Samuele wa Bobedi 12:1-31

  • Nathane o kgalemela Dafide (1-15a)

  • Morwa wa ga Bathe-sheba o a swa (15b-23)

  • Bathe-sheba o tshola Solomone (24, 25)

  • Motse wa Baamone wa Raba, o a gapiwa (26-31)

12  Ka jalo, Jehofa o ne a romela Nathane+ kwa go Dafide. O ne a ya kwa go ene+ mme a re: “Go ne go na le banna ba le babedi mo motseng o le mongwe, yo mongwe o ne a humile mme yo mongwe a humanegile. 2  Monna yo o humileng o ne a na le dinku le dikgomo di le dintsi thata;+ 3  mme monna yo o humanegileng ene o ne a se na sepe fa e se kwanyana e le nngwe e namagadi, e a neng a e rekile.+ O ne a e tlhokomela, mme e ne e gola mmogo le ene le bomorwawe. E ne e tle e je mo dijong tse dinnye tse a neng a na le tsone e bo e nwa se se tswang mo koping ya gagwe e bile e ne e robala mo mabogong a gagwe. E ne ya nna jaaka morwadie. 4  Moragonyana go ne ga tla moeng kwa monneng wa mohumi, mme o ne a se ka a tsaya epe ya dinku le dikgomo tsa gagwe gore a direle motsamai yo o neng a tlile kwa go ene dijo. Go na le moo, o ne a tsaya kwanyana ya monna yo o humanegileng a bo a e tlhabela monna yo a neng a tlile kwa go ene.”+ 5  Foo Dafide o ne a galefela monna yoo fela thata, mme o ne a raya Nathane a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang,+ monna yo o dirileng seno o tshwanelwa ke go swa! 6  Mme o tshwanetse go duelela kwanyana eo makgetlo a le manê,+ ka gonne a dirile seno e bile a sa nna pelotlhomogi.” 7  Go tswa foo, Nathane o ne a raya Dafide a re: “Ke wena monna yoo! Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: ‘Nna ka bonna ke ne ka go tlotsa gore o nne kgosi ya Iseraele+ e bile ke ne ka go golola mo seatleng sa ga Saulo.+ 8  Ke ne ke ikemiseditse go go naya dithoto tsa mong wa gago+ le basadi ba mong wa gago,+ mme ke ne ka go naya batho ba Iseraele le ba Juda gore o ba buse.+ Mme jaaka e kete seo se ne se sa lekana, ke ne ke ikemiseditse go go direla dilo di le dintsi thata.+ 9  Ke ka ntlha yang fa o ile wa nyatsa se Jehofa a se buileng ka go dira se se bosula mo matlhong a gagwe? O kgemethile Uria wa Mohite ka tšhaka!+ Go tswa foo, o ne wa tsaya mosadi wa gagwe gore e nne mosadi wa gago+ fa o sena go mmolaya ka tšhaka ya Baamone.+ 10  Jaanong tšhaka ga e kitla e tswa mo lelapeng la gago+ ka gonne o ne wa nnyatsa ka go tsaya mosadi wa ga Uria wa Mohite gore e nne mosadi wa gago.’ 11  Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Ke go tlisetsa masetlapelo go tswa mo lelapeng la gago;+ mme ke tla tsaya basadi ba gago ke bo ke ba naya monna yo mongwe*+ fa pele ga matlho a gago, mme ene o tla tlhakanela dikobo le basadi ba gago letsatsi le penne.*+ 12  Le fa gone o dirile seno mo sephiring,+ nna ke tla dira seno fa pele ga Iseraele yotlhe letsatsi le penne.’”* 13  Foo Dafide o ne a raya Nathane a re: “Ke leofetse Jehofa.”+ Nathane o ne a araba Dafide a re: “Jehofa le ene o itshwarela boleo jwa gago.*+ Ga o kitla o swa.+ 14  Le fa go ntse jalo, e re ka o ile wa nyatsa Jehofa thata mo kgannyeng eno, morwa yo o sa tswang go mo tsholelwa ruri o tla swa.” 15  Go tswa foo, Nathane o ne a ya kwa ntlong ya gagwe. Mme Jehofa o ne a dira gore ngwana yo mosadi wa ga Uria a neng a mo tsholetse Dafide a lwale. 16  Dafide o ne a rapela Modimo wa boammaaruri ka ntlha ya mosimane. Dafide o ne a itima dijo gotlhelele mme o ne a tle a tsene mo phaposing ya gagwe a bo a fetsa bosigo jotlhe a rapame fa fatshe.+ 17  Ka jalo, bagolwane ba ntlo ya gagwe ya segosi ba ne ba ema fa go ene mme ba leka go mo emisa, le fa go ntse jalo, o ne a gana e bile o ne a sa je le bone. 18  Mo letsatsing la bosupa ngwana yoo o ne a swa, mme batlhanka ba ga Dafide ba ne ba boifa go mmolelela gore ngwana o ne a sule. Ba ne ba re: “Fa ngwana a ne a sa ntse a tshela re ne ra bua le ene, mme o ne a se ka a re reetsa. Ka jalo, re ka mmolelela jang gore ngwana o sule? A ka nna a dira sengwe se se maswe.” 19  E rile Dafide a bona batlhanka ba gagwe ba sebaseba, o ne a lemoga gore ngwana o sule. Dafide o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “A ngwana o sule?” Ba ne ba araba ba re: “O sule.” 20  Ka jalo, Dafide o ne a tsoga fa fatshe. O ne a tlhapa, a itshasa leokwane,+ a apara diaparo di sele mme o ne a ya kwa ntlong+ ya ga Jehofa a bo a obama. Morago ga moo, o ne a ya kwa ntlong* ya gagwe mme a kopa gore a tlisediwe dijo, mme o ne a ja. 21  Batlhanka ba gagwe ba ne ba mmotsa jaana: “Goreng o itshwere ka tsela eno? Fa ngwana a ne a sa ntse a tshela o ne o itima dijo e bile o nna o lela; mme fela fa ngwana a sena go swa, o ne wa tsoga mme wa ja dijo.” 22  O ne a araba jaana: “Fa ngwana a ne a sa ntse a tshela, ke ne ke itima dijo+ e bile ke nna ke lela ka gonne ke ne ke ipolelela ke re, ‘Ke mang yo o itseng gore a Jehofa a ka nna a nkutlwela botlhoko mme a letla ngwana gore a tshele?’+ 23  E re ka jaanong a sule, goreng ke tshwanetse go itima dijo? A nka kgona go mo tsosa?+ Ke tla ya kwa go ene,+ mme ene ga a kitla a boela kwa go nna.”+ 24  Go tswa foo, Dafide o ne a gomotsa mosadi wa gagwe e bong Bathe-sheba.+ O ne a tsena kwa go ene mme a tlhakanela dikobo le ene. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a tshola morwa mme o ne a bidiwa Solomone.*+ Mme Jehofa o ne a mo rata,+ 25  e bile o ne a romela molaetsa ka moporofeti Nathane+ gore a bidiwe Jedidia,* ka ntlha ya ga Jehofa. 26  Joabe o ne a tswelela a tlhabana le Raba+ wa Baamone+ mme o ne a gapa motse wa segosi.*+ 27  Ka jalo, Joabe o ne a romela barongwa kwa go Dafide mme a re: “Ke tlhabane le Raba,+ e bile ke gapile motse wa metsi.* 28  Jaanong phutha masole a mangwe otlhe mme o tlhasele motse o bo o o gapa. Go seng jalo, ke nna yo ke tla gapang motse, mme ke tla tlotlomadiwa ka ntlha ya seo.”* 29  Ka jalo, Dafide o ne a phutha masole otlhe mme a ya kwa Raba a bo a tlhabana le yone mme a e gapa. 30  Go tswa foo, o ne a rola Malekame serwalo sa tlhogo. Bokete jwa sone e ne e le talenta* ya gauta, mmogo le maje a a tlhwatlhwakgolo, mme se ne sa rwesiwa Dafide. Gape o ne a gapa dilo di le dintsi thata mo motseng.+ 31  Mme o ne a ntsha batho ba ba neng ba le mo go one a bo a ba naya tiro ya go shaga maje, ya go bereka ka didirisiwa tsa tshipi tse di bogale le ka dilepe tsa tshipi, le ya go dira ditena. Seo ke se a neng a se dira metse yotlhe ya Baamone. La bofelo Dafide le masole otlhe ba ne ba boela kwa Jerusalema.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “motho yo mongwe.”
Seheb., “mo matlhong a letsatsi leno.”
Seheb., “fa pele ga letsatsi.”
Kgotsa “o letla boleo jwa gago bo feta.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Go tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “Kagiso.”
Mo go kayang “Yo o Ratiwang ke Jah.”
Kgotsa “motse wa bogosi.”
Gongwe go tewa metswedi ya metsi a motse.
Seheb., “mme leina la me le tla bidiwa mo go one.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.