Joele 3:1-21

  • Jehofa o atlhola ditšhaba tsotlhe (1-17)

    • Mokgatšha wa Jehoshafate (2, 12)

    • Mokgatšha wa katlholo (14)

    • Jehofa, kago ya phemelo ya Iseraele (16)

  • Jehofa o segofatsa batho ba gagwe (18-21)

3  “Gonne mo malatsing ao le mo nakong eo,Fa ke tla bo ke busa batho ba Juda le ba Jerusalema ba ba isitsweng botshwarwa,+  2  Gape ke tla phutha ditšhaba tsotlheKe bo ke di folosetsa kwa Mokgatšheng* wa Jehoshafate.* Ke tla di sekisa teng koo+Ka ntlha ya batho ba me le boswa jwa me, e leng Iseraele,Gonne di ne tsa ba gasamisetsa mo ditšhabeng,Mme di ne tsa ikgaoganyetsa lefatshe la me.+  3  Ba ne ba dirisa bola go kgaoganya batho ba me;+Ba ne ba tle ba rekise ngwana wa mosimane gore ba thape seaka,E bile ba ne ba tle ba rekise ngwana wa mosetsana gore ba nne le beine e ba tla e nwang.  4  Mme gone, tota lo lwela eng le nna,Wena Ture le Sidona le dikgaolo tsotlhe tsa Filisitia? A go na le sengwe se se dirang gore lo ipusolosetse? Fa e le gore lo a ipusolosetsa,Ke tla busetsa pusoloso eo mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.+  5  E re ka lo tsere selefera le gauta ya me,+Mme lo tlisitse matlotlo a me a a tlhwatlhwakgolo mo ditempeleng tsa lona;  6  E bile lo tsere batho ba Juda le ba Jerusalema lwa ba rekisetsa Bagerika,+E le gore lo ba katosetse kgakala le naga ya bone;  7  Jaanong ke dira gore ba tswe kwa lefelong le lo ba rekiseditseng kwa go lone,+Ke tla busetsa pusoloso ya lona mo ditlhogong tsa lona.  8  Ke tla tsenya bomorwaalona le bomorwadialona mo seatleng sa batho ba Juda,+Mme ba tla ba rekisetsa banna ba kwa Sheba, e leng setšhaba se se kwa kgakala;Gonne Jehofa ka boene o buile seno.  9  Itsiseng seno mo ditšhabeng:+ ‘Ipaakanyetseng* ntwa! Kurusang banna ba ba maatla! A masole otlhe a atamele, a ba ye go tlhasela!+ 10  Fetolang magale a megoma ya lona gore e nne ditšhaka le dikere tsa lona tse di pomang gore e nne marumo. A yo o bokoa a re: “Ke maatla.” 11  Tlang mme lo thuse, lona lotlhe ditšhaba tse di mo tikologong, phuthegang mmogo!’”+ Folosetsa batho ba gago ba ba maatla* kwa lefelong leo, tlhe Jehofa. 12  “A ditšhaba di kurusiwe mme di tle kwa Mokgatšheng* wa Jehoshafate;Gonne ke tla nna koo gore ke atlhole ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong.+ 13  Robang ka gonne e setse e le nako ya thobo. Tlang mme lo gatake, ka gonne segatisetso sa beine se tletse.+ Dinkgo di a penologa, ka gonne bosula jwa ditšhaba tseo bo bogolo. 14  Boidiidi, boidiidi bo kwa mokgatšheng* wa katlholo,Gonne letsatsi le Jehofa a tla atlholelang batho koo ka lone le gaufi.+ 15  Letsatsi le ngwedi di tla fifala,E bile dinaledi ga di kitla di phatsima. 16  Jehofa o tla kurutla a le kwa Siona,O tla tlhatlosa lentswe la gagwe a le kwa Jerusalema. Mme legodimo le lefatshe di tla reketla;Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe,+Kago ya phemelo ya batho ba Iseraele. 17  Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o nnang mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.+ Jerusalema o tla nna lefelo le le boitshepo,+E bile batswakwa ga ba kitla ba tlhola ba mo ralala.+ 18  Mo letsatsing leo, dithaba di tla rotha beine e e botshe,+Dithota di tla elela mashi,E bile melatswana yotlhe ya Juda e tla elela metsi. Motswedi o tla elela o tswa kwa ntlong ya ga Jehofa,+Mme o tla nosetsa Mokgatšha* wa Ditlhare Tsa Mokala. 19  Le fa go ntse jalo, Egepeto e tla kgakgabala,+Le Edoma e tla nna naga e e kgakgabetseng,+Ka ntlha ya tshiamololo e ba e diretseng batho ba Juda,+Ka go tsholola madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.+ 20  Mme go tla nna go na le batho ba ba nnang mo Juda,Jerusalema le yone e tla nniwa kokomana morago ga kokomana.+ 21  Ke tla ba tsaya ba se na molato,* le fa gone ke ne ke ba tsaya ba le molato;+Mme nna Jehofa, ke tla nna mo Siona.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”
^ Mo go kayang “Jehofa ke Moatlhodi.”
^ Seheb., “Itshepiseng.”
^ Kgotsa “batlhabani ba gago.”
^ Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”
^ Kgotsa “kwa lebaleng le le kwa tlase.”
^ Kgotsa “Molapo.”
^ Seheb., “Ke tla tsaya madi a bone a se na molato.”