Duteronome 33:1-29
33 Jaanong eno ke tshegofatso e Moshe monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a e bolelela Baiseraele pele ga loso+ lwa gagwe.
2 O ne a re:
“Jehofa o ne a tla a tswa kwa Sinai,+Mme o ne a ba phatsimela go tswa kwa Seire.
O ne a phatsima ka kgalalelo go tswa kwa kgaolong e e dithaba ya Parana,+Mme o ne a na le baengele ba ba boitshepo ba le bantsintsi,*+Batlhabani ba gagwe ba le ka fa seatleng sa gagwe sa moja.+
3 O ne a rata batho ba gagwe;+Batho bao botlhe ba ba boitshepo ba mo seatleng sa gago.+
Ba ne ba ntse fa dinaong tsa gago;+Ba ne ba simolola go reetsa mafoko a gago.+
4 (Moshe o ne a re naya taelo, molao,+E le thuo ya phuthego ya ga Jakobe.)+
5 O ne a nna kgosi mo Jeshurune,*+Fa ditlhogo tsa batho di ne di phuthegile mmogo,+Di na le ditso tsotlhe tsa Iseraele.+
6 A Rubene a tshele mme a se ka a swa,+Mme e kete banna ba gagwe ba ka se nne mmalwa.”+
7 Mme o ne a bolela tshegofatso eno mo go Juda:+
“Utlwa lentswe la ga Juda+ tlhe Jehofa,Mme e kete o ka mmusetsa kwa bathong ba gagabo.
Mabogo a gagwe a ne a femela* se e leng sa gagwe,Mme e kete o ka mo thusa mo babeng+ ba gagwe.”
8 O ne a bua jaana ka Lefi:+
“Thumime le Urime+ tsa gago* ke tsa monna yo a ikanyegang mo go wena,+Yo o neng wa mo leka kwa Masa.+
O ne wa simolola go lwa le ene fa metsing a Meriba,+
9 Monna yo o neng a raya rraagwe le mmaagwe a re, ‘Ga ke a ka ka ba tlotla.’
Tota le bomorwarraagwe o ne a sa re sepe ka bone,+E bile o ne a itlhokomolosa bomorwawe.
Gonne ba ne ba boloka lefoko la gago,E bile ba ne ba boloka kgolagano+ ya gago.
10 A ba kaele Jakobe ka ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi+Le Iseraele ka Molao+ wa gago.
A ba ise maswalo e le lonko lo lo itumedisang lo lo yang kwa go wena*+Le setlhabelo se se feletseng mo sebesong+ sa gago.
11 Segofatsa nonofo ya gagwe, tlhe Jehofa,E bile e kete o ka itumelela tiro ya diatla tsa gagwe.
Roba maoto* a ba ba mo tlhaselang,Gore ba ba mo tlhoileng ba se tlhole ba ema.”
12 O ne a bua jaana ka Benjamine:+
“A moratwa wa ga Jehofa a age fa go ene ka polokesego;Fa a ntse a mo sireleditse letsatsi lotlhe,O tla aga fa gare ga magetla a gagwe.”
13 O ne a bua jaana ka Josefa:+
“E kete Jehofa a ka segofatsa lefatshe la gagwe+Ka dilo tse dintle tsa legodimo,Ka monyo le ka metsi a a tswang mo metsweding e e kwa tlase,+
14 Ka dilo tse dintle tse di tlhagisiwang ke letsatsi,Le maungo a mantle kgwedi le kgwedi,+
15 Ka dilo tse di di gaisang tsotlhe tse di tswang kwa dithabeng tsa bogologolo,*+Le ka dilo tse dintle tsa dithota tse di nnetseng ruri,
16 Ka dilo tse dintle tsa lefatshe le se se tletseng mo go lone,+Le ka go amogelwa ke Ene yo o agileng mo setlhatshaneng se se mmitlwa.+
E kete di ka tla mo tlhogong ya ga Josefa,Mo tlhogong ya yo o tlhaotsweng mo go bomorwarraagwe.+
17 Bontlentle jwa gagwe bo tshwana le jwa leitibolo la poo,Mme dinaka tsa gagwe ke dinaka tsa poo ya naga.
O tla kgorometsa* ditšhaba ka tsoneA di kgoromeletsa kwa mafelelong a lefatshe.
Ke diketekete di le masome tsa ga Eferaime,+E bile ke diketekete tsa ga Manase.”
18 O ne a bua jaana ka Sebulone:+
“Itumele, wena Sebulone ka ntlha ya go tswa ga gago,Le wena Isakare, mo ditenteng tsa gago.+
19 Ba tla biletsa ditšhaba kwa thabeng.
Fa ba le koo ba tla isa ditlhabelo tsa tshiamo.
Gonne ba tla ntsha khumo e ntsi ya* mawatleLe matlotlo a a fitlhegileng a motlhaba.”*
20 O ne a bua jaana ka Gada:+
“Go sego yo o atolosang melelwane ya ga Gada.+
O rapame foo jaaka tau,A ipaakanyeditse go gagola lebogo, mmogo le tlhogo.
21 O tla itlhophela karolo ya ntlha,+Gonne ke gone kwa go beilweng kabelo ya moneimolao.+
Ditlhogo tsa batho di tla phuthega mmogo.
O tla diragatsa tshiamo ya ga Jehofa,Le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi mo go Iseraele.”
22 O ne a bua jaana ka Dana:+
“Dana ke ngwana wa tau.+
O tla tlola a tswa kwa Bashana.”+
23 O ne a bua jaana ka Nafetali:+
“Nafetali o kgotsofaditswe ke go amogelwaE bile tshegofatso ya ga Jehofa e tletse mo go ene.
Aga kwa bophirima le kwa borwa.”
24 O ne a bua jaana ka Ashera:+
“Ashera o segofaditswe ka bana ba basimane.
E kete a ka ratiwa ke bomorwarraagwe,E bile e kete a ka ina* dinao tsa gagwe mo leokwaneng.
25 Dilloko tsa kgoro ya gago ke tshipi le kopore,+Mme o tla nna o sireletsegile malatsi otlhe a gago.*
26 Ga go na ope yo o tshwanang le Modimo wa boammaaruri+ wa ga Jeshurune,+Yo o ralalang legodimo gore a go thuseLe yo o palamang mo marung mo tlotlomalong ya gagwe.+
27 Modimo ke botshabelo go tswa metlheng ya bogologolo,+Mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng a ka fa tlase ga gago.+
Mme o tla leleka mmaba fa pele ga gago,+Mme o tla re, ‘Ba fedise!’+
28 Iseraele o tla nna ka polokesego,Mme motswedi wa ga Jakobe o tla nna o le nosiMo lefatsheng la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha,+Yo magodimo a gagwe a tla rothisang monyo.+
29 Go itumela wena Iseraele!+
Ke mang yo o tshwanang le wena,+Setšhaba se se itumelelang go bolokwa ke Jehofa,+Thebe ya gago e e go sireletsang+Le tšhaka ya gago e kgolo?
Baba ba gago ba tla ikhutaganya fa pele ga gago,+Mme wena o tla gata mekwatla ya bone.”*
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “o ne a na le diketekete di le masome tsa ba ba boitshepo.”
^ Mo go kayang “Yo o Siameng,” sereto se se dirisiwang go bontsha Iseraele tlotlo.
^ Kgotsa “lwela.”
^ Mo temaneng eno “gago” le “o” di kaya Modimo.
^ Seheb., “kwa dinkong tsa gago.”
^ Kgotsa “dinôka.”
^ Kgotsa gongwe “dithabeng tsa kwa botlhaba.”
^ Kgotsa “tlhaba.”
^ Seheb., “ba tla anya mo letlotlong la.”
^ Kgotsa “moshawa.”
^ Kgotsa “tlhapa.”
^ Seheb., “Mme nonofo ya gago e tla nna jaaka malatsi a gago.”
^ Kgotsa gongwe “mafelo a a kwa godimo.”