Hagai 1:1-15

  • Ba kgalemelelwa go sa age tempele sesha (1-11)

    • ‘A ke nako ya go nna mo matlong a a kgabisitsweng ka dikgong tse dintle?’ (4)

    • “Akanyetsang dilo tse lo di dirang ka kelotlhoko” (5)

    • Go jala go le gontsi le go roba go le gonnye (6)

  • Batho ba reetsa lentswe la ga Jehofa (12-15)

1  Mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Kgosi Dario, mo kgweding ya borataro, mo letsatsing la ntlha la kgwedi eo, Jehofa o ne a bolelela moporofeti Hagai*+ mafoko a a yang kwa go Serubabele+ morwa Shealatiele, molaodi wa Juda, le kwa go Joshua morwa Jehosadake, moperesiti yo mogolo, a re: 2  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Batho bano ba re, “Nako ya gore ntlo* ya ga Jehofa e agiwe* ga e ise e tle.”’”+ 3  Jehofa o ne a bua gape le moporofeti Hagai+ a re: 4  “A ke nako ya gore lo nne mo matlong a lona a a kgabisitsweng ka dikgong tse dintle, mme ntlo ya me yone e le marope fela?+ 5  Jaanong Jehofa wa masomosomo a re, ‘Akanyetsang dilo tse lo di dirang ka kelotlhoko.* 6  Lo jadile peo e ntsi, mme thobo ya lona e nnye.+ Lo a ja, mme ga lo kgore. Lo a nwa, mme ga lo kgotsofale. Lo apara diaparo, mme ga go na ope yo o thuthafalang. Motho yo o thapilweng o tsenya dituelo tsa gagwe mo kgetsing e e nang le maroba a mantsi.’” 7  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Akanyetsang dilo tse lo di dirang ka kelotlhoko.’* 8  “‘Yang kwa thabeng mme lo tle ka dikota.+ Lo age ntlo ya me,+ gore ke tle ke e itumelele le gore ke tle ke galalediwe,’+ go bua Jehofa.” 9  “‘Lo ne lo solofetse go le gontsi mme lo ne lwa amogela go le gonnye; mme fa lo ne lo go tlisa mo ntlong, ke ne ka go fokisetsa kgakala ka mohemo wa me.+ Ka ntlha yang?’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Ka gonne ntlo ya me ke marope fela, le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa lona o ya kwa godimo le kwa tlase a tlhokometse ntlo ya gagwe.+ 10  Ka jalo, magodimo a ne a thiba monyo wa one, le lefatshe le ne la se ka la ungwa. 11  Mme ke ne ka dira gore go nne le leuba le le neng la ama lefatshe, dithaba, dijo tsa ditlhaka, beine e ntšha, leokwane, dijalo, batho le diruiwa, le dilo tsotlhe tse lo di bereketseng ka natla.’” 12  Serubabele+ morwa Shealatiele+ le Joshua morwa Jehosadake,+ moperesiti yo mogolo, le batho ba bangwe botlhe ba ne ba reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa bone le mafoko a ga moporofeti Hagai, ka gonne Jehofa, Modimo wa bone a ne a mo romile; mme batho ba ne ba simolola go boifa ka ntlha ya ga Jehofa. 13  Foo Hagai, morongwa wa ga Jehofa, o ne a bolelela batho molaetsa ono fela jaaka Jehofa a ne a mo romile: “‘Ke na le lona,’+ go bua Jehofa.” 14  Ka jalo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa*+ Serubabele morwa Shealatiele, molaodi wa Juda+ le Joshua+ morwa Jehosadake, moperesiti yo mogolo, le batho ba bangwe botlhe; ba ne ba tla mme ba simolola go bereka mo ntlong ya ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa bone.+ 15  Seno se ne sa direga mo letsatsing la bo24 la kgwedi ya borataro mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Kgosi Dario.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “O Tshotswe go le Moletlo.”
Kgotsa “tempele.”
Kgotsa “tsosolosiwe.”
Seheb., “Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona.”
Seheb., “Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona.”
Seheb., “o ne a tlhotlheletsa moya wa ga.”