Duteronome 32:1-52
32 “Sekegang tsebe, lona magodimo, mme ke tla bua,Mme a lefatshe le utlwe mafoko a molomo wa me.
2 Thuto ya me e tla na jaaka pula;Mafoko a me a tla rotha jaaka monyo,Jaaka dipula tsa medupe mo bojannyengLe jaaka dipula tse dikgolo mo dimeleng.
3 Gonne ke tla bolela leina la ga Jehofa.+
Buang ka bogolo jwa Modimo wa rona!+
4 Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse,+Gonne sengwe le sengwe se a se dirang se siame.+
Modimo yo o ikanyegang+ yo le ka motlha a sa direng tshiamololo;+O siame e bile o tlhamaletse.+
5 Ke bone ba ba dirileng bosula.+
Ga se bana ba gagwe, bogole ke jwa bone.+
Ke kokomana e e sa tlhamalalang le e e sokameng!+
6 A eno ke tsela e lo tshwarang Jehofa ka yone,+Lona batho ba ba dimatla le ba ba seng botlhale?+
A ga se Rraalona yo o lo bopileng,+Ene yo o lo dirileng a bo a lo nonotsha gore lo nne setšhaba?
7 Gakologelwang malatsi a bogologolo;Akanyang ka dingwaga tsa dikokomana tse di fetileng.
Botsa rrago, mme a ka go bolelela;+Botsa bagolwane ba lona, mme ba tla go itsise.
8 Fa Mogodimodimo a ne a naya ditšhaba boswa jwa tsone,+Fa a ne a kgaoganya bomorwa Adame,*+O ne a tlhoma molelwane wa ditšhaba+Go ya ka palo ya bomorwa Iseraele.+
9 Gonne kabelo ya ga Jehofa ke setšhaba sa gagwe;+Jakobe ke boswa jwa gagwe.+
10 O ne a mo fitlhela mo nageng e e kgakgabetseng,+Le mo sekakeng se se se nang sepe, se se bokolelang.+
O ne a ema go mo dikologa a mo sireletsa, a mo tlhokomela,+Mme o ne a mo sireletsa jaaka thaka ya leitlho la gagwe.+
11 Fela jaaka ntsu e fudua sentlhaga sa yone,E fofafofa fa godimo ga mamphorwana a yone,E phutholola diphuka tsa yone, e a tsaya,E a tshola mo dintlheng tsa diphuka tsa yone,+
12 Jehofa a le nosi o ne a nna a mo* etelela pele;+Go ne go se na modimo o sele yo o neng a na le ene.+
13 O ne a mo palamisa mafelo a a kwa godimo a lefatshe,+Mo a neng a ja maungo a naga.+
O ne a mo tlamela ka tswina ya dinotshe go tswa mo lefikengLe ka leokwane go tswa mo lejeng le le thatathata,
14 Botoro ya motlhape le mashi a letsomane,Mmogo le dinku tse di di gaisang tsotlhe,*Le diphelefu tsa kwa Bashana, le diphoko,Mmogo le korong e e di gaisang tsotlhe;*+Mme o ne wa nwa beine go tswa mo matuteng* a morara.*
15 Fa Jeshurune* a simolola go nona, o ne a tlhanoga mme a raga mong wa gagwe.
O nonne, o mokima, o kgotshe thata.+
Ka jalo, o ne a tlogela Modimo yo o mo dirileng,+A bo a nyatsa Lefika la poloko ya gagwe.
16 Ba ne ba mo galefisa ka go direla medimo e sele;+Ba ne ba mo kgopisa ka go dira dilo tse di makgapha.+
17 Ba ne ba ntshetsa madimona ditlhabelo, e seng Modimo,+Ba di ntshetsa medimo e ba neng ba sa e itse,E mesha e e neng e tlile bosheng,Medimo e borraalonamogolo ba neng ba sa e itse.
18 O ne wa lebala Lefika,+ yo o neng a nna rrago,Mme ga o a ka wa gakologelwa Modimo yo o neng a go tshola.+
19 E rile Jehofa a bona seno, o ne a ba latlha+Ka gonne bomorwawe le bomorwadie ba ne ba mo kgopisa.
20 Ka jalo o ne a re, ‘Ke tla ba fitlhela sefatlhego sa me;+Ke tla bona gore ba tla felela kae.
Gonne ke kokomana e e sokameng,+Barwa ba ba sa ikanyegeng.+
21 Ba ntlhotlheleditse gore ke galefe* ka go direla se e seng modimo;+Ba ne ba nkgopisa ka medingwana ya bone e e se nang mosola.+
Ka jalo, ke tla dira gore ba fufege ka batho ba ba se nang mosola;+Ke tla ba kgopisa ka setšhaba se se seng botlhale.+
22 Gonne bogale jwa me bo tlhoseditse molelo+O o tla tukang go fitlha kwa teng ga Lebitla,*+Mme o tla laila lefatshe le se se tlhogileng mo go loneE bile o tla tshuba metheo ya dithaba.
23 Ke tla oketsa masetlapelo a bone;Ke tla dirisa metswi ya me yotlhe mo go bone.
24 Ba tla felelwa ke maatla ka ntlha ya tlala+E bile ba tla jewa ke letshoroma le le fisang le tshenyo e e botlhoko.+
Ke tla ba romelela dibatana gore di ba lome+Le digagabi tsa lorole tse di botlhole gore di ba lome.
25 Kwa ntle, tšhaka e tla ba amoga bana;+Mo teng ga matlo a bone, ke letshogo fela,+Le le tla tlelang lekau le kgarebane,Losea mmogo le monna wa moriri o mosweu.+
26 Nkabo ke rile: “Ke tla ba phatlalatsa;Ke tla dira gore batho ba se ka ba tlhola ba ba gopola,”
27 Fa ke ne ke sa boifa tsela e mmaba a neng a tla tsiboga ka yone,+Ka gonne baganetsi ba ne ba ka nna ba tlhaloganya seo ka tsela e sele.+
Ba ne ba ka nna ba re: “Nonofo ya rona e fentse;+Jehofa ga se ene yo o neng a dira seno sotlhe.”
28 Gonne ke setšhaba se se se nang tlhaloganyo,*+E bile ga go na ope wa bone yo o tlhaloganyang.
29 E kete ba ka bo ba le botlhale!+ Ba ne ba tla tlhatlhanya ka seno.+
Ba ne ba tla akanya kafa ba tla felelang ka gone.+
30 Motho a le mongwe o ne a ka lelekisa jang ba ba 1 000,E bile ba babedi ba ne ba ka lelekisa jang ba ba 10 000?+
Ntle le fa Lefika la bone le ne le ba rekisitse+E bile Jehofa a ba neetse mo go bone.
31 Gonne lefika la bone ga le tshwane le Lefika la rona,+Tota le baba ba rona ba tlhalogantse seno.+
32 Gonne morara wa bone o tswa kwa SodomaLe kwa masimong a Gomora.+
Morara wa bone ke morara wa botlhole,E bile o bogalaka.+
33 Beine ya bone ke botlhole jwa dinoga,Botlhole jo bo kotsi jwa dikake.
34 Ditiro tsotlhe tsa bone ke di bolokile fa go nna,Ke di tswaletse mo mabolokelong a me.+
35 Ke tla busolosa, e bile ke tla duela,+Ka nako e e tlhomilweng fa lonao lwa bone lo relela,+Gonne letsatsi la masetlapelo a bone le gaufi,Mme se se ba letetseng se tla tla ka bonako.’
36 Gonne Jehofa o tla atlhola batho ba gagwe,+Mme o tla utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko.*+
Fa a bona gore maatla a bone a fokotsegile,Le gore go setse fela ba ba sa kgoneng go itshireletsa le ba ba bokoa.
37 Go tswa foo o tla re, ‘E kae medimo ya bone,+Lefika le ba neng ba batlile botshabelo mo go lone,
38 E e neng e tle e je mafura a ditlhabelo tsa bone,*E nwe beine ya ditlhabelo tsa bone tsa senô?+
A e tle go lo thusa.
A e nne lefelo la lona la botshabelo.
39 Jaanong bonang gore nna, ke nna Modimo,+Mme ga go na medimo epe kwantle ga me.+
Ke a bolaya e bile ke a tshedisa.+
Ke a gobatsa+ mme ke tla fodisa,+Mme ga go na ope yo o ka gololang ba bangwe mo seatleng sa me.+
40 Gonne ke tsholeletsa seatla sa me kwa legodimong,Mme ke a ikana ka re: “Fela jaaka ke tshela ka bosakhutleng,”+
41 Fa ke lootsa tšhaka ya me e e tsabakelangMme ke baakanyetsa seatla sa me katlholo,+Ke tla ipusolosetsa mo baganetsing ba me+Ke bo ke itefetsa mo go ba ba ntlhoileng.
42 Ke tla dira gore metswi ya me e tagiwe ke madi,Mme tšhaka ya me e tla ja nama,Le madi a ba ba bolailweng setlhogo le a batshwarwa,Le ditlhogo tsa baeteledipele ba mmaba.’
43 Lona ditšhaba, itumeleng le batho ba gagwe,+Gonne o tla busolosetsa madi a batlhanka ba gagwe,+Mme o tla ipusolosetsa mo baganetsing ba gagwe+E bile o tla dira lefatshe la batho ba gagwe boitshepo.”
44 Ka jalo, Moshe o ne a tla mme a bua mafoko otlhe a pina eno batho ba mo reeditse,+ ene le Hoshea*+ morwa Nune.
45 Fa Moshe a sena go bua mafoko ano otlhe le Iseraele yotlhe,
46 o ne a ba raya a re: “Mafoko otlhe a ke lo tlhagisang ka one gompieno lo a tsenye mo pelong,+ gore lo tle lo laele bomorwaalona gore ba diragatse mafoko otlhe a Molao+ ono.
47 Gonne leno ga se lefoko le le se nang mosola mo go lona, mme le raya botshelo+ jwa lona e bile ka lefoko leno lo ka nna lwa tshela lobaka lo loleele mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joredane lo ya go le rua.”
48 Jehofa o ne a bua le Moshe mo go lone letsatsi leno a re:
49 “Tlhatlogela mo thabeng eno ya Abarime,+ Thaba ya Nebo,+ e e mo lefatsheng la Moabe, e e lebaganeng le Jeriko mme o lebe lefatshe la Kanana le ke le nayang Baiseraele gore ba le rue.+
50 Go tswa foo, o tla swela mo thabeng e o tlogang o e palama, mme o tla phuthelwa kwa bathong ba gaeno,* fela jaaka Arone mogoloo a ile a swela mo Thabeng ya Hore+ mme a phuthelwa kwa bathong ba gagabo,
51 ka gonne loobabedi lo ne lwa se ka lwa ikanyega mo go nna fa lo na le Baiseraele kwa metsing a Meriba+ kwa Kadeshe mo nageng ya Tsine, ka gonne lo ne lwa se ka lwa dira gore batho ba Iseraele ba bone gore ke boitshepo.+
52 O tla bona lefatshe leo o le kgakajana, mme gone ga o kitla o tsena kwa lefatsheng le ke le nayang batho ba Iseraele.”+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “batho.”
^ Go tewa Jakobe.
^ Seheb., “le mafura a dinku.”
^ Seheb., “le mafura a diphilo a korong.”
^ Seheb., “mo mading.”
^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
^ Mo go kayang “Yo o Siameng,” sereto se se dirisiwang go bontsha Iseraele tlotlo.
^ Kgotsa “fufege.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa gongwe “se se sa reetseng kgakololo.”
^ Kgotsa “o tla ikwatlhaya ka ntlha ya batlhanka ba gagwe.”
^ Kgotsa “e je ditlhabelo tsa bone tse di di gaisang tsotlhe.”
^ Leina la ga Joshua la kwa tshimologong. Hoshea ke khutshwafatso ya leina Hoshaia le le kayang “Go Bolokiwa ke Jah; Jah o Bolokile.”
^ Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.