Hagai 2:1-23

  • Tempele ya bobedi e tla tlala kgalalelo (1-9)

    • Ditšhaba tsotlhe di tla reketlisiwa (7)

    • Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang mo ditšhabeng di tla tsena (7)

  • Go aga tempele sesha go tlisa masego (10-19)

    • Selo se se boitshepo ga se ka ke sa dira selo se sengwe gore se nne boitshepo (10-14)

  • Molaetsa o o yang kwa go Serubabele (20-23)

    • “Ke tla dira gore o nne jaaka palamonwana e e tshwayang” (23)

2  Mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bo21 la kgwedi eo, Jehofa o ne a raya moporofeti Hagai+ a re, 2  “Tsweetswee, botsa Serubabele+ morwa Shealatiele, molaodi wa Juda+ le Joshua+ morwa Jehosadake,+ moperesiti yo mogolo le batho ba bangwe botlhe o re: 3  ‘Ke mang wa lona yo o gopolang kgalalelo ya ntlo* eno ya pele?+ Gone jaanong lo bona e lebega jang? A lo akanya gore e tla tsamaya e galalela jaaka pele?’+ 4  “‘Mme jaanong o nonofe wena Serubabele,’ go bua Jehofa, ‘le wena Joshua morwa Jehosadake, moperesiti yo mogolo, o nonofe.’ “‘Le lona lotlhe batho ba lefatshe leno lo nonofe,+ mme lo dire,’ go bua Jehofa. “‘Gonne ke na le lona,’+ go bua Jehofa wa masomosomo. 5  ‘Gakologelwang se ke neng ka se lo solofetsa fa lo ne lo tswa kwa Egepeto,+ mme ke sa ntse ke dirisa maatla a me go lo kaela.*+ Lo se ka lwa boifa.’”+ 6  “Gonne Jehofa wa masomosomo a re, ‘Mo nakong e e sa fediseng pelo, ke sa ntse ke tla reketlisa magodimo le lefatshe le lewatle le naga e e omeletseng.’+ 7  “‘E bile ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di tlhwatlhwakgolo* tse di tswang mo ditšhabeng tsotlhe di tla tsena+ mo ntlong eno; mme ke tla e tlatsa ka kgalalelo,’+ go bua Jehofa wa masomosomo. 8  “‘Selefera ke ya me, le gauta ke ya me,’ go bua Jehofa wa masomosomo. 9  “‘Kgalalelo ya ntlo eno mo nakong e e tlang e tla nna kgolo go feta ya pele,’+ go bua Jehofa wa masomosomo. “‘Mme ke tla tlisa kagiso mo lefelong leno,’+ go bua Jehofa wa masomosomo.” 10  Mo letsatsing la bo24 la kgwedi ya borobongwe, mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Dario, Jehofa o ne a raya moporofeti Hagai+ a re: 11  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Tsweetswee, botsa baperesiti ka molao+ o re: 12  “Fa motho a tshotse nama e e boitshepo mo momenong wa seaparo sa gagwe, mme seaparo sa gagwe se bo se kgoma senkgwe kgotsa dikgobe kgotsa beine kgotsa leokwane kgotsa dijo tsa mofuta ope fela, a se tla nna boitshepo?”’” Baperesiti ba ne ba araba ba re: “Nnyaa!” 13  Go tswa foo, Hagai o ne a ba botsa jaana: “Fa mongwe yo o itshekolotsweng ke go kgoma setopo* a tshwara sepe sa dilo tseno, a se tla itshekologa?”+ Baperesiti ba ne ba araba ba re: “Ee, se tla itshekologa.” 14  Ka jalo, Hagai o ne a re: “Jehofa a re, ‘Batho bano ba ntse jalo, le setšhaba seno se ntse jalo fa pele ga me, e bile ditiro tsotlhe tse ba di dirang di ntse jalo; sengwe le sengwe se ba se ntshang koo e le setlhabelo se itshekologile.’ 15  “‘Mme jaanong, tsweetswee, akanyetsang seno ka kelotlhoko* go tloga mo letsatsing leno go ya pele: Pele ga leje le bewa mo godimo ga leje le lengwe mo tempeleng ya ga Jehofa,+ 16  go ne go ntse jang ka nako eo? Fa mongwe a ne a tla mo mokoeng wa dijo tsa ditlhaka a solofetse dilekanyo di le 20, o ne a fitlhela di le 10 fela; e bile fa mongwe a ne a tla mo segatisetsong sa beine go tla go ga dilekanyo tsa beine di le 50, o ne a fitlhela di le 20 fela;+ 17  ke ne ka senya tiro yotlhe e lo e dirileng ka diatla. Ke ne ka romela phefo e e fisang, mouta+ le sefako, le fa go ntse jalo ga go na ope wa lona yo o neng a boela mo go nna,’ go bua Jehofa. 18  “‘Tsweetswee, akanyetsang seno ka kelotlhoko* go tloga mo letsatsing leno go ya pele, go tloga mo letsatsing la bo24 la kgwedi ya borobongwe, go tloga mo letsatsing le motheo wa tempele ya ga Jehofa o neng wa thaiwa ka lone;+ akanyetsang seno ka kelotlhoko: 19  Ga go tlhole go na le peo mo mabolokelong.*+ Setlhare sa morara,* sa mofeige, sa garanata le sa motlhware, ga di ise di ntshe maungo, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, ke tla lo tlisetsa masego go tloga mo letsatsing leno.’ ”+ 20  Jehofa o ne a bua le Hagai lekgetlo la bobedi mo letsatsing la bo24 la kgwedi eo+ a re: 21  “Raya Serubabele, molaodi wa Juda o re, ‘Ke tlile go reketlisa magodimo le lefatshe.+ 22  Ke tla ribegetsa setulo sa bogosi sa magosi ke bo ke nyeletsa nonofo ya magosi a ditšhaba;+ gape ke tla ribegetsa kara le bapalami ba yone, mme dipitse le bapalami ba tsone ba tla wa, e bile mongwe le mongwe o tla bolaya morwarraagwe ka tšhaka.’”+ 23  “‘Mo letsatsing leo,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘Ke tla go tsaya wena motlhanka wa me Serubabele+ morwa Shealatiele,’+ go bua Jehofa, ‘mme ke tla dira gore o nne jaaka palamonwana e e tshwayang, ka gonne ke wena yo ke go tlhophileng,’ go bua Jehofa wa masomosomo.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “tempele.”
^ Kgotsa gongwe “le fa moya wa me o ne o eme mo gare ga lona.”
^ Kgotsa “eletsegang.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “tlhomang pelo ya lona mo go seno.”
^ Seheb., “tlhomang pelo ya lona mo go seno.”
^ Kgotsa “mo khuting ya dijo tsa ditlhaka.”
^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”