Duteronome 23:1-25

  • Ba ba sa tshwanelegeng go tsena mo phuthegong ya Modimo (1-8)

  • Bophepa mo kampeng (9-14)

  • Batlhanka ba ba tshabileng (15, 16)

  • Go gweba ka mmele ga go a letlelelwa (17, 18)

  • Morokotso le maikano (19-23)

  • Se bafetikatsela ba letleletsweng go se ja (24, 25)

23  “Go se nne le monna ope yo o opafaditsweng ka go letla gore dikgeleswa tsa gagwe tsa bonna di thubiwe kgotsa yo o neng a letla gore serwe sa gagwe sa bonna se kgaolwe, yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.+ 2  “Go se nne le morwa ope yo o tshotsweng pele ga lenyalo yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.+ Tota le go ya kokomaneng ya bolesome, ope wa ditlogolwana tsa gagwe a se ka a tsena mo phuthegong ya ga Jehofa. 3  “Go se nne le Moamone ope kgotsa Momoabe ope yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.+ Tota le go ya kokomaneng ya bolesome, ope wa ditlogolwana tsa bone le ka motlha a se ka a tsena mo phuthegong ya ga Jehofa, 4  ka gonne ba ne ba se ka ba lo thusa ka dijo le metsi fa lo ne lo le mo tseleng lo tswa kwa Egepeto,+ le ka gonne ba ne ba lo thapela Balaame morwa Beore yo o tswang kwa Pethore wa Mesopotamia gore a lo hutse.+ 5  Le fa go ntse jalo, Jehofa, Modimo wa gago o ne a gana go reetsa Balaame.+ Go na le moo, Jehofa, Modimo wa gago o ne a fetola phutso eo gore e nne tshegofatso mo go wena+ ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o ne a go rata.+ 6  Le ka motlha o se ka wa dira sepe se se ka dirang gore dilo di ba tsamaele sentle kgotsa ba atlege malatsi otlhe a gago.+ 7  “Ga o a tshwanela go tlhoa Moedoma ka gonne ke morwarrago.+ “Ga o a tshwanela go tlhoa Moegepeto ka gonne o ne wa nna motswakwa kwa nageng ya gagabo.+ 8  Bana ba kokomana ya boraro ba ba tla ba tsholelwang ba ka nna ba tsena mo phuthegong ya ga Jehofa. 9  “Fa o tlhomile kampa ya gago gore o tlhasele baba ba gago, o ithibe mo go sengwe le sengwe se se bosula.*+ 10  Fa monna a itshekologa ka ntlha ya go tswa peo+ bosigo, a a tswele kwa ntle ga kampa mme a se ka a boela mo go yone. 11  Fa go nna maitseboa, a tlhape ka metsi, go tswa foo a ka nna a boela kwa kampeng fa letsatsi le phirima.+ 12  Go tlhophiwe lefelo le le kwa thoko* kwa ntle ga kampa, mme ke gone kwa lo tla ithomelang gone. 13  Mo didirisiweng tsa gago, go nne le kepu. Fa o kotama kwa ntle, o epe mosima ka yone, go tswa foo o bo o katela mantle a gago. 14  Gonne Jehofa, Modimo wa gago o mo kampeng ya gago+ gore a go golole le gore a tsenye baba ba gago mo seatleng sa gago, mme kampa ya gago e tshwanetse go nna boitshepo,+ gore a se ka a bona sepe se se sa siamang mo go wena mme a tlogela go tsamaya le wena. 15  “O se ka wa busetsa motlhanka kwa go mong wa gagwe fa a tshaba kwa go mong wa gagwe mme a tla kwa go wena. 16  A ka nna a aga mo lefelong lepe fela le a le tlhophang mo metseng mengwe ya gago, gongwe le gongwe fela kwa a batlang gone. Ga o a tshwanela go mo tshwara setlhogo.+ 17  “Go se nne le ope wa bomorwadia Iseraele yo o nnang mogwebakammele wa tempele+ e bile go se nne le ope wa bomorwa Iseraele yo o nnang mogwebakammele wa tempele.+ 18  Ga o a tshwanela go tlisa kwa ntlong ya ga Jehofa, Modimo wa gago, tlhwatlhwa e e duetseng mogwebakammele wa mosadi kgotsa tlhwatlhwa e e duetseng* mogwebakammele wa monna* e le go diragatsa maikano, ka gonne tsoopedi ke dilo tse di makgapha mo go Jehofa, Modimo wa gago. 19  “Ga o a tshwanela go duedisa morwarrago morokotso,+ e ka tswa e le morokotso wa madi, wa dijo kgotsa wa sepe fela se motho a ka duedisiwang morokotso wa sone. 20  O ka nna wa duedisa motswakwa morokotso,+ mme ga o a tshwanela go duedisa morwarrago morokotso,+ gore Jehofa, Modimo wa gago a go segofatse mo tirong nngwe le nngwe ya gago mo lefatsheng le o yang go le rua.+ 21  “Fa o direla Jehofa, Modimo wa gago maikano,+ o se ka wa nna bonya go a diragatsa.+ Gonne ruri Jehofa, Modimo wa gago o tla a batla mo go wena; go seng jalo, seo e tla nna boleo mo go wena.+ 22  Mme gone, fa o ithiba go dira maikano, ga o kitla o nna le molato wa boleo.+ 23  O boloke mafoko a molomo wa gago,+ mme o tshwanetse go diragatsa se molomo wa gago o se ikanetseng e le setlhabelo se se ntshediwang Jehofa, Modimo wa gago ka go rata.+ 24  “Fa o tsena mo tshimong ya morara* ya moagelani wa gago, o ka nna wa ja morara o o lekaneng go go kgorisa, mme gone o se ka wa tsenya ope wa one mo mmanking wa gago.+ 25  “Fa o tsena mo tshimong ya moagelani wa gago ya dijo tsa ditlhaka tse di iseng di robiwe, o ka nna wa kgetla diako* tse di buduleng ka seatla, mme gone o se ka wa kgaola dijo tsa ditlhaka tsa moagelani wa gago ka sekele.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “se se leswafatsang.”
Go tewa ntlwana ya boithomelo.
Kgotsa “dituelo tsa.”
Seheb., “ntša.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “karolo e e kwa godimo ya dijalo e e nang le dijo.”