Petere wa Bobedi 2:1-22
2 Le fa go ntse jalo, gape go ne go na le baporofeti ba maaka mo bathong ba Iseraele, fela jaaka gape go tla nna le barutisi ba maaka mo go lona.+ Mme batho bano ba tla baka makoko a a tla senyang tumelo ya lona ba dira jalo mo sephiring, e bile ba tla itatola mong wa bone yo o ba rekileng,+ ba itlisetsa tshenyego ka bonako.
2 Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba tla dira boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale,*+ mme tsela ya boammaaruri e tla kgobiwa ka ntlha ya bone.+
3 Gape e re ka ba le pelotshetlha, ba tla lo tsietsa ka maaka. Mme katlholo ya bone e Modimo a sa bolong go dira tshwetso ka yone,+ ga e kitla e diega, mme eleruri ba tla senngwa.+
4 Eleruri Modimo ga a a ka a ithiba go otlhaya baengele ba ba ileng ba leofa,+ mme o ne a ba latlhela mo teng ga Tatarase,*+ a ba golega* mo lefifing le lentshontsho gore ba beelwe katlholo.+
5 E bile ga a a ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo,+ mme o ne a boloka Noa, moreri wa tshiamo,+ le ba bangwe ba le supa+ fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng le le tletseng batho ba ba bosula.+
6 Gape o ne a otlhaya metse ya Sodoma le Gomora; fa a ne a dira metse eo melora fela,+ o ne a bontsha batho ba ba bosula dilo tse di tla diregang.+
7 Mme o ne a boloka Lote,+ monna yo o siameng, yo o neng a tshwenyegile thata ka boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale* jwa batho ba ba bosula,
8 gonne letsatsi le letsatsi monna yoo yo o siameng, o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke ditiro tsa bone tse di bosula tse a neng a di bona le tse a neng a di utlwa fa a ntse a agile le bone.
9 Ka jalo, Jehofa* o itse kafa a ka gololang batho ba ba ineetseng mo go ene ka gone fa ba le mo tekong,+ mme gape o itse kafa a ka bolokelang batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo ka gone gore ba senngwe,+
10 segolobogolo ba ba batlang go leswafatsa ba bangwe ka go tlhakanela dikobo le bone+ le ba ba nyatsang taolo.*+
E re ka ba le pelokgale e bile ba rata gore dilo di dirwe ka tsela ya bone, ga ba tshabe go kgoba ba ba galalelang,*
11 mme baengele bone, le fa ba na le nonofo le maatla a magolo, ga ba latofatse barutisi ba maaka ka mafoko a a kgobang, ka gonne ba tlotla* Jehofa.*+
12 Mme banna bano, ba ba tshwanang le diphologolo tse di sa akanyeng tse di tsaletsweng* go tshwarwa le go bolawa, ba dirisa mafoko a a kgobang fa ba bua ka dilo tse ba sa di itseng.+ Ba tla senngwa ka ntlha ya tsela e e sa siamang e ba tshelang ka yone,
13 ba tla otlhaiwa ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula.
Ba itumelela go ijesa monate ka go tshela botshelo jwa manobonobo,+ tota le fa go le motshegare. Ba tshwana le dipatso mo diaparong le dintho mo sefatlhegong, ba itumedisiwa thata ke go tsietsa batho ba bangwe ka dithuto tsa maaka.+
14 Ba na le keletso e kgolo ya go dira boaka.*+ Ga ba kgone go tlogela go dira boleo e bile ba raela batho ba ba sa nonofang mo tumelong. Dipelo tsa bone di tletse bopelotshetlha.* Modimo o tla ba atlhola.
15 Ba timeditswe, ka gonne ba tlogetse tsela e e tlhamaletseng. Ba latetse tsela ya ga Balaame+ morwa Beore, yo o ileng a dira se se sa siamang ka gonne a batla go duelwa,+
16 mme o ne a kgalemelelwa go tlola molao.+ Tonki e e sa kgoneng go bua, e ne ya bua ka lentswe la motho, gore e thibele moporofeti yono gore a se ka a dira se se sa siamang.+
17 Bano ke metswedi e e se nang metsi le mouwane o o kgokgweediwang ke setsuatsue se segolo, mme ba beetswe lefifi le lentshontsho.+
18 Gonne ba bua dilo tse di utlwalang di le botlhokwa mme gone di se na mosola. Ba dirisa dikeletso tse di sa siamang+ le ditiro tsa boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale* go raela batho ba ba sa tswang go ikgaoganya le batho ba ba dirang dilo tse di bosula.+
19 Fa ba ntse ba solofetsa batho bao kgololesego, bone ka bobone ke batlhanka ba boleo;+ gonne fa mongwe a fenngwa ke yo mongwe, ke motlhanka wa motho yoo.*+
20 Eleruri fa e le gore kitso ya boammaaruri ya Morena le Mmoloki wa rona e bong Jesu Keresete e ne ya thusa batho go tlogela dilo tse di leswafatsang tsa lefatshe,+ mme ba bo ba boela gape mo dilong tseo ba di letla gore di ba laole, maemo a bone a nna maswe go feta kwa tshimologong.+
21 Go ka bo go nnile botoka gore ba se ka ba itse tsela e e siameng le ditaelo tsa Modimo, go na le gore fa ba sena go di itse ba bo ba di tlogela.+
22 Ba diragaletswe ke se se buiwang ke seane seno se se boammaaruri: “Ntša e boetse kwa matlhatseng a yone, mme kolobe e e neng e tlhapisitswe e boetse gape kwa seretseng gore e ye go bidikama.”+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa gongwe “a ba tsenya mo dikhuting.”
^ Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Bona Dintlha A5.
^ Go tewa ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong.
^ Kgotsa “ba ba lebelang borena kwa tlase.”
^ Kgotsa “ba fa pele ga ga.”
^ Bona Dintlha A5.
^ Kgotsa “tse ka tlholego di tsaletsweng.”
^ Kgotsa “Matlho a bone a tletse boaka.”
^ Kgotsa “Ba katisitse dipelo tsa bone gore di nne bogagaru.”
^ Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “a fenngwa ke sengwe, ke motlhanka wa selo seo.”