Isaia 43:1-28

43  Mme Jehofa o buile jaana, Mmopi+ wa gago, wena Jakobe, le Modiri+ wa gago, wena Iseraele: “O se ka wa boifa gonne ke go rekolotse.+ Ke go biditse ka leina la gago.+ O wa me.+  Fa go ka direga gore o ralale metsi,+ ke tla nna le wena;+ le fa o ralala dinoka, ga di kitla di go rwalelela.+ Fa go ka direga gore o ralale molelo, ga o kitla o sha, le kgabo ya molelo ga e kitla e go babola.+  Gonne ke nna Jehofa Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele Mmoloki+ wa gago. Ke neile Egepeto go nna thekololo ya gago,+ Ethiopia+ le Seba mo boemong jwa gago.  E re ka o ntse o le tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me,+ o ile wa tsewa o le yo o tlotlegang, mme ke go ratile.+ Mme ke tla neelana ka banna mo boemong jwa gago, le ditlhopha tsa merafe mo boemong jwa moya wa gago.+  “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena.+ Ke tla tlisa losika lwa gago go tswa kwa botlhabatsatsi, mme ke tla go phutha mmogo+ go tswa kwa bophirimatsatsi.  Ke tla raya bokone+ ke re, ‘Tlisa!’ le borwa ke re, ‘O se ka wa thiba. Tlisa bomorwaake go tswa kgakala, le bomorwadiake go tswa kwa ntlheng ya lefatshe,+  mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me+ le yo ke mmopetseng kgalalelo ya me,+ yo ke mmopileng, ee, yo ke mo dirileng.’+  “Tlisang batho ba ba difofu le fa matlho one a le teng, le ba ba susu le fa ba na le ditsebe.+  A ditšhaba tsotlhe di phuthelwe mmogo mo lefelong le le lengwe fela, a ditlhopha tsa ditšhaba di phuthege mmogo.+ Ke mang mo gare ga bone yo o ka bolelang seno?+ Kgotsa a ba ka dira gore re utlwe dilo tsa ntlha?+ A ba batle basupi+ ba bone, gore ba bolelwe ba siame, kgotsa ba utlwe mme ba re, ‘Ke boammaaruri!’”+ 10  “Lo basupi ba me,”+ go bua Jehofa, “le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng,+ gore lo itse+ lo bo lo nne le tumelo mo go nna,+ le gore lo tlhaloganye gore ke ntse ke ene Yoo.+ Pele ga me ga go a dirwa Modimo+ ope, le morago ga me ga tswelela go se na ope.+ 11  Nna—ke nna Jehofa,+ mme kwantle ga me ga go na mmoloki.”+ 12  “Nna ke boletse e bile ke bolokile ka ba ka dira gore go utlwiwe,+ fa go ne go se na modimo o sele+ mo gare ga lona. Ka jalo lo basupi ba me,”+ go bua Jehofa, “mme ke nna Modimo.+ 13  Gape, ke ntse ke le ene Yoo+ ka dinako tsotlhe; mme ga go na ope yo o gololang mo seatleng sa me.+ Ke tla nna matlhagatlhaga,+ mme ke mang yo o ka go busetsang morago?”+ 14  Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa lona,+ Moitshepi wa Iseraele:+ “Ke tla roma kwa Babelona ka ntlha ya lona ke bo ke dire gore mephakalego ya dikgolegelo e we,+ le Bakaladia mo dikepeng ba kue ka selelo.+ 15  Ke nna Jehofa Moitshepi wa lona,+ Mmopi wa Iseraele,+ Kgosi ya lona.”+ 16  Jehofa o buile jaana, Ene yo o dirang tsela go ralala lewatle ka bolone le tsela go ralala metsi a a nonofileng,+ 17  Yo o tlisang kara ya ntwa le pitse, mophato wa sesole le ba ba nonofileng nako e le nngwe fela:+ “Ba tla rapama.+ Ga ba kitla ba tsoga.+ Ruri ba tla tingwa.+ Ba tla tingwa jaaka mogala wa lodi.”+ 18  “O se ka wa gakologelwa dilo tsa ntlha, le gone o se ka wa akanyetsa dilo tsa pele. 19  Bona! Ke dira sengwe se sesha.+ Jaanong se tla tlhaga. Lo tla se itse, a ga go jalo?+ Tota ke tla tlhoma tsela+ go ralala naga, go ralala dinoka tsa sekaka.+ 20  Sebatana sa naga se tla nkgalaletsa,+ bophokoje le bontšhe;+ ka gonne ke tla bo ke tsentse metsi le mo nageng, dinoka mo dikakeng,+ gore batho ba me, ba ke ba tlhophileng,+ ba nwe, 21  batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.+ 22  “Mme ga o a mpitsa, wena Jakobe,+ ka gonne ke go lapisitse, wena Iseraele.+ 23  Ga o a ntlisetsa dinku tsa ditshupelo tsa gago tse di fisiwang di feletse, e bile ga o a nkgalaletsa+ ka ditlhabelo tsa gago. Ga ke a go patelela gore o ntirele ka mpho, e bile ga ke a go lapisa ka lebano.+ 24  Ga o a nthekela ntšhe epe e e botshe+ ka madi ape; e bile ga o a nkolobetsa+ ka mafura a ditlhabelo tsa gago. Totatota o mpateleditse go direla ka ntlha ya maleo a gago; o ntapisitse ka ditlolo+ tsa gago. 25  “Nna—ke nna Yo o phimolang+ ditlolo+ tsa gago ka ntlha ya me, + le maleo a gago ga nkitla ke a gakologelwa.+ 26  Nkgakolole; a re ipeye mo katlholong mmogo;+ bolela pego ya gago gore o nne o se na molato.+ 27  Rrago, wa ntlha, o leofile,+ mme babueledi ba gago ba ntiretse tlolo.+ 28  Ka jalo ke tla itshepolola dikgosana tsa lefelo le le boitshepo, mme ke tla neela Jakobe jaaka motho yo o neeletsweng tshenyego le Iseraele ke e neelele mafoko a a kgobang.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase