Isaia 56:1-12

56  Jehofa o buile jaana: “Bolokang tshiamiso,+ lo dire se se siameng.+ Gonne poloko ya me e gaufi le go goroga,+ le tshiamo ya me e gaufi le go senolwa.+  Go itumela motho yo o nang le go swa yo o dirang seno,+ le morwa batho yo o se tshwarang,+ a boloka sabata gore a se ka a e itshepolola,+ e bile a boloka seatla sa gagwe gore a se ka a dira bosula jwa mofuta ope.+  Mme a motswakwa yo o ikgolagantseng le Jehofa a se ka a re,+ ‘Ruri Jehofa o tla nkgaoganya le batho ba gagwe.’+ Le moopafadiwa+ a a se ka a re, ‘Bona! Ke setlhare se se omileng.’”  Gonne Jehofa o reile baopafadiwa ba ba bolokang bosabata ba me le ba ba tlhophileng se se intumedisitseng+ ba ba tshwereng kgolagano+ ya me a re:  “Ke tla ba naya mo ntlong ya me+ le mo dipoteng tsa me sefikantswe+ le leina,+ sengwe se se botoka go na le barwa le barwadi.+ Ke tla ba naya leina+ ka bosakhutleng, le le se kitlang le kgaolwa.+  “Mme batswakwa ba ba ikgolagantseng le Jehofa gore ba mo direle+ le gore ba rate leina la ga Jehofa,+ gore ba nne batlhanka ba gagwe, botlhe ba ba bolokang sabata gore ba se ka ba e itshepolola e bile ba tshwere kgolagano+ ya me,  gape ke tla ba tlisa mo thabeng ya me e e boitshepo+ ke bo ke dire gore ba ipele mo teng ga ntlo ya me ya thapelo.+ Ditshupelo tsa bone tse di fisiwang+ di feletse le ditlhabelo+ tsa bone e tla nna tsa go amogelwa mo sebesong sa me.+ Gonne ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.”+  Morena Molaodimogolo Jehofa, yo o phuthang mmogo ba ba phatlaladitsweng ba Iseraele,+ o bua jaana: “Ke tla phuthela mmogo kwa go ene ba bangwe kwantle ga ba gagwe ba ba setseng ba phuthilwe mmogo.”+  Lona lotlhe diphologolo tsa naga e e bulegileng, tlang lo je, lona lotlhe diphologolo tsa naga tse di mo sekgweng.+ 10  Balebeledi ba gagwe ba difofu.+ Ga go bape ba bone ba ba tsereng tsia.+ Botlhe ke dintša tse di sa kgoneng go bua; ga di kgone go bogola,+ di a hemahema, di a rapama, di rata go otsela.+ 11  E bile ke dintša tse di nang le keletso e e nonofileng ya moya;+ ga ba ise ba ko ba kgotsofale.+ Gape ke badisa ba ba sa kgoneng go tlhaloganya.+ Botlhe ba fapogetse mo tseleng ya bone, mongwe le mongwe gore a bone papadi ya gagwe ya tshiamololo mo molelwaneng+ wa gagwe: 12  “Tlang! Mmang ke tseyeng beinenyana; mme a re nweng go feta selekanyo+ bojalwa jo bo tagang. Mme letsatsi la ka moso le tla tshwana fela le gompieno, le le legolo ka tsela e kgolwane thata.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase