Esethere 4:1-17

  • Moredekai o a hutsafala (1-5)

  • Moredekai o kopa Esethere gore a tsereganye (6-17)

4  E rile Moredekai+ a utlwa ka sengwe le sengwe se se neng se dirilwe,+ o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a apara letsela la kgetsi a bo a itshela melora. Go tswa foo, o ne a tswela kwa gare ga motse, a goa a lela selelo se se botlhoko. 2  O ne a ya go fitlha kwa kgorong ya kgosi a bo a ema, ka gonne go ne go se na motho ope yo o tshwanetseng go tsena mo kgorong ya kgosi a apere letsela la kgetsi. 3  Mme mo porofenseng* nngwe le nngwe+ kwa lefoko la kgosi le molao wa yone o neng o fitlhile gone, Bajuda ba ne ba hutsafala thata, ba ne ba itima dijo+ e bile ba lela mo go botlhoko. Ba le bantsi ba ne ba rapame mo letseleng la kgetsi le mo meloreng.+ 4  Fa batlhokomedi ba ga Esethere ba basadi le baopafadiwa* ba gagwe ba tla kwa go ene ba bo ba mmolelela, kgosigadi eno e ne ya tshwenyega thata. Foo e ne ya romela diaparo kwa go Moredekai gore a di apare go na le go apara letsela la kgetsi, mme o ne a di gana. 5  Morago ga moo, Esethere o ne a bitsa Hathake, mongwe wa baopafadiwa ba kgosi, yo kgosi e neng e mo tlhomile gore a direle Esethere, mme o ne a mo laela gore a ye go botsa kwa go Moredekai gore seno se ne se kaya eng le gore go direga eng. 6  Ka jalo, Hathake o ne a ya kwa go Moredekai kwa patlelong ya motse fa pele ga kgoro ya kgosi. 7  Moredekai o ne a mmolelela sengwe le sengwe se se neng se mo diragaletse a bo a mmolelela le ka madi+ a Hamane a neng a solofeditse gore o tla a tsenya kwa bobolokelamatlotlong jwa kgosi gore Bajuda ba bolawe.+ 8  Gape o ne a mo naya khopi ya molao o o kwadilweng o o neng o ntshitswe kwa Shushane*+ gore ba bolawe. Hathake o ne a tshwanetse go e bontsha Esethere le go mo tlhalosetsa seemo a bo a mo laela+ gore a ye kwa kgosing a ye go kopa gore e mo utlwele botlhoko a bo a kopele le batho ba gagabo. 9  Hathake o ne a boela kwa go Esethere mme a mmolelela se Moredekai a neng a se buile. 10  Esethere o ne a bolelela Hathake ditaelo tseno tse a neng a tshwanetse go di bolelela Moredekai:+ 11  “Batlhanka botlhe ba kgosi le batho ba ba nnang mo diporofenseng* tsa kgosi ba a itse gore fa monna kgotsa mosadi ope a tsena mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa kgosi+ a sa bidiwa, go na le molao ono o le mongwe fela o o latelwang: O tshwanetse go bolawa; a ka tshela fela fa kgosi e ka otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gauta kwa go ene.+ Mme nna, ke na le malatsi a le 30 jaanong ke ise ke bidiwe kwa kgosing.” 12  Fa Moredekai a ne a bolelelwa se Esethere a neng a se buile, 13  o ne a araba Esethere jaana: “O se ka wa akanya gore dilo di tla go tsamaela sentle go gaisa Bajuda ba bangwe botlhe le gore o tla falola fela ka gonne o le mo ntlong ya kgosi. 14  Gonne fa o didimala fela, Bajuda ba tla bona kgololo le poloko go tswa mo motsweding o mongwe,+ mme wena le ba lelapa la ga rrago lo tla bolawa. Le gone ke mang yo o itseng gore o ka tswa o neilwe maemo ano a segosi gore o tle o thuse mo nakong e e tshwanang le eno?”+ 15  Foo Esethere o ne a araba Moredekai a re: 16  “Tsamaya mme o phuthe Bajuda botlhe ba ba leng mo Shushane* lo bo lo itima dijo+ mo boemong jwa me. Lo se ka lwa ja sepe kgotsa lwa nwa sepe malatsi a le mararo,+ bosigo le motshegare. Nna le batlhokomedi ba me ba basadi, le rona re tla itima dijo. Ke tla tsena kwa kgosing, e leng selo se se sa dumalaneng le molao, mme fa e le gore ke tla bolawa, ke tla bolawa.” 17  Ka jalo, Moredekai o ne a tsamaya mme a dira sotlhe se Esethere a neng a mo laetse gore a se dire.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo kgaolong e e nang le taolo.”
Bona “Moopafadiwa” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”
Kgotsa “Susa.”