Samuele wa Bobedi 15:1-37

  • Abesalome o loga leano la boferefere e bile o a tlhanoga (1-12)

  • Dafide o tshaba mo Jerusalema (13-30)

  • Ahitofele o ikopanya le Abesalome (31)

  • Hushai o romiwa go ya go tlhakatlhakanya leano la ga Ahitofele (32-37)

15  Morago ga dilo tseno tsotlhe, Abesalome o ne a ipatlela kara le dipitse le banna ba le 50 gore ba siane fa pele ga gagwe.+ 2  Abesalome o ne a tle a tsoge phakela thata a bo a ema fa thoko ga tsela e e yang kwa kgorong ya motse.+ Nako le nako fa mongwe a na le kgang e e neng e tshwanetse go ya kwa kgosing gore e atlholwe,+ Abesalome o ne a mmitsa a bo a re: “O tswa kwa motseng ofe?” mme ene o ne a re: “Nna motlhanka wa gago ke tswa kwa lotsong longwe lwa Iseraele.” 3  Abesalome o ne a mo raya a re: “Bona, se o se kopang se siame e bile se a tshwanela, mme ga go na ope yo o tswang kwa kgosing yo o ka reetsang kgetsi ya gago.” 4  Abesalome o ne a re: “E kete nkabo ke tlhomilwe go nna moatlhodi mo lefatsheng leno! Foo motho mongwe le mongwe yo o nang le kgang kgotsa ngongorego o ne a tla tla kwa go nna, mme ke ne ke tla tlhomamisa gore o direlwa tshiamiso.” 5  Mme fa motho a ne a atamela gore a mo ikobele, Abesalome o ne a tle a ntshe seatla sa gagwe a bo a mo tshwara a mo suna.+ 6  Abesalome o ne a tle a dire jalo ka Baiseraele botlhe ba ba neng ba tsena kwa kgosing gore dikgetsi tsa bone di atlholwe; ka jalo, Abesalome o ne a nna a utswa dipelo tsa batho ba Iseraele.+ 7  Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le nnê,* Abesalome o ne a raya kgosi a re: “Tsweetswee, mma ke ye kwa Heberone+ ke ye go duela maikano a me a ke a diretseng Jehofa. 8  Gonne nna motlhanka wa gago ke ne ka dira maikano ano a a masisi+ fa ke ne ke nna kwa Geshure+ kwa Siria: ‘Fa Jehofa a ka mpusetsa kwa Jerusalema, ke tla ntshetsa* Jehofa setlhabelo.’” 9  Ka jalo, kgosi e ne ya mo raya ya re: “Tsamaya ka kagiso.” Foo o ne a tsamaya mme a ya kwa Heberone. 10  Jaanong Abesalome o ne a romela ditlhola kwa ditsong tsotlhe tsa Iseraele, a re: “Fela fa lo utlwa modumo wa lonaka, lo re, ‘Jaanong Abesalome ke kgosi kwa Heberone!’”+ 11  Jaanong banna ba le 200 go tswa kwa Jerusalema ba ne ba tsamaya le Abesalome; ba ne ba laleditswe mme ba tsamaya fela ba sa itse sepe, ba sa lemoge se se neng se direga. 12  Mo godimo ga moo, fa Abesalome a ne a ntsha ditlhabelo, o ile a laela gore go bidiwe Ahitofele+ wa Mogilo, mogakolodi wa ga Dafide,+ go tswa kwa motseng wa gagabo wa Gilo.+ Mme leano la boferefere le ne la nna la gola, e bile batho ba ba neng ba ema Abesalome nôkeng ba ne ba oketsega ka palo.+ 13  Fa nako e ntse e tsamaya, mongwe yo o tlisang dikgang o ne a tla kwa go Dafide, a mmegela jaana: “Pelo ya banna ba Iseraele e setse e retologetse kwa go Abesalome.” 14  Ka yone nako eo, Dafide o ne a raya batlhanka botlhe ba gagwe ba ba nang le ene mo Jerusalema a re: “Tlang, a re tshabeng,+ ka gonne ga go na ope wa rona yo o tla falolang Abesalome! Itlhaganeleng, ka gonne a ka nna a re tshwara mme a re tlisetsa masetlapelo a bo a kgemetha motse ka tšhaka!”+ 15  Batlhanka ba kgosi ba ne ba araba kgosi ba re: “Sepe fela se morena wa rona kgosi a swetsang go se dira, batlhanka ba gago ba ikemiseditse go se dira.”+ 16  Ka jalo, kgosi e ne ya tswa ya tsamaya batho botlhe ba lelapa la yone ba e setse morago, le fa go ntse jalo kgosi e ne ya tlogela bagadingwana ba le lesome+ gore ba tlhokomele ntlo.* 17  Mme kgosi e ne ya tsamaya e setswe morago ke batho botlhe, mme ba ne ba ema kwa Bethe-merehake. 18  Batlhanka botlhe ba gagwe ba ba tsamayang le ene* le Bakeretha, Bapelethe+ le Bagathe+ botlhe, banna ba le 600 ba ba neng ba mo setse morago go tswa kwa Gathe,+ ba ne ba feta fa pele ga kgosi e ntse e ba tlhatlhoba.* 19  Foo kgosi e ne ya raya Itai+ wa Mogathe ya re: “Goreng le wena o tshwanetse go tsamaya le rona? Boa mme o ye go nna le kgosi e ntšha, ka gonne o motswakwa e bile o motshabi go tswa kwa lefelong la gaeno. 20  O sa tswa go goroga, jaanong goreng gompieno ke tshwanetse go dira gore o tsamaye le nna gongwe le gongwe kwa ke yang teng? Boa mme o tsamaye le banna ba gago, mme e kete Jehofa a ka go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi!”+ 21  Le fa go ntse jalo, Itai o ne a araba kgosi a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena morena wa me kgosi, gongwe le gongwe kwa o tla bong o le gone morena wa me kgosi, e ka ne o a swa kgotsa o a tshela, nna motlhanka wa gago ke tla nna gone koo!”+ 22  Foo Dafide o ne a raya Itai+ a re: “Tsamaya mme o kgabaganye.” Ka jalo, Itai wa Mogathe o ne a kgabaganya a na le banna botlhe ba gagwe le bana. 23  Mongwe le mongwe mo lefatsheng leo o ne a goa a lela fa batho bano botlhe ba ne ba kgabaganya, mme kgosi e ne e eme fa Mokgatšheng wa Kiderone;+ batho botlhe ba ne ba kgabaganyetsa mo tseleng e e yang kwa nageng. 24  Sadoke+ le ene o ne a le koo mme Balefi+ botlhe ba ne ba na le ene ba tshotse letlole+ la kgolagano ya Modimo wa boammaaruri;+ mme ba ne ba baya Letlole la Modimo wa boammaaruri fa fatshe; mme Abiathare+ le ene o ne a ya koo, fa batho botlhe ba ntse ba feleletsa go kgabaganya mokgatšha ba tswa mo motseng. 25  Mme kgosi e ne ya raya Sadoke ya re: “Busetsa Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa motseng.+ Fa e le gore Jehofa o a nkamogela, o tla mpusetsa kwano gape a bo a dira gore ke bone Letlole leno le lefelo le le nnang mo go lone.+ 26  Le fa go ntse jalo, fa a ka re, ‘Ga ke go itumelele,’ foo a a ntire sepe fela se a bonang se le molemo mo matlhong a gagwe.” 27  Kgosi e ne ya raya moperesiti Sadoke ya re: “A ga o mmoni?*+ Wena le Abiathare boelang kwa motseng ka kagiso, mme lo tsamaye le bomorwaalona ba babedi, morwao e bong Ahimaase le Jonathane+ morwa Abiathare. 28  Bonang, ke tla leta gaufi le karolo ya naga e batho ba kgabaganyang Joredane mo go yone go fitlha lo nthomelela molaetsa lo mpolelela se se diregang kwa motseng.”+ 29  Ka jalo, Sadoke le Abiathare ba ne ba busetsa Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa Jerusalema, mme ba ne ba tswelela ba le koo. 30  Fa Dafide a tlhatlogela kwa Thabeng* ya Lotlhware,+ o ne a tsamaya a ntse a lela; a ikhurumeditswe tlhogo, e bile o ne a tsamaya a sa rwala sepe mo dinaong. Batho botlhe ba ba nang le ene le bone ba ne ba ikhurumeditse ditlhogo, mme ba ne ba tsamaya ba ntse ba lela. 31  Foo Dafide o ne a bolelelwa jaana: “Ahitofele ke mongwe wa ba ba logang leano la boferefere+ le Abesalome.”+ Ka yone nako eo, Dafide o ne a re: “Tsweetswee tlhe Jehofa,+ fetola kgakololo ya ga Ahitofele gore e nne kgakololo ya boeleele!”+ 32  E rile Dafide a fitlha kwa setlhoeng sa thaba kwa batho ba neng ba tle ba ikobele Modimo gone, Hushai+ wa Moareka+ o ne a le koo a tlile go mo kgatlhantsha, seaparo sa gagwe se seleele se gagogantswe e bile a le lerole mo tlhogong. 33  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a mo raya a re: “Fa o kgabaganya le nna, o tla nna morwalo mo go nna. 34  Mme fa o boela kwa motseng o bo o raya Abesalome o re, ‘Ke motlhanka wa gago, wena Kgosi. Mo nakong e e fetileng ke ne ke le motlhanka wa ga rrago, mme jaanong ke motlhanka wa gago,’+ foo o ka nthusa mme wa kgoreletsa kgakololo ya ga Ahitofele.+ 35  A ga o na le moperesiti Sadoke le moperesiti Abiathare koo? O tshwanetse go bolelela Sadoke le Abiathare ba e leng baperesiti sengwe le sengwe se o se utlwang mo lelapeng la kgosi.+ 36  Ba na le bomorwaabone ba babedi teng koo, Ahimaase+ morwa Sadoke le Jonathane+ morwa Abiathare, mme lo ba romele gore ba tle go nkitsise sengwe le sengwe se lo se utlwang.” 37  Ka jalo Hushai, tsala* ya ga Dafide,+ o ne a ya kwa motseng fa Abesalome ene a ne a tsena mo Jerusalema.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “dingwaga di le 40.”
Kgotsa “obamela.” Seheb., “direla.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Kgotsa “ba ba kgabaganyang fa thoko ga gagwe.”
Kgotsa “ba ne ba kgabaganya fa pele ga sefatlhego sa kgosi.”
Kgotsa “thotaneng.”
Kgotsa “mogakolodi.”