo ke itumetse+  ka ntlha ya tiro* ya lona ya go anamisa* dikgang tse di molemo go tloga ka letsatsi la ntlha fa lo ne lo di utlwa go fitlha mo nakong eno.  Ke tshepa gore Modimo o tla wetsa tiro e e molemo e a e simolotseng mo go lona+ mme e tla tswelela go fitlha letsatsi la ga Keresete Jesu le goroga.+  Go siame go bo ke akanya jaana ka lona, ka gonne ke lo rata fela thata e bile nna mmogo le lona re itumelela bopelonomi jo bogolo jwa Modimo. Gape fa ke ntse ke le mo kgolegelong+ lo ne lwa ntshegetsa e bile lo ne lwa femela dikgang tse di molemo lwa bo lwa kopa tetla mo balaoding gore di rerwe.+  Modimo o a itse* gore ke lo tlhologeletswe lotlhe, ka gonne ke lo rata ka tsela e Keresete Jesu a lo ratang ka yone.  Mme ke tswelela ke rapelela gore lorato lwa lona lo gole fela thata,+ le gore kitso ya lona le tsela e lo tlhaloganyang+ dilo ka yone e oketsege. 10  Ke rapelela gore lo lemoge gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife,+ gore lo nne lo se na molato e bile lo sa kgopise ba bangwe+ go ya go fitlha ka letsatsi la ga Keresete. 11  Gape ke rapelela gore ditiro tse di molemo* tse re di dirang re thusiwa ke Jesu Keresete,+ tse di dirang gore Modimo a galalediwe a bo a bakwe, di lo tswele mosola. 12  Bakaulengwe, ke batla gore lo itse gore dilo tse di ntiragaletseng di dirile gore dikgang tse di molemo di aname le go feta. 13  Badisa botlhe ba Mmusimogolo le batho ba bangwe botlhe ba a itse gore ke mo kgolegelong+ ka ntlha ya go bo ke le molatedi wa ga Keresete.+ 14  Jaanong bakaulengwe ba le bantsi ba ba direlang Morena ba kgothaditswe ke go bo ke le mo kgolegelong, e bile ba rera molaetsa wa Modimo ba le pelokgale le go feta ba sa boife. 15  Ke boammaaruri gore ba bangwe ba rera ka ga Keresete ka gonne ba le lefufa e bile ba le mo kgaisanong, mme ba bangwe ba rera ka maikaelelo a a siameng. 16  Ba ba rerang ka maikaelelo a a siameng ba rera ka ga Keresete ka gonne ba mo rata e bile ba a itse gore ke tlhomilwe gore ke femele dikgang tse di molemo.+ 17  Le fa go ntse jalo, ba ba rerang ka gonne ba le lefufa e bile ba le mo kgaisanong ba dira jalo ka ntlha ya manganga, e seng ka maikaelelo a a siameng, gore ba mpakele mathata ke le mo kgolegelong. 18  Seo se feletse ka eng? Ka gore ka tsela nngwe le nngwe go rerwe ka Keresete, e ka tswa e le ka maikaelelo a a siameng kgotsa a a sa siamang. Tota ke itumelela seno e bile ke tla nna ke itumela 19  ka gonne ke a itse gore ke tla bolokwa ka ntlha ya dithapelo tsa lona tse lo di dirang ka tlhoafalo*+ le ka thuso ya moya o o boitshepo o Jesu Keresete a re o nayang.+ 20  Ke tlhatswegile pelo e bile ke na le tsholofelo e nka se kang ka tlhabiwa ke ditlhong ka tsela epe ka ntlha ya yone. Mme e re ka ke bua ke sa tshabe sepe, ke galaletsa Keresete gone jaanong, fela jaaka ke ne ke tle ke dire. Ke* tla mo galaletsa le fa nka tswa ke tshela kgotsa ke sule.+ 21  Mme nna, fa ke tshela ke tshelela Keresete,+ le fa go ntse jalo go ka nna botoka thata fa nka swa.+ 22  Jaanong fa e le gore ke tla tswelela ke tshela mo lefatsheng,* go raya gore ke tla tswelela ke dira go le gontsi mo tirong ya me. Le fa go ntse jalo, ga ke itse gore nka tlhopha eng. 23  Mo dilong tseno tse pedi ga ke itse gore ke tlhophe eng, ka gonne ke eletsa go ya go nna le Keresete,+ e leng selo se se botoka thata.+ 24  Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore ke tswelele ke tshela ka gonne seno se tla lo tswela mosola. 25  Ka lebaka leno, ke a itse gore ke tla tswelela ke na le lona lotlhe gore lo tswelele lo direla Modimo e bile lo itumela ka ntlha ya tumelo ya lona. 26  Fa ke na le lona, tsela e lo tshepang Keresete Jesu ka yone e tla gola le go feta ka ntlha ya me. 27  Itshwareng* ka tsela e e tshwanelang dikgang tse di molemo tse di ka ga Keresete,+ gore le fa ke tla kgotsa ke sa tle, ke utlwe dikgang tse di itumedisang ka lona, gore lo eme lo tiile e bile lo le seoposengwe,*+ ka mogopolo o le mongwe, lo wa lo tsoga mmogo gore lo nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo. 28  Lo se ka lwa tshosiwa ke batho ba ba lo ganetsang. Seno ke sesupo sa gore ba tla senngwa,+ mme lona lo tla bolokwa.+ Sesupo seno se tswa kwa Modimong. 29  Gonne ga lo a ka lwa newa fela tshiamelo ya go dumela mo go Keresete, mme gape lo neilwe le tshiamelo ya go boga ka ntlha ya gagwe.+ 30  Gonne lo kopana le mathata a a tshwanang le a ke neng ka kopana le one,+ le a ke sa ntseng ke kopana le one gone jaanong.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “moneelo.”
Kgotsa “ka ntlha ya go bo lo itsise batho.”
Seger., “ke mosupi wa me wa.”
Kgotsa “maungo a a siameng.”
Kgotsa “ya mekokotlelo ya lona.”
Seger., “Mmele wa me o.”
Seger., “mo nameng.”
Kgotsa “Tswelelang lo le baagi.”
Kgotsa “jaaka motho a le mongwe.”