Efangele ya ga Johane 10:1-42

  • Modisa le masaka a dinku (1-21)

    • Jesu ke modisa yo o molemo (11-15)

    • “Ke na le dinku tse dingwe” (16)

  • Bajuda ba kopana le Jesu kwa Moletlong wa go Neela (22-39)

    • Bajuda ba le bantsi ba gana go dumela (24-26)

    • “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me” (27)

    • Morwa o seoposengwe le Rara (30, 38)

  • Ba le bantsi ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane ba a dumela (40-42)

10  “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, motho yo o sa tseneng mo lesakeng la dinku ka kgoro, go na le moo a tlolela mo go lone, motho yoo ke legodu e bile ke senokwane.+ 2  Mme motho yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku.+ 3  Molebedi wa kgoro o a mmulela,+ e bile dinku di reetsa lentswe la gagwe.+ O bitsa dinku tsa gagwe ka maina a bo a di ntshetsa kwa ntle. 4  Fa a sena go di ntshetsa tsotlhe kwa ntle, o tsamaya kwa pele ga tsone, mme dinku di mo sala morago, ka gonne di itse lentswe la gagwe. 5  Ga di ka ke tsa sala motho yo di sa mo itseng morago, go na le moo di tla mo tshaba, ka gonne ga di itse lentswe la motho yoo.” 6  Jesu o ne a ba bolelela setshwantsho seno, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhaloganye se a neng a se ba bolelela. 7  Ka jalo, Jesu o ne a bua le bone gape a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, ke nna kgoro ya dinku.+ 8  Botlhe ba ba neng ba tla ba bo ba itira e kete ke nna, ke magodu e bile ke dinokwane; mme dinku ga di a ba reetsa. 9  Ke nna kgoro; ope fela yo o tsenang ka nna o tla bolokwa, mme o tla tsena a bo a tswa e bile o tla bona mafulo.+ 10  Legodu lone le tlela fela go tla go utswa le go bolaya le go senya.+ Nna ke tletse gore batho ba tle ba nne le botshelo mme ba tshelele ruri. 11  Ke nna modisa yo o molemo;+ modisa yo o molemo o ntsha botshelo* jwa gagwe mo boemong jwa dinku tsa gagwe.+ 12  Monna yo o thapilweng ene, yo e seng modisa le yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku a bo a tshaba, mme phiri e a di phamola e bo e di gasamisa, 13  ka gonne o thapilwe e bile ga a kgathalele dinku. 14  Ke nna modisa yo o molemo. Ke itse dinku tsa me e bile dinku tsa me di a nkitse+ 15  fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara;+ mme ke ntsha botshelo* jwa me mo boemong jwa dinku tsa me.+ 16  “Mme ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno;+ le tsone ke tshwanetse go di tlisa, mme di tla reetsa lentswe la me. Di tla nna letsomane le le lengwe e bile di tla nna le modisa a le mongwe.+ 17  Ke gone ka moo Rara a nthatang,+ ka gonne ke ntsha botshelo* jwa me,+ gore ke tle ke bo amogele gape. 18  Ga go na motho ope yo o bo tsayang mo go nna, mme ke bo ntsha ka bonna. Ke na le thata ya go bo ntsha, e bile ke na le thata ya go bo amogela gape.+ Rre ke ene a nneileng taelo ya gore ke dire seno.” 19  Bajuda ba ne ba ganetsana gape+ ka ntlha ya mafoko ano. 20  Bontsi jwa bone ba ne ba re: “O na le ledimona e bile o a tsenwa. Ke ka ntlha yang fa lo mo reetsa?” 21  Ba bangwe ba ne ba re: “Motho yo o nang le madimona ga a ka ke a bua jaana. A ledimona le ka dira gore batho ba ba foufetseng ba kgone go bona?” 22  Ka nako eo go ne ga nna le Moletlo wa go Neela* kwa Jerusalema. E ne e le paka ya mariga, 23  mme Jesu o ne a ntse a tsamaya mo tempeleng mo lefelong le le bidiwang Mathudi a ga Solomone.*+ 24  Foo Bajuda ba ne ba mo kokoanela mme ba mo raya ba re: “O tlile go re bolelela boammaaruri leng gore a o Keresete kgotsa nnyaa? Fa e le gore o Keresete, re bolelele ka tlhamalalo.” 25  Jesu o ne a ba araba a re: “Ke lo boleletse, mme ga lo dumele. Ditiro tse ke di dirang ka leina la ga Rre, di bontsha gore ke mang.+ 26  Mme ga lo dumele, ka gonne ga lo dinku tsa me.+ 27  Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, e bile di ntshala morago.+ 28  Ke tla di naya botshelo jo bo sa khutleng,+ mme ga di kitla di senngwa le ka motlha, e bile ga go na ope yo o tla di phamolang mo seatleng sa me.+ 29  Dinku tse Rre a di nneileng di botlhokwa thata go feta dilo tse dingwe tsotlhe, e bile ga go na ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rara.+ 30  Nna le Rara re seoposengwe.”*+ 31  Bajuda ba ne ba sela maje gape gore ba mo kgobotletse ka one. 32  Jesu o ne a ba raya a re: “Ke lo bontshitse ditiro di le dintsi tse di molemo tse Rara a ntaetseng gore ke di dire. Ke tiro efe mo go tsone e lo batlang go nkgobotletsa ka ntlha ya yone?” 33  Bajuda ba ne ba mo araba ba re: “Ga re go kgobotletse ka ntlha ya tiro e e molemo, mme re go kgobotletsa ka ntlha ya go bo o tlhapatsa;+ ka gonne le fa gone o le motho, o itira modimo.” 34  Jesu o ne a ba raya a re: “A mo Molaong wa lona ga go a kwalwa go twe, ‘Ke ne ka re: “Lo medimo”’?*+ 35  Re a itse gore Dikwalo ga di ka ke tsa fetolwa. Fa e le gore Modimo o ne a bitsa batho ba ba atlholwang ke lefoko la gagwe a re ke ‘medimo,’+ 36  a go siame gore lo reye nna yo Rara a mo itshepisitseng a bo a mo romela mo lefatsheng lo re, ‘O a tlhapatsa,’ ka gonne ke ne ka re, ‘Ke Morwa Modimo’?+ 37  Fa e le gore ga ke dire ditiro tse Rre a ntaetseng gore ke di dire, lo se ka lwa ntumela. 38  Mme fa e le gore ke a di dira, le fa gone lo sa ntumele, dumelang ditiro tse ke di dirang,+ gore lo tle lo itse lo bo lo tswelele lo dumela gore Rara o seoposengwe le nna, le nna ke seoposengwe le Rara.”+ 39  Ka jalo, ba ne ba leka go mo tshwara gape, mme ga ba a ka ba kgona go dira jalo. 40  Mme o ne a tsamaya gape a ya ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane kwa lefelong le Johane a neng a kolobeletsa kwa go lone pele,+ mme o ne a nna koo. 41  Batho ba le bantsi ba ne ba ya kwa go ene ba bo ba re: “Johane ga a ka a dira kgakgamatso epe, mme dilo tsotlhe tse Johane a neng a di bua ka monna yono di boammaaruri.”+ 42  Mme batho ba le bantsi koo ba ne ba dumela mo go ene.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seger., “re mongwe fela.”
^ Kgotsa “ba ba tshwanang le modimo.”