Isaia 21:1-17
21 Polelo kgatlhanong le naga ya lewatle:+ E fetela pele jaaka diphefo tsa matsubutsubu+ kwa borwa, e tswa kwa nageng, kwa lefatsheng le le boitshegang.+
2 Go na le ponatshegelo e e thata+ e ke e boleletsweng: Motho yo o dirang ka boferefere o dira ka boferefere, le mothopi o a thopa.+ Tlhatloga, wena Elama! Dikanyetsa, wena Media!+ Ke khutlisitse go fegelwa gotlhe mo go bakwang ke ene.+
3 Ke gone ka moo dinōka tsa me di tletseng ditlhabi tse di botlhoko thata.+ Ke tshwerwe ke ditlhabi, jaaka ditlhabi tsa mosadi yo o belegang.+ Ke tlhakatlhakane mo e leng gore ga ke utlwe; ke fuduegile mo e leng gore ga ke bone.
4 Pelo ya me e kgarakgatshegile; le go roroma go ntshositse. Lotlatlana lo ke neng ke lo rata lo dirilwe sengwe se se mpoifisang.+
5 A tafole e baakanngwe, go rulaganngwe manno a ditulo, go jewe, go nowe!+ Nanogang, lona dikgosana,+ tlotsang thebe.+
6 Gonne Jehofa o ntheile a re:
“Tsamaya, tlhoma molebedi gore a bolele sone fela se a se bonang.”+
7 Mme a bona kara ya ntwa e na le sepane sa dipitse tsa ntwa, kara ya ntwa ya diesele, kara ya ntwa ya dikamela. Mme a ela tlhoko thata, ka kelotlhoko e kgolo.
8 Mme a tlhaeletsa jaaka tau:+ “Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa, gape ke eme mo lefelong la me la go lebelela masigo otlhe.+
9 Mme bona, jaanong go tla kara ya ntwa ya banna, ka sepane sa dipitse tsa ntwa!”+
Mme a simolola go bua a re: “O ole! Babelona o ole,+ le ditshwantsho tsotlhe tse di betlilweng tsa medimo ya gagwe o di thubaganyeditse fa fatshe!”+
10 Lona batho ba me ba lo phothilweng le morwa seboana sa me,+ ke lo begetse se ke se utlwileng mo go Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele.
11 Polelo kgatlhanong le Duma: Go na le mongwe yo o ntlhaeletsang go tswa kwa Seire:+ “Molebedi, go tweng ka bosigo? Molebedi, go tweng ka bosigo?”+
12 Molebedi a re: “Moso o tshwanetse go tla, le bosigo. Fa lo batla go botsa, botsang. Tlang gape!”
13 Polelo kgatlhanong le lebala le le sekaka: Lo tla lala bosigo mo lebaleng le le sekaka, lona ditlhopha tsa batsamai tsa batho ba Dedane.+
14 Fa lo kgatlhantsha yo o nyorilweng, tlang ka metsi. Lona banni ba lefatshe la Tema,+ kgatlhantshang yo o tshabang lo mo tshwaretse senkgwe.
15 Gonne ba tshabile ka ntlha ya ditšhaka, ka ntlha ya tšhaka e e somotsweng, le ka ntlha ya bora jo bo obilweng le ka ntlha ya go bifa ga ntwa.
16 Gonne Jehofa o ntheile a re: “Mo ngwageng fela, go ya ka dingwaga tsa modiri yo o thapilweng,+ kgalalelo yotlhe ya Kedare+ e tla khutla.
17 Mme ba ba setseng ba palo ya banna ba bora, banna ba ba thata ba bomorwa Kedare, ba tla ngotlega,+ gonne Jehofa ka boene, Modimo wa Iseraele, o go buile.”+

