Samuele wa Bobedi 22:1-51
22 Mme Dafide o ne a opelela Jehofa pina eno+ mo letsatsing le Jehofa a neng a mo golola ka lone mo seatleng sa baba botlhe ba gagwe+ le mo seatleng sa ga Saulo.+
2 O ne a re:
“Jehofa ke lefika la me le kago ya me e e thata+ e bile ke Ene yo o nkgololang.+
3 Modimo wa me ke lefika+ la me, yo ke tshabelang kwa go ene,Thebe+ ya me le lonaka* lwa me lwa poloko,* lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng*+Le lefelo la me le ke tshabelang kwa go lone,+ mmoloki+ wa me; wena yo o mpolokang mo thubakanyong.
4 Ke biletsa kwa go Jehofa, yo o tshwanelwang ke go bakwa,Mme ke tla gololwa mo babeng ba me.
5 Makhubu a loso a ne a itaagana go ntikologa;+Banna ba ba se nang mosola ba ba jaaka merwalela ya tshoganyetso ba ne ba ntshosa.+
6 Dikgole tsa Lebitla* di ne di mpofile;+Loso lo ne lo mpeetse serai.+
7 Ke ne ka bitsa Jehofa fa ke le mo matshwenyegong,+Ke ne ka nna ka goela kwa Modimong wa me.
Foo o ne a utlwa lentswe la me a le kwa tempeleng ya gagwe,Mme selelo sa me ke kopa thuso se ne sa fitlha mo ditsebeng tsa gagwe.+
8 Lefatshe le ne la simolola go tshikinyega le go reketla;+Metheo ya magodimo e ne ya roroma,+Mme e ne ya kgotlhokgotshega ka gonne Modimo a ne a galefisitswe.+
9 Mosi o ne wa tlhatloga o tswa mo marobeng a dinko tsa gagwe,Le molelo o o lailang o ne wa tswa mo molomong wa gagwe;+Go ne ga tswa magala a a tukang mo go ene.
10 O ne a dira gore magodimo a obege fa a ntse a fologa,+Mme lefifi le lentshontsho le ne le le ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.+
11 O ne a palama tšheruba+ mme a tla a fofa.
O ne a bonala mo diphukeng tsa moya.*+
12 Go tswa foo, o ne a baya lefifi go mo dikologa jaaka lefelo la bonno,+Mo metsing a a lefifi le mo marung a mantshontsho.
13 Magala a a tukang a ne a tswa mo phatsimong e e fa pele ga gagwe.
14 Go tswa foo, Jehofa o ne a simolola go duma a le kwa legodimong;+Mogodimodimo o ne a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe.+
15 O ne a hula metswi ya gagwe+ mme a ba gasamisa;O ne a romela legadima, mme a ba tlhakanya tlhogo.+
16 Boalo jwa lewatle bo ne jwa bonala;+Metheo ya lefatshe e ne ya senolwa ke kgalemo ya ga Jehofa,E ne ya senolwa ke go tsubutla ga mohemo wa maroba a dinko tsa gagwe.+
17 O ne a otlolola seatla sa gagwe a le kwa godimo;O ne a ntshwara mme a nkgoga gore ke tswe mo metsing a a boteng.+
18 O ne a nkgolola mo mmabeng wa me yo o nonofileng,+Mo go ba ba ntlhoileng, ba ba neng ba nonofile go mpheta.
19 Ba ne ba ntlhasela mo letsatsing la fa ke ne ke le mo masetlapelong,+Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nkema nôkeng.
20 O ne a ntlisa mo lefelong le le sireletsegileng;*+O ne a nkgolola ka gonne ke ne ke mo itumedisa.+
21 Jehofa o nnaya maduo ka gonne ke siame;+O a ntuela ka gonne ga ke na molato.*+
22 Gonne ke ikobela melao ya ga Jehofa ka metlha,E bile ga ke a dira selo se se bosula ka go latlha Modimo wa me.
23 Dikatlholo+ tsa gagwe tsotlhe di fa pele ga me;Ga nkitla ke fapoga mo melaong ya gagwe.+
24 Ke tla nna ke le yo o siameng+ fa pele ga gagwe,E bile ke tla ithiba gore ke se ka ka dira molato ope.+
25 E kete Jehofa a ka ntuela go ya ka tshiamo ya me,+Go ya ka go tlhoka molato ga me fa pele ga gagwe.+
26 Jehofa o ikanyega mo bathong ba ba ikanyegang;+Fa motho a se na molato, o dirisana le ene ka go tlhoka molato;+
27 Fa motho a le molemo, o mo direla se se molemo,+Le fa go ntse jalo, fa motho a tsietsa, wena o itshupa o le botlhale.*+
28 Gonne o golola batho ba ba boikokobetso,+Le fa go ntse jalo, o tlhoile ba ba mabela, e bile o a ba kokobetsa.+
29 Gonne o lobone lwa me, wena Jehofa;+Jehofa ke ene a dirang gore lefifi le le ntikologileng le fetoge lesedi.+
30 Ka thuso ya gago nka kgona go tlhasela setlhopha sa dirukutlhi;Ka maatla a Modimo nka kgona go tlola lobota.+
31 Sengwe le sengwe se Modimo wa boammaaruri a se dirang ga se na molato;*+Lefoko la ga Jehofa le itshekile.*+
Modimo ke thebe mo go botlhe ba ba tshabelang mo go ene.+
32 Tota Modimo ke mang fa e se Jehofa?+
E bile lefika ke mang fa e se Modimo wa rona?+
33 Modimo wa boammaaruri ke kago ya me ya phemelo e e nonofileng,+Mme o tla tlhamalatsa ditsela tsa me.+
34 O dira gore dinao tsa me di nne jaaka tsa kgama;O nkemisa mo mafelong a a kwa godimo.+
35 O katisetsa diatla tsa me ntwa;Mabogo a me a kgona go oba bora jwa kopore.
36 O nnaya thebe ya gago ya poloko,Mme boikokobetso jwa gago bo dira gore ke nne mogolo.+
37 O direla dikgato tsa me tselana e e bulegileng;Dinao* tsa me ga di kitla di relela.+
38 Ke tla lelekisa baba ba me ke bo ke ba fedisa;Ga nkitla ke boa go fitlha ba fedisitswe.
39 Ke tla ba nyeletsa ke bo ke ba thubaganya, gore ba se ka ba ema;+Ba tla wela ka fa tlase ga dinao tsa me.
40 O tla nnaya maatla gore ke ye tlhabanong;+O tla dira gore baba ba me ba phutlhame ka fa tlase ga me.+
41 O tla dira gore baba ba me ba ntshabe;*+Ke tla fedisa* ba ba ntlhoileng.+
42 Ba goa ba kopa thuso, mme ga go na yo o ba gololang;E bile ba goela kwa go Jehofa, mme ga a ba arabe.+
43 Ke tla ba thuga gore ba nne boleta jaaka lorole lwa lefatshe;Ke tla ba sila ke bo ke ba gataka jaaka seretse mo mebileng.
44 O tla nkgolola mo bathong ba gaetsho ba ba tshwayatshwayang diphoso.+
O tla ntshireletsa gore ke nne tlhogo ya ditšhaba;+Batho ba ke iseng ke tsamaye ke ba itse ba tla ntirela.+
45 Batswakwa ba tla tla ba ikokobeditse fa pele ga me;+Se ba se utlwang ka nna se tla dira gore ba inkobele.*
46 Batswakwa ba tla kgobega marapo;*Ba tla tswa mo dikagong tsa bone tse di thata ba roroma.
47 Jehofa o a tshela! A go bakwe Lefika la me!+
A Modimo yo e leng lefika la poloko ya me a godisiwe.+
48 Modimo wa boammaaruri o diragatsa pusoloso mo boemong jwa me;+O baya ditšhaba ka fa tlase ga me;+
49 O mphalotsa mo babeng ba me.
O ntsholeletsa kwa godimo+ ga ba ba ntlhaselang;O nkgolola mo mothong yo o ratang thubakanyo.+
50 Ke gone ka moo ke tla go lebogang mo ditšhabeng Jehofa,+Mme ke tla opelela* leina la gago dipako:+
51 O dira ditiro tse dikgolo gore a boloke kgosi ya gagwe;*+O bontsha motlodiwa wa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng,O lo bontsha Dafide le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.”+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “mmoloki wa me yo o maatla.”
^ Kgotsa “kago e e sireletsegileng.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “tsa phefo.”
^ Kgotsa “lefelo le le bulegileng.”
^ Seheb., “ke phepa.”
^ Kgotsa gongwe “o itshwara jaaka sematla.”
^ Seheb., “se itekanetse.”
^ Kgotsa “le lekilwe ka molelo.”
^ Kgotsa “Manyengana.”
^ Kgotsa “O tla nnaya mekwatla ya baba ba me.”
^ Seheb., “didimatsa.”
^ Seheb., “Fa ba utlwa ka tsebe, ba tla inkobela.”
^ Kgotsa “ba tla nyelela.”
^ Kgotsa “letsa mmino.”
^ Kgotsa “O tlisetsa kgosi ya gagwe diphenyo tse dikgolo.”