Samuele wa Bobedi 21:1-22

  • Bagibeone ba ipusolosetsa mo go ba lelapa la ga Saulo (1-14)

  • Baiseraele ba lwa le Bafilisitia (15-22)

21  Jaanong go ne ga nna le leuba+ mo motlheng wa ga Dafide dingwaga di le tharo tse di latelanang, ka jalo, Dafide o ne a botsa Jehofa mme Jehofa o ne a re: “Saulo le ba lelapa la gagwe ba na le molato wa madi, ka gonne o bolaile Bagibeone.”+ 2  Ka jalo, kgosi e ne ya bitsa Bagibeone+ mme ya bua le bone. (Bagibeone e ne e se Baiseraele, mme e ne e le Baamore+ ba ba neng ba setse, mme Baiseraele ba ne ba ikanne gore ba tla ba tlogela ba tshela,+ le fa go ntse jalo, Saulo o ne a batla go ba kgemetha ka gonne o ne a tlhagafetse thata a batla go thusa batho ba Iseraele le Juda.) 3  Dafide o ne a raya Bagibeone a re: “Ke tla lo direla eng, le gone ke tla tlosa boleo jono jang, gore lo tle lo segofatse boswa jwa ga Jehofa?” 4  Bagibeone ba ne ba mo raya ba re: “Kgang eno ga e tlhoke gore Saulo le ba lelapa la gagwe ba ntshe selefera kgotsa gauta;+ e bile ga re ka ke ra bolaya motho ope mo Iseraele.” Foo Dafide o ne a re: “Sepe fela se lo se buang, ke tla se lo direla.” 5  Ba ne ba raya kgosi ba re: “Monna yo o neng a re fedisa a bo a loga leano la go re nyeletsa gore re se ka ra nna gope mo nageng ya Iseraele+ . . . 6  mma re newe bomorwawe ba le supa. Re tla kaletsa ditopo tsa bone*+ fa pele ga ga Jehofa kwa Gibea+ wa ga Saulo, ene yo Jehofa a neng a mo tlhophile.”+ Foo kgosi e ne ya re: “Ke tla lo ba naya.” 7  Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya tlhomogela Mefiboshethe,+ morwa Jonathane morwa Saulo pelo ka ntlha ya maikano a Dafide le Jonathane,+ morwa Saulo ba neng ba a dirile fa pele ga ga Jehofa. 8  Ka jalo, kgosi e ne ya tsaya Aremoni le Mefiboshethe, barwa ba babedi ba ga Risepa+ morwadia Aia ba a neng a ba tsholela Saulo, le barwa ba batlhano ba ga Mikale*+ morwadia Saulo ba a neng a ba tsholela Aderiele+ morwa Barisilai wa Momehola. 9  Go tswa foo, o ne a ba naya Bagibeone mme ba kaletsa ditopo tsa bone mo thabeng fa pele ga ga Jehofa.+ Botlhe ba le supa ba ne ba swa mmogo; ba ne ba bolawa mo malatsing a ntlha a thobo, fa thobo ya barele* e ne e simologa. 10  Morago ga moo, Risepa+ morwadia Aia o ne a tsaya letsela la kgetsi mme a le ala mo godimo ga lefika go tloga kwa tshimologong ya thobo go fitlha pula e tswa kwa magodimong e tshologela mo ditopong tsa bone; ga a ka a letla dinonyane tsa magodimo gore di kotame mo godimo ga tsone motshegare kgotsa gore dibatana di di atamele bosigo. 11  Dafide o ne a bolelelwa se mogadingwana wa ga Saulo e bong Risepa morwadia Aia a se dirileng. 12  Ka jalo, Dafide o ne a ya go tsaya marapo a ga Saulo le marapo a ga Jonathane morwawe kwa baeteledipeleng* ba Jabeshe-gileade,+ ba ba neng ba ba utswile mo patlelong ya Bethe-shane, kwa Bafilisitia ba neng ba ba kaleditse gone ka letsatsi la fa Bafilisitia ba ne ba tlhaba Saulo kwa Gileboa.+ 13  O ne a tla le marapo a ga Saulo le marapo a ga Jonathane morwawe go tswa koo, mme gape ba ne ba phutha marapo a banna ba ba neng ba bolailwe.*+ 14  Go tswa foo, ba ne ba fitlha marapo a ga Saulo le a ga Jonathane morwawe mo lefatsheng la Benjamine kwa Seela+ mo lebitleng la ga Kishe+ rraagwe. Fa ba sena go dira sengwe le sengwe se kgosi e neng e se laetse, Modimo o ne a reetsa dithapelo tse ba neng ba di rapela ka lefatshe leo.+ 15  Bafilisitia le Baiseraele ba ne ba lwa gape.+ Ka jalo, Dafide le batlhanka ba gagwe ba ne ba tsamaya mme ba ya go tlhabana le Bafilisitia, le fa go ntse jalo Dafide o ne a lapa. 16  Setlogolwana sa Barefaime,+ yo o bidiwang Ishibi-benobe, yo lerumo la gagwe la kopore le neng le le bokete jwa dishekele di le 300*+ le yo o neng a tlhometse ka tšhaka e ntšha, o ne a ikemiseditse go bolaya Dafide. 17  Gone fela foo, Abishai+ morwa Seruia o ne a tla go mo thusa+ mme a tlhaba Mofilisitia yoo a bo a mmolaya. Ka nako eo, banna ba ga Dafide ba ne ba mo ikanela jaana: “Ga o kitla o tlhola o tsamaya le rona go ya tlhabanong!+ Ga o a tshwanela go tima lobone lwa Iseraele!”+ 18  Morago ga seno, Baiseraele ba ne ba lwa gape le Bafilisitia+ kwa Gobe. Ka nako eo, Sibekai+ wa Mohusha o ne a bolaya Safe, yo e neng e le setlogolwana sa Barefaime.+ 19  Mme go ne ga lowa gape le Bafilisitia+ kwa Gobe, mme Elehanane morwa Jaare-oregime wa Mobethelehema o ne a bolaya Goliathe wa Mogathe, yo lerumo la gagwe le neng le na le thobane e e tshwanang le logong lwa balogi.+ 20  Go ne ga nna le ntwa e nngwe gape kwa Gathe, kwa go neng go na le monna yo mogolo ka tsela e e sa tlwaelegang, a na le menwana e le 6 mo seatleng sengwe le sengwe le menwana e le 6 mo lonaong longwe le longwe, yotlhe e le 24; mme le ene e ne e le setlogolwana sa Barefaime.+ 21  O ne a nna a kgoba Iseraele.+ Ka jalo, Jonathane morwa Shimei,+ morwarraagwe Dafide, o ne a mmolaya. 22  Ba banê bano e ne e le ditlogolwana tsa Barefaime kwa Gathe, mme ba ne ba wa ka seatla sa ga Dafide le ka seatla sa batlhanka ba gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Re tla ba baya mo pontsheng,” go tewa ba robilwe mabogo le maoto.
Kgotsa gongwe “Merabe.”
Semela se se tshwanang le korong.
Kgotsa gongwe “beng ba naga.”
Seheb., “ba beilwe mo pontsheng.”
Mo e ka nnang 3,42 kg. Bona Dintlha B14.