Efangele ya ga Johane 21:1-25

  • Jesu o iponatsa mo barutweng ba gagwe (1-14)

  • Petere o tlhomamisa gore o rata Jesu (15-19)

    • “Fudisa dinku tsa me tse dinnye” (17)

  • Se se tla diragalelang morutwa yo Jesu a mo ratang thata (20-23)

  • Konelo (24, 25)

21  Morago ga moo, Jesu o ne a iponatsa* gape kwa barutweng kwa Lewatleng la Tiberia. O ne a iponatsa ka tsela eno.  Go ne go na le Simone Petere, Thomase (yo o neng a bidiwa Lewelana),+ Nathanaele+ yo o tswang kwa Kana wa Galalea, bomorwa Sebede+ le barutwa ba bangwe ba le babedi.  Simone Petere o ne a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba ne ba mo raya ba re: “Le rona re tsamaya le wena.” Ba ne ba tswa mme ba palama mokoro, mme ga ba a ka ba tshwara sepe mo bosigong joo.+  Le fa go ntse jalo, fa letsatsi le tlhaba, Jesu o ne a ema fa lotshitshing, mme barutwa ba ne ba sa lemoge gore e ne e le Jesu.+  Mme Jesu o ne a ba raya a re: “Bongwanaka, a lo na le sengwe* se se jewang?” Ba ne ba mo araba ba re: “Nnyaa!”  O ne a ba raya a re: “Latlhelang letlowa ka fa mojeng wa mokoro mme lo tla tshwara sengwe.” Ka jalo, ba ne ba le latlhela, mme ga ba a ka ba kgona go le gogela mo mokorong ka ntlha ya ditlhapi tse dintsi.+  Foo morutwa yo Jesu a neng a mo rata+ o ne a raya Petere a re: “Ke Morena!” Fa Simone Petere a utlwa gore ke Morena, o ne a apara* seaparo sa gagwe sa ka fa ntle, ka gonne o ne a sa apara,* mme a itatlhela mo lewatleng.  Mme barutwa ba bangwe ba ne ba tla ba le mo mokorong ba goga letlowa le le tletseng ditlhapi, ka gonne ba ne ba se kgakala le lotshitshi, e ne e ka nna dimetara di le 90* fela go tloga foo.  Fa ba fitlha fa lotshitshing, ba ne ba bona molelo wa malatlha le tlhapi e le mo godimo ga one, gape go ne go na le senkgwe. 10  Jesu o ne a ba raya a re: “Tlisang ditlhapi tse dingwe tse lo sa tswang go di tshwara.” 11  Ka jalo, Simone Petere o ne a palama mokoro a bo a gogela letlowa le le tletseng ditlhapi tse dikgolo kwa lotshitshing, di ne di le 153. Le fa gone di ne di le dintsi jalo, letlowa ga le a ka la gagoga. 12  Jesu o ne a ba raya a re: “Tlang lo jeng.” Go ne go se na ope wa barutwa yo o neng a na le bopelokgale jwa go mmotsa a re: “O mang?” ka gonne ba ne ba itse gore e ne e le Morena. 13  Jesu o ne a tla mme a tsaya senkgwe a bo a se ba naya, o ne a dira se se tshwanang le ka tlhapi. 14  Leno e ne e le lekgetlo la boraro+ Jesu a iponatsa mo barutweng morago ga gore a tsosiwe mo baswing. 15  Fa ba sena go ja, Jesu o ne a raya Simone Petere a re: “Simone morwa Johane, a o nthata go feta dilo tseno?” O ne a mo raya a re: “Ee Morena, o a itse gore ke a go rata.” Jesu o ne a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.”+ 16  O ne a mmotsa lekgetlo la bobedi a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” O ne a mo raya a re: “Ee Morena, o a itse gore ke a go rata.” Jesu o ne a mo raya a re: “Disa dinku tsa me tse dinnye.”+ 17  O ne a mmotsa lekgetlo la boraro a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Petere o ne a hutsafala ka gonne a ne a mmotsa lekgetlo la boraro a re: “A o a nthata?” Ka jalo o ne a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o a itse gore ke a go rata.” Jesu o ne a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me tse dinnye.+ 18  Ammaaruri ammaaruri ke a go bolelela, fa o ne o le monnye, o ne o tlhola o ikapesa o bo o ya kwa o batlang go ya gone. Le fa go ntse jalo, fa o tsofala o tla tsholetsa diatla tsa gago mme motho yo mongwe o tla go apesa a bo a go isa kwa o sa batleng go ya gone.” 19  O ne a bua jalo e le go bontsha gore Petere o ne a tla galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng jang. Fa a sena go bua jalo, o ne a mo raya a re: “Tswelela o ntshala morago.”+ 20  Petere o ne a retologa a bo a bona morutwa yo Jesu a neng a mo rata,+ a tla a ba setse morago, ene yo kwa dijong tsa maitseboa a ileng a ikaega ka Jesu a bo a re: “Morena, ke mang yo o tla go rekisang?”* 21  Ka jalo, fa Petere a mmona, o ne a raya Jesu a re: “Morena, gotweng ka monna yono?” 22  Jesu o ne a mo raya a re: “Fa e le gore thato ya me ke gore a tswelele a tshela go fitlha ke tla, seo se go ama jang? Wena tswelela o ntshala morago.” 23  Ka jalo, lefoko la gore morutwa yoo ga a kitla a swa le ne la anama thata mo bakaulengweng. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a mo raya a re ga a kitla a swa, mme o rile: “Fa e le gore thato ya me ke gore a tswelele a tshela go fitlha ke tla, seo se go ama jang?” 24  Morutwa+ yono ke ene yo o ntshang bosupi ka dilo tseno e bile o kwadile ka tsone, mme re a itse gore mafoko a gagwe a boammaaruri. 25  Tota e bile, go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse Jesu a di dirileng, tse fa di ka bo di kwadilwe ka botlalo, ke tsayang gore lefatshe le ne le ka se ka la kgona go tshola memeno yotlhe e di kwadilweng mo go yone.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “tlhagelela.”
Kgotsa “tlhapi.”
Kgotsa “o ne a apere diaparo tse di lotsatsa.”
Kgotsa “ikgatlha ka.”
Seger., “mo e ka nnang dikubita di le 200.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “okang.”