Duteronome 25:1-19
25 “Fa go tsoga kganetsano fa gare ga banna, ba ka nna ba tla fa pele ga baatlhodi+ mme ba tla ba atlhola ba bo ba dira tshwetso ya gore ke mang yo o molato le yo o seng molato.+
2 Fa yo o bosula a tshwanelwa ke go itewa,+ moatlhodi o tla mo laela gore a patlame mme o tla itewa fa pele ga gagwe. Palo ya dithupa tse a tla di itewang e tsamaisane le bosula jwa se a se dirileng.
3 A ka nna a mo itaya dithupa di le 40+ mme e seng go feta foo. Fa a ka tswelela a mo itaya dithupa tse di fetang tseno, morwarrago o tla tlhabisiwa ditlhong fa pele ga gago.
4 “Ga o a tshwanela go bofa poo molomo fa e photha dijo tsa ditlhaka.+
5 “Fa barwa ba motho ba nna mmogo mme yo mongwe mo go bone a bo a swa a se na ngwana wa mosimane, mosadi wa yo o suleng a se ka a nyalwa ke monna o sele yo e seng wa lelapa leo. Morwarraagwe monna wa gagwe a ye kwa go ene, a mo tseye gore a nne mosadi wa gagwe mme a mo nyale seyantlo.+
6 Leitibolo le mosadi yoo a tla le tsholang le tla tsweledisa leina la ga morwarraagwe yo o suleng,+ gore leina la gagwe le se ka la phimolwa mo Iseraele.+
7 “Jaanong fa monna yoo a sa batle go nyala motlholagadi wa ga morwarraagwe, motlholagadi wa ga morwarraagwe a ye kwa bagolwaneng kwa kgorong ya motse mme a ba reye a re, ‘Morwarraagwe monna wa me o ganne go boloka leina la ga morwarraagwe mo Iseraele. Ga a dumela go nnyala seyantlo.’
8 Bagolwane ba motse wa gagabo ba tshwanetse go mmitsa mme ba bue le ene. Fa a tswelela a re, ‘Ga ke batle go mo nyala,’
9 foo motlholagadi wa ga morwarraagwe a mo atamele fa pele ga bagolwane, a somole setlhako* mo lonaong lwa gagwe,+ a mo kgwele mathe mo sefatlhegong a bo a re, ‘Monna yo o sa batleng go aga ntlo ya ga morwarraagwe o tshwanetse go dirwa seno.’
10 Morago ga moo, leina la lelapa la gagwe* mo Iseraele le tla itsege e le ‘Ntlo ya motho yo setlhako sa gagwe se neng sa somolwa.’
11 “Fa banna ba babedi ba lwa mme mosadi wa yo mongwe a bo a tsereganya gore a sireletse monna wa gagwe mme a bo a tshwara monna yoo ka dirwe tsa gagwe tsa sephiri,
12 o tshwanetse go kgaola seatla sa gagwe. O* se ka wa mo tlhomogela pelo.
13 “Ga o a tshwanela go nna le dilekanyabokete tsa leje di le pedi tse di farologaneng mo kgetsing ya gago,+ se segolo le se sennye.
14 Ga o a tshwanela gore mo ntlong ya gago o nne le dilwana tse di lekanyang di le pedi tse di farologaneng,*+ se segolo le se sennye.
15 O nne le selekanyabokete se se tlhomameng e bile se siame le selwana se se lekanyang se se tlhomameng e bile se siame, gore o tshele lobaka lo loleele mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang.+
16 Gonne motho mongwe le mongwe yo o sa ikanyegeng yo o dirang dilo tseno, o makgapha mo go Jehofa, Modimo wa gago.+
17 “Lo gakologelwe se Baamaleke ba neng ba se lo dira mo tseleng fa lo ne lo tswa kwa Egepeto,+
18 kafa ba neng ba kopana le lona mo tseleng ka gone mme ba tlhasela botlhe ba ba neng ba saletse kwa morago fa lo ne lo feletswe ke maatla e bile lo lapile. Ba ne ba se ka ba boifa Modimo.
19 Fa Jehofa, Modimo wa lona a lo neile boikhutso, go se na mmaba ope yo o lo dikologileng yo o tla lo tshwenyang mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang e le boswa gore lo nne mo go lone,+ lo nyeletse Baamaleke gore ba se ka ba tlhola ba gakologelwa mo lefatsheng.+ Ga lo a tshwanela go lebala seo.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “mpaatšhane.”
^ Kgotsa “leina la ba ntlo ya gagwe.” Seheb., “leina la gagwe.”
^ Seheb., “Leitlho la gago le.”
^ Seheb., “mo ntlong ya gago o nne le ifa le ifa.” Bona Dintlha B14.