Isaia 44:1-28
44 “Jaanong reetsa, wena Jakobe motlhanka wa me,+ le wena, Iseraele yo ke go tlhophileng.+
2 Jehofa o buile jaana, Modiri+ wa gago le Mmopi+ wa gago, yo o neng a nna a go thusa le eleng go tswa mo sebopelong,+ ‘O se ka wa boifa,+ tlhe motlhanka wa me Jakobe, le wena Jeshurune,+ yo ke go tlhophileng.
3 Gonne ke tla tshela metsi mo go yo o nyorilweng,+ le melatswana mo lefelong le le omeletseng.+ Ke tla tshela moya wa me mo losikeng lwa gago,+ le tshegofatso ya me mo ditlogolwaneng tsa gago.
4 Mme ruri ba tla mela jaaka e kete mo gare ga bojang jo botala,+ jaaka ditlhare tsa modibonoka+ fa meseleng ya metsi.
5 Yono o tla re: “Nna ke wa ga Jehofa.”+ Mme yole o tla ipitsa ka leina la ga Jakobe,+ mme yo mongwe o tla kwala jaana mo seatleng sa gagwe: “Wa ga Jehofa.” Mme motho o tla ipha sereto ka leina la Iseraele.’+
6 “Jehofa o buile jaana, Kgosi ya Iseraele+ le Morekolodi wa gagwe,+ Jehofa wa masomosomo, ‘Ke nna wa ntlha e bile ke nna wa bofelo,+ mme kwantle ga me ga go na Modimo ope.+
7 Mme ke mang yo o tshwanang le nna?+ A a tlhaeletse, gore a go bolele a bo a go nkitsise+ Go simolola fa ke ne ke tlhoma batho ba bogologolo,+ dilo tse di tlang mmogo le dilo tse di tla tsenang a ba di bolele.
8 Lo se ka lwa boifa, le gone lo se ka lwa gamarega.+ A go tloga ka nako eo ga ke a dira gore mongwe le mongwe wa lona a go utlwe ka ba ka go bolela?+ Mme lo basupi ba me.+ A go na le Modimo o mongwe kwantle ga me?+ Nnyaa ga go na Lefika.+ Ga ke itse lepe.’”
9 Badiri ba setshwantsho se se setilweng botlhe ke selo se e seng sa mmatota,+ le baratiwa ba bone ga ba kitla ba ba tswela mosola;+ e bile ga ba bone sepe le fa e le go itse sepe+ jaaka basupi ba bone, gore ba tle ba tlhabiwe ke ditlhong.+
10 Ke mang yo o bopileng modimo kgotsa yo o dirileng setshwantsho se se thetsweng?+ Ga se a nna le mosola ope gotlhelele.+
11 Bona! Balekane ba gagwe botlhe ba tla tlhabiwa ke ditlhong,+ le badiri ba ba ditswerere ba tswa mo bathong ba mo lefatsheng. Botlhe ba tla phuthega mmogo. + Ba tla ema fela. Ba tla boifa. Ka nako e e tshwanang ba tla tlhabiwa ke ditlhong.+
12 Fa e le mogabi wa tshipi yo o dirisang sedirisiwa sa go seta, o ntse a tshwaregile mo go yone ka magala; mme o e bopa ka dinoto, mme o nna a tshwaregile mo go yone ka lebogo la gagwe le le maatla.+ Gape, o tshwerwe ke tlala, mme ka jalo ga a na maatla. Ga a nwa metsi; ka jalo o a lapa.
13 Fa e le mogabi wa logong ene, o otlolotse thapo e e lekanyang; o se thalela ka taka e khibidu; o se dira ka sefadi sa logong; mme o nna a se thalela ka khampase, mme ka iketlo o se dira jaaka setshwano sa motho,+ jaaka bontle jwa batho, gore se nne mo ntlong.+
14 Go na le yo tiro ya gagwe e leng go rema masedara; mme o tsaya mofuta mongwe wa setlhare, le eleng setlhare se segolo thata, mme o se inonotshetsa mo gare ga ditlhare tsa sekgwa.+ O jadile setlhare sa motalafadi, mme pula e e tshologang e nna e se dira segolo.
15 Mme ke sengwe se motho a ka tukisang molelo ka sone. Ka jalo o tsaya karolo ya sone gore a ithuthafatse ka yone. Tota e bile o gotsa molelo a bo a besa senkgwe. Gape o dira modimo o a ka o ikobelang.+ O se dirile setshwantsho se se setilweng,+ e bile o a se obamela.
16 O fisa sephatlo sa sone mo molelong. Mo sephatlong se sengwe sa sone o besa sentle nama e a tla e jang, mme o a kgotsofala. Gape o a ithuthafatsa a bo a re: “Aha! Ke ithuthafaditse. Ke bone lesedi la molelo.”
17 Mme mo go salang o go dira modimo, o itirela setshwantsho se se setilweng. O a se obamela a se ikobela a bo a se rapele a re: “Nkgolola, gonne o modimo wa me.”+
18 Ga ba itse,+ le gone ga ba tlhaloganye,+ ka gonne matlho a bone a motilwe gore ba se ka ba bona,+ le pelo ya bone gore e se ka ya nna le temogo.+
19 Mme ga go na ope yo o gakologelwang mo pelong+ ya gagwe kgotsa yo o itseng kgotsa yo o tlhaloganyang,+ a re: “Ke fisitse sephatlo sa yone mo molelong, mme ke besitse senkgwe mo magaleng a sone; Ke besa nama ke bo ke ja. Mme mo gongwe gotlhe ga yone a ke tla go dira selo se se makgapha fela?+ A ke tla obamela logong lo lo omeletseng lwa setlhare?”
20 O iphepa ka melora.+ Pelo ya gagwe e e tsieditsweng e mo timeditse.+ Mme ga a golole moya wa gagwe, le gone ga a re: “A ga go na maaka mo seatleng sa me sa moja?”+
21 “Gakologelwa dilo tseno, wena Jakobe,+ le wena Iseraele, ka gonne o motlhanka wa me.+ Ke go bopile.+ O motlhanka wa me. Wena Iseraele, ga nkitla ke go lebala.+
22 Ke tla phimola ditlolo tsa gago fela jaaka e kete ka leru,+ le maleo a gago fela jaaka e kete ka leru le legolo. A ko o boele kwa go nna,+ gonne ke tla go rekolola.+
23 “Goang ka boipelo, lona magodimo,+ gonne Jehofa o tsere kgato!+ Goang ka phenyo,+ lona dikarolo tse di kwa tlasetlase tsa lefatshe!+ Itumeleng, lona dithaba,+ ka go goa ka boipelo, wena sekgwa le lona ditlhare tsotlhe tse di mo go sone! Gonne Jehofa o rekolotse Jakobe, mme o bontsha bontle jwa gagwe+ mo Iseraele.”
24 Jehofa o buile jaana, Morekolodi+ wa gago le Mmopi wa gago go tswa mo sebopelong: “Nna, Jehofa, ke dira sengwe le sengwe, ke otlolola magodimo+ ke le nosi, ke namalatsa lefatshe.+ Ke mang yo o neng a na le nna?
25 Ke kgoreletsa ditshupo tsa ba ba buang dilo tse di se nang mosola, mme ke nna yo o dirang gore ba ba dirang tiro ya boitseanape ba itshware jaaka ditsenwa;+ Yo o retolosetsang banna ba ba botlhale kwa morago, le Yo o fetolang kitso ya bone boeleele;+
26 Yo o dirang gore lefoko la motlhanka wa gagwe le diragale, le Yo o diragatsang boikaelelo jwa barongwa+ ba gagwe ka botlalo; Yo o buang ka Jerusalema a re, ‘O tla nniwa,’+ le ka metse ya Juda a re, ‘E tla agiwa sesha,+ le mafelo a gagwe a a kgakgabetseng ke tla a tsosolosa’;+
27 Ene Yo o rayang bodiba jo bo boteng jwa metsi a re, ‘Tšha; mme ke tla kgadisa dinoka tsa gago tsotlhe’;+
28 Ene Yo o buang ka Kurose+ a re, ‘Ke modisa wa me, mme sotlhe se ke se ratang o tla se diragatsa ka botlalo’;+ le fa ke bua ka Jerusalema ke re, ‘O tla agiwa sesha,’ le ka tempele ke re, ‘Motheo wa gago o tla thewa.’”+