Diane 8:1-36

  • Botlhale jo bo mothofaditsweng bo a bua (1-36)

    • ‘Ke nna wa ntlhantlha mo ditirong tsa Modimo’ (22)

    • ‘Ke le modiri yo o setswerere fa thoko ga Modimo’ (30)

    • “Ke ne ke rata batho fela thata” (31)

8  A botlhale ga bo tlhaeletse? A temogo ga e tsholetse lentswe la yone?+  2  Bo ema kwa mafelong a a kwa godimo+ go bapa le tsela,Bo ema mo makopanelong a ditsela.  3  Bo nna bo goela kwa godimoFa thoko ga dikgoro tse di yang kwa motseng,Kwa go tsenwang teng mo motseng, bo re:+  4  “Ke goela kwa go lona, lona batho;Ke bua le lona lotlhe.*  5  Lona ba lo se nang maitemogelo, ithuteng botlhale;+Lona dimatla, nnang le pelo e e tlhaloganyang.*  6  Reetsang, ka gonne se ke se buang se botlhokwa,Molomo wa me o bua se se siameng;  7  Gonne molomo wa me o bua boammaaruri ka lentswe le le kwa tlase,E bile o tlhoile se se bosula.  8  Sengwe le sengwe se ke se buang se siame. Ga go na sepe se ke se buang se se sa tlhamalalang kgotsa se se sokameng.  9  Mo bathong ba ba nang le temogo, mafoko a me a tlhamaletse otlheE bile a siame mo bathong ba ba boneng kitso. 10  Tsayang kotlhao ya me mo boemong jwa selefera,Le kitso go na le gauta e e di gaisang tsotlhe,+ 11  Gonne botlhale bo botoka go na le dikorale;*Dilo tse dingwe tsotlhe tse di eletsegang ga di ka ke tsa lekanngwa le jone. 12  Nna, botlhale, ke agile le temogo;Ke bone kitso le bokgoni jwa go akanya.+ 13  Go boifa Jehofa go raya go tlhoa bosula.+ Ke tlhoile boikgodiso le boikgogomoso+ le tsela e e bosula le puo e e sokameng.+ 14  Ke na le kgakololo e e molemo le botlhale jo bo mosola;+Tlhaloganyo+ le maatla+ ke tsa me. 15  Ka ntlha ya me, dikgosi di tswelela di busa,Le balaodibagolo ba ntsha ditaelo ka tshiamo.+ 16  Ka ntlha ya me, dikgosana di tswelela di laola,Le batlotlegi ba atlhola ka tshiamo. 17  Ke rata ba ba nthatang,Mme ba ba mpatlang ba tla mpona.+ 18  Dikhumo le kgalalelo di tswa mo go nna,Letlotlo le le nnelang ruri* le tshiamo. 19  Maungo a me a botoka go gaisa gauta, go gaisa gauta e e itshekisitsweng,E bile dimpho tse di tswang mo go nna di botoka go gaisa selefera ya maemo a a kwa godimo.+ 20  Ke kaelwa ke se se siameng,E bile ke atlhola sentle ka metlha; 21  Ke naya ba ba nthatang boswa jo bontsi,E bile ke tlatsa mabolokelo a bone. 22  Jehofa o ne a mpopa ke le tshimologo ya tiro ya gagwe ya go bopa,+Ke le wa ntlhantlha mo dilong tse a di dirileng bogologolo.+ 23  Ke ne ka tlhomiwa mo maemong a me go tswa kwa dinakong tsa bogologolo,*+Go tswa kwa tshimologong, go tswa metlheng ya bogologolo pele ga lefatshe.+ 24  Fa go ne go ise go nne le metsi a mantsintsi a a boteng,+ ke ne ka tsholwa,*Fa go ne go ise go nne le metsi a mantsi a a elelang a tswa mo mmung. 25  Pele ga dithaba di tlhongwa mo mannong a tsone,Pele ga dithota di nna gone, ke ne ka tsholwa, 26  Fa a ne a ise a dire lefatshe le naga ya loneKgotsa makwete a ntlha a mmu. 27  Fa a ne a dira magodimo,+ ke ne ke le teng;Fa a ne a dira molelwane* fa gare ga loapi le lewatle,+ 28  Fa a ne a dira* maru kwa godimo,Fa a ne a dira metswedi ya metsi, 29  Fa a ne a tlhomela lewatle molaoGore metsi a lone a se ka a tlola taelo ya gagwe,+Fa a ne a thaya* metheo ya lefatshe, 30  Ka nako eo, ke ne ke le fa thoko ga gagwe ke le modiri yo o setswerere.+ Ke ne ke le yo o rategang thata mo go ene+ letsatsi le letsatsi;Ke ne ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe;+ 31  Ke ne ke itumelela lefatshe le batho ba neng ba tlile go nna mo go lone,Mme ke ne ke rata batho* fela thata. 32  Mme jaanong bomorwaaka, ntheetseng;Gonne go itumela ba ba bolokang ditsela tsa me. 33  Reetsang kotlhao+ mme lo tlhalefe,Lo se ka lwa e tlhokomologa le ka motlha. 34  Go itumela motho yo o ntheetsangKa go tla fa dikgorong tsa me phakela* letsatsi le letsatsi,Ka go leta gaufi le dikgoro tsa ntlo ya me; 35  Gonne yo o mponang o tla bona botshelo,+Mme Jehofa o a mo amogela. 36  Le fa go ntse jalo, yo o intlhokomolosang o a ikgobatsa,Mme ba ba ntlhoileng ba rata loso.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “le bomorwa batho.”
^ Seheb., “tlhaloganyang pelo.”
^ Kgotsa “Boswa jo bo tlhwatlhwakgolo.”
^ Kgotsa “go tswa kwa dinakong tse di ka se kang tsa gopolwa.”
^ Kgotsa “ke ne ka tsholwa jaaka e kete ka ditlhabi tsa pelegi.”
^ Seheb., “kgolokwe.”
^ Seheb., “nonotsha.”
^ Kgotsa “a laela gore go nne le.”
^ Seheb., “bomorwa batho.”
^ Kgotsa “Ka go nna a tsogile.”