Duteronome 31:1-30
31 Go tswa foo, Moshe o ne a tswa mme a bua mafoko ano le Iseraele yotlhe,
2 a ba raya a re: “Gompieno ke na le dingwaga di le 120.+ Nka se tlhole ke kgona go lo etelela pele,* ka gonne Jehofa o ntheile a re, ‘Ga o kitla o kgabaganya Joredane eno.’+
3 Jehofa, Modimo wa gago ke ene a kgabaganyang fa pele ga gago e bile ke ene a tla nyeletsang ditšhaba tseno fa pele ga gago mme wena o tla di leleka.+ Joshua ke ene a tla lo etelelang pele gore lo kgabaganye,+ fela jaaka Jehofa a buile.
4 Jehofa o tla ba dira fela jaaka a ile a dira Sihone+ le Oge,+ dikgosi tsa Baamore, le lefatshe la bone fa a ne a ba nyeletsa.+
5 Jehofa o tla ba fenya mo boemong jwa lona, mme lo ba dire go ya ka taelo yotlhe e ke e lo neileng.+
6 Lo nne pelokgale lo bo lo nonofe.+ Lo se ka lwa boifa kgotsa lwa tshoga fa pele ga bone,+ ka gonne Jehofa, Modimo wa lona ke ene a tsamayang le lona. Ga a kitla a lo tlogela kgotsa a lo latlha.”+
7 Go tswa foo, Moshe o ne a bitsa Joshua mme a bua le ene fa pele ga matlho a Iseraele yotlhe a re: “O nne pelokgale o bo o nonofe,+ ka gonne ke wena o tla isang setšhaba seno kwa lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borraabonemogolo gore o tla le ba naya, mme wena o tla le ba naya gore e nne boswa.+
8 Jehofa ke ene a tsamayang fa pele ga gago, mme o tla tswelela a na le wena.+ Ga a kitla a go tlogela kgotsa a go latlha. O se ka wa boifa kgotsa wa tshoga.”+
9 Morago ga moo, Moshe o ne a kwala Molao ono+ a bo a o naya baperesiti, e bong Balefi, ba ba tshwarang letlole la kgolagano ya ga Jehofa le bagolwane botlhe ba Iseraele.
10 Moshe o ne a ba laela, a re: “Kwa bokhutlong jwa dingwaga dingwe le dingwe tse supa, ka nako e e tlhomilweng mo ngwageng wa kgololo,+ ka nako ya Moletlo wa Diobo,*+
11 fa Iseraele yotlhe e tla fa pele ga ga Jehofa,+ Modimo wa lona mo lefelong le a le tlhophang, lo balele Baiseraele Molao ono gore ba o utlwe.+
12 Lo phuthe batho,+ banna, basadi, bana* le motswakwa yo o mo teng ga metse* ya lona, e le gore ba reetse ba bo ba ithute ka Jehofa, Modimo wa lona mme ba mmoife ba bo ba tlhomamise gore ba diragatsa mafoko otlhe a Molao ono.
13 Foo bomorwaabone ba ba iseng ba itse Molao ono ba tla reetsa+ mme ba tla ithuta go boifa Jehofa, Modimo wa lona malatsi otlhe a fa lo tla bo lo tshela mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joredane lo ya go le rua.”+
14 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Nako ya gore o swe e atametse.+ Bitsa Joshua, mme lo itlhagise* kwa tenteng ya bokopanelo, gore ke tle ke mo tlhome.”+ Ka jalo, Moshe le Joshua ba ne ba ya mme ba itlhagisa kwa tenteng ya bokopanelo.
15 Foo Jehofa o ne a bonala kwa tenteng a le mo pilareng ya leru, mme pilara ya leru e ne ya ema fa kgorong ya tente.+
16 Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O tloga o swa,* mme batho bano ba tla simolola go obamela* medimo e sele e e ba dikologileng mo lefatsheng le ba yang kwa go lone.+ Ba tla ntlogela+ e bile ba tla tlola kgolagano ya me e ke e dirileng le bone.+
17 Ka nako eo, bogale jwa me bo tla ba tukela,+ mme ke tla ba tlogela+ e bile ke tla ba fitlhela sefatlhego sa me+ go fitlha ba nyeleditswe. Go tswa foo, fa ba sena go tlelwa ke masetlapelo le matshwenyego a le mantsi,+ ba tla re, ‘A ga se ka gonne Modimo wa rona a se mo go rona go bo re tletswe ke masetlapelo ano?’+
18 Le fa go ntse jalo, ke tla nna ke ba fitlhetse sefatlhego sa me mo letsatsing leo ka ntlha ya bosula jotlhe jo ba bo dirileng ka go ya kwa medimong e mengwe.+
19 “Jaanong ikwaleleng pina eno+ mme lo e rute Baiseraele.+ Dirang gore ba e itse* e le gore pina eno e tle e ba gopotse gore ke ne ka ba tlhagisa.+
20 Fa ke ba tlisa mo lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe+ le ke ikanneng gore ke tla le naya borraabonemogolo+ mme ba ja gore ba kgotsofale ba bo ba atlega,*+ ba tla ya kwa medimong e mengwe ba bo ba e direla mme ga ba kitla ba ntlotla e bile ba tla tlola kgolagano ya me.+
21 Fa ba tlelwa ke masetlapelo le matshwenyego a le mantsi,+ pina eno e tla nna jaaka mosupi mo go bone (ka gonne ditlogolwana tsa bone ga di a tshwanela go e lebala), ka gonne ke setse ke itse dikakanyo tse ba nang le tsone+ le e leng pele ga ke ba tlisa mo lefatsheng le ke ikanneng gore ke tla le ba naya.”
22 Ka jalo, Moshe o ne a kwala pina eno mo letsatsing leo mme a e ruta Baiseraele.
23 Go tswa foo, o* ne a tlhoma Joshua+ morwa Nune mme a re: “O nne pelokgale o bo o nonofe,+ ka gonne ke wena o tla isang Baiseraele kwa lefatsheng le ke ikanneng gore ke tla le ba naya,+ mme ke tla tswelela ke na le wena.”
24 E rile fela fa Moshe a sena go fetsa go kwala mafoko otlhe a Molao ono mo bukeng,+
25 Moshe o ne a laela Balefi ba ba tshwarang letlole la kgolagano ya ga Jehofa, a re:
26 “Tsayang buka eno ya Molao+ mme lo e beye ka fa letlhakoreng la letlole+ la kgolagano ya ga Jehofa, Modimo wa lona, mme e tla nna mosupi yo o lo latofatsang.
27 Gonne nna ke itse sentle gore lo batlhanogi+ e bile lo tlhogoethata.*+ Fa lo tlhanogetse Jehofa fa ke sa ntse ke tshela ke na le lona, ruri lo tla mo tlhanogela le go feta morago ga loso lwa me!
28 Phuthelang bagolwane botlhe ba ditso tsa lona kwa go nna le balaodi ba lona, gore ke bue mafoko ano ba utlwa, mme mma ke tseye magodimo le lefatshe e le basupi ba bone.+
29 Gonne ke itse sentle gore morago ga loso lwa me lo tla dira bosula+ lo bo lo fapoga tsela e ke lo e laetseng. Mme ruri lo tla welwa ke masetlapelo+ kwa bokhutlong jwa metlha eo, ka gonne lo tla dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa e bile lo tla mo kgopisa ka ditiro tsa diatla tsa lona.”
30 Go tswa foo, Moshe o ne a bua mafoko a pina eno go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bowelong, phuthego yotlhe ya Iseraele e reeditse:+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “go tswa le go tsena.”
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “ba bannye.”
^ Seheb., “dikgoro.”
^ Kgotsa “lo eme.”
^ Kgotsa “go gweba ka mmele ka tsela ya tshwantshetso le.”
^ Seheb., “o lala le borragomogolo.”
^ Seheb., “E tsenyeng mo melomong ya bone.”
^ Seheb., “ba nona.”
^ Go lebega go tewa Modimo.
^ Seheb., “thamoethata.”