Joele 2:1-32

  • Letsatsi la ga Jehofa le mophato wa gagwe o mogolo (1-11)

  • Ba kgothalediwa go boela kwa go Jehofa (12-17)

    • “Gagoganyang dipelo tsa lona” (13)

  • Jehofa o araba batho ba gagwe (18-32)

    • ‘Ke tla tsholola moya wa me’ (28)

    • Dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng (30)

    • Ba ba bitsang leina la ga Jehofa ba tla bolokwa (32)

2  “Letsang lonaka mo Siona!+ Tlhabang mokgosi wa ntwa mo thabeng ya me e e boitshepo. A batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ba rorome,Ka gonne letsatsi la ga Jehofa le etla!+ Le gaufi!  2  Ke letsatsi la lefifi le la letobo,+Letsatsi la maru le la letobo le lentshontsho,+Le tshwana le lesedi la bosa le anama mo dithabeng. Go na le setšhaba sa batho ba bantsintsi ba ba maatla;+Ga go ise go ke go nne le setšhaba sepe se se tshwanang le sone,E bile ga go kitla go nna le se sengwe gapeGo ralala dingwaga mo dikokomaneng tsotlhe.  3  Kwa pele ga sone molelo o a laila,Mme kwa morago ga sone kgabo ya molelo e a ja.+ Lefatshe le le kwa pele ga sone le tshwana le tshingwana ya Edene,+Le fa go ntse jalo, kwa morago ga sone ke naga e e kgakgabetseng,E bile ga go na sepe se se kgonang go falola.  4  Batho bano ba tshwana le dipitse,E bile ba taboga jaaka dipitse tsa ntwa.+  5  Modumo wa bone o utlwala jaaka wa dikara fa ba ntse ba tlola kwa godimo ga dithaba,+O utlwala jaaka modumo wa molelo o o babolang o o lailang lotlhaka. Ba tshwana le setšhaba se se maatla se se tlhomaganeng go ya ka thulaganyo ya tlhabano.+  6  Ditšhaba di tla roroma ka ntlha ya bone. Difatlhego tsotlhe di tla aparelwa ke poifo.  7  Ba tlhasela jaaka batlhabani,Ba palama lobota jaaka masole,Mongwe le mongwe o tsamaya ka tsela ya gagwe,E bile ga ba fapoge mo ditselaneng tsa bone.  8  Ga ba kgorometsane;Mongwe le mongwe o tswelela a tsamaya mo tseleng ya gagwe. Fa bangwe ba wa ba bolawa ke dibetsa,*Ba bangwe ga ba phatlalale.  9  Ba itatlhela* mo motseng, ba taboga mo loboteng. Ba palama mo godimo ga matlo, ba tsena ka difensetere jaaka legodu. 10  Lefatshe le roroma fa pele ga bone e bile magodimo a a reketla. Letsatsi le ngwedi di fifetse,+Dinaledi le tsone ga di tlhole di phatsima. 11  Jehofa o tla tsholetsa lentswe la gagwe fa pele ga masole a gagwe,+ ka gonne masole a gagwe a mantsi thata.+ Gonne yo o diragatsang lefoko la Modimo o maatla;Gonne letsatsi la ga Jehofa le legolo e bile le a boitshega.+ Ke mang yo o ka le itshokelang?”+ 12  Jehofa a re, “Tota le gone jaanong boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe,+Lo itime dijo,+ lo lele lo bo lo bokolele. 13  Gagoganyang dipelo tsa lona,+ e seng diaparo tsa lona,+Mme lo boele kwa go Jehofa, Modimo wa lona,Ka gonne o pelotlhomogi* e bile o kutlwelobotlhoko, ga a galefe ka bonako+ e bile o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng,+Mme o tla fetola mogopolo* mme ga a kitla a lo tlisetsa masetlapelo ao. 14  Ke mang yo o itseng gore a o tla fetola mogopolo,*+A bo a lo segofatsaGore lo kgone go ntshetsa Jehofa, Modimo wa lona setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa senô? 15  Letsang lonaka mo Siona! Laelang* batho gore ba itime dijo; itsiseng gore go na le kopano e e kgethegileng.+ 16  Phuthang batho; dirang gore phuthego e nne boitshepo.+ Kokoanyang bannabagolo;* phuthang bana le masea a a anyang.+ A monyadi a tswe mo phaposing ya gagwe e e kwa teng, le monyadiwa a tswe mo ntlwaneng ya gagwe ya lenyalo. 17  A baperesiti, e leng badiredi ba ga Jehofa,Ba eme fa gare ga mathudi le sebeso+ mme ba lele ba re: ‘Ao tlhe Jehofa, utlwela batho ba gago botlhoko;O se ka wa dira gore boswa jwa gago e nne selo se se sotliwang,Wa letla gore ditšhaba di ba laole. Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di tshwanetse gore, “Modimo wa bone o kae?”’+ 18  Foo Jehofa o tla sireletsa lefatshe la gagwe ka tlhagafaloA bo a tlhomogela batho ba gagwe pelo.+ 19  Jehofa o tla araba batho ba gagwe jaana: ‘Jaanong ke lo romelela dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha le leokwane,Mme lo tla kgotsofala;+Ga nkitla ke tlhola ke dira gore ditšhaba di lo kgobe.+ 20  Ke tla lelekela motho wa bokone kgakala le lona;Ke tla mo phatlalaletsa kwa lefatsheng le le omeletseng le le le kgakgabetseng,Masole a gagwe a a sireletsang kwa pele ke tla a phatlalaletsa kwa ntlheng ya lewatle la botlhaba*Mme masole a gagwe a a sireletsang kwa morago ke tla a phatlalaletsa kwa ntlheng ya lewatle la bophirima.* Monko o o bosula o o tswang mo go ene o tla tlhatloga,Sebodu se se tswang mo go ene se tla tswelela se tlhatloga;+Gonne Modimo o tla dira dilo tse dikgolo.’ 21  O se ka wa boifa, wena lefatshe. Ipele o bo o itumele, ka gonne Jehofa o tla dira dilo tse dikgolo. 22  Lo se ka lwa boifa, lona diphologolo tsa naga,Gonne mafulo a naga a tla nna matala,+E bile ditlhare di tla ntsha maungo;+Setlhare sa mofeige le sa morara* di tla ungwa thata.+ 23  Lona bomorwa Siona, ipeleng lo bo lo itumele ka ntlha ya ga Jehofa, Modimo wa lona;+Ka gonne o tla lo nesetsa pula ya letlhabula ka selekanyo se se siameng,E bile o tla lo nesetsa pula e ntsi,Pula ya letlhabula le pula ya dikgakologo, fela jaaka a ne a dira pele.+ 24  Diboana di tla tlala dijo tsa ditlhaka,Mme digatisetso di tla penologa beine e ntšha le leokwane.+ 25  Mme ke tla lo busetsa dilo tse di neng tsa senyega mo dingwagengTsa fa lesogodi la tsie, tsie e e se nang diphuka, tsie e e senyang le tsie e e jang sengwe le sengwe di ne di tlhasela,E leng mophato wa me o mogolo o ke neng ke o rometse mo go lona.+ 26  Ruri lo tla ja gore lo bo lo kgotsofale,+Mme lo tla baka leina la ga Jehofa, Modimo wa lona,+Yo o lo diretseng dilo tse di gakgamatsang;Batho ba me ga ba kitla ba tlhola ba tlhabisiwa ditlhong gape.+ 27  Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke mo gare ga Iseraele,+Le gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona,+ ga go na ope o sele. Batho ba me ga ba kitla ba tlhola ba tlhabisiwa ditlhong gape. 28  Morago ga moo, ke tla tshololela moya wa me mo bathong ba* mofuta mongwe le mongwe,+Mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta,Bannabagolo ba lona ba tla lora ditoro,Le makawana a lona a tla bona diponatshegelo.+ 29  Tota e bile mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa meLe mo batlhankeng ba me le mo malateng a me. 30  Mme ke tla dira dikgakgamatso kwa magodimong le mo lefatsheng,Madi le molelo le mosi o montsintsi o o tlhatlogang.+ 31  Pele ga letsatsi le legolo le le boitshegang la ga Jehofa le tla,+Letsatsi le tla fetoga lefifi, mme ngwedi e tla fetoga madi.+ 32  Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa;+Gonne kwa Thabeng ya Siona le kwa Jerusalema go tla nna le ba ba falolang,+ fela jaaka Jehofa a boletse,E leng bafalodi ba Jehofa a ba bitsang.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “dimmisaele.”
^ Kgotsa “gatlhamela.”
^ Kgotsa “pelontle.”
^ Kgotsa “o tla ikwatlhaya.”
^ Kgotsa “o tla ikwatlhaya.”
^ Seheb., “Itshepiseng.”
^ Kgotsa “bagolwane.”
^ Go tewa Lewatle le le Suleng.
^ Go tewa Lewatle la Mediterranean.
^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
^ Seheb., “mo nameng ya.”