Isaia 19:1-25
19 Polelo kgatlhanong le Egepeto:+ Bona! Jehofa o palame leru+ le le bofefo o tsena mo Egepeto. Mme medimo e e se nang mosola ya Egepeto ruri e tla roroma ka ntlha ya gagwe,+ mme pelo ya Egepeto e tla nyera mo teng ga yone.+
2 “Mme ke tla tlhotlheletsa Baegepeto go nna kgatlhanong le Baegepeto, mme ruri ba tla lwa motho le morwarraagwe, le mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, motse le motse, bogosi le bogosi.+
3 Mme moya wa Egepeto o tla akabala mo go yone,+ mme ke tla tlhakatlhakanya boikaelelo+ jwa yone. Mme ruri ba tla ya mo medimong e e se nang mosola+ le mo batshereanying le mo go ba ba buang le meya le mo go ba ba dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele.+
4 Mme ke tla tsenya Egepeto mo seatleng sa mong yo o gatelelang, mme kgosi e e tla ba busang+ e tla bo e nonofile,” go bua Morena wa boammaaruri, Jehofa wa masomosomo.
5 Mme ruri metsi a tla kgala mo lewatleng, le noka e tla phaphalala e bo e tšhe.+
6 Mme dinoka di tla nkga sebodu; mesele ya Noka ya Nile ya Egepeto e tla kgala e bo e phaphalale.+ Lotlhaka+ le mokhasi di tla bola.
7 Mafelo a a lebala a a fa Nokeng ya Nile, fa molomong wa Noka ya Nile, le naga nngwe le nngwe ya dijalo ya Noka ya Nile e tla omelela.+ Ruri e tla tlosiwa, mme ga e kitla e tlhola e nna teng.
8 Batshwara ditlhapi ba tla hutsafala, le botlhe ba ba latlhelang dikgoge tsa ditlhapi mo Nokeng ya Nile ba tla utlwa botlhoko, le ba ba tsharololang matlowa a go tshwara ditlhapi mo godimo ga metsi ba tla nyelela.+
9 Mme ba ba dirang ka leloba le le tsharolotsweng+ ba tla tlhabiwa ke ditlhong; le balogi ba matsela a masweu.
10 Mme balogi+ ba gagwe ba tla thubaganngwa, badiri botlhe ba ba duelwang ba tla hutsafala mo moyeng.
11 Dikgosana tsa Soane+ ruri ke dieleele. Fa e le ba ba botlhale ba bagakolodi ba ga Faro, kgakololo ya bone ke sengwe se se sa utlwaleng.+ Lo tla raya Faro jang lo re: “Ke morwa wa ba ba botlhale, morwa dikgosi tsa metlha ya bogologolo tala”?
12 Mme ba kae, he—banna ba gago ba ba botlhale+—gore jaanong ba go bolelele le gore ba itse se Jehofa wa masomosomo a se sweditseng malebana le Egepeto?+
13 Dikgosana tsa Soane di dirile ka boeleele,+ dikgosana tsa Nofe+ di tsieditswe, bagolwane+ ba ditso tsa gagwe ba dirile gore Egepeto a kgarakgatshege.
14 Jehofa o tsentse moya wa tlhakatlhakano+ mo go ene; mme ba dirile gore Egepeto e kgarakgatshege mo tirong ya yone yotlhe, fela jaaka motho yo o tagilweng a kgarakgatshiwa mo matlhatseng a gagwe.+
15 Mme Egepeto ga e kitla e nna le tiro epe e tlhogo kgotsa mogatla, letlhogela kgotsa mokhasi o ka e dirang.+
16 Mo letsatsing leo Egepeto e tla nna jaaka basadi, mme e tla roroma+ e bo e boife ka ntlha ya seatla se Jehofa wa masomosomo a se kgatikanyang a se kgatikanyetsa yone.+
17 Mme lefatshe la Juda le tla theekedisa+ Egepeto. Mongwe le mongwe yo o le umakelwang o a boifa ka ntlha ya boikaelelo jwa ga Jehofa wa masomosomo jo a bo ikaelelang kgatlhanong le ene.+
18 Mo letsatsing leo go tla nna le metse e le metlhano mo lefatsheng la Egepeto+ e e buang puo ya Kanana+ e bile e ikanela+ Jehofa wa masomosomo. Motse mongwe o tla bidiwa Motse wa go Rutlolola.
19 Mo letsatsing leo go tla nna le sebeso sa ga Jehofa mo gare ga naga ya Egepeto,+ le pilara ya ga Jehofa fa thoko ga molelwane wa yone.
20 Mme se tla nna sesupo le mosupi mo go Jehofa wa masomosomo mo lefatsheng la Egepeto;+ gonne ba tla goela kwa go Jehofa ka ntlha ya bagateledi,+ mme o tla ba romelela mmoloki, yo mogolo, yo o tla ba gololang.+
21 Mme ruri Jehofa o tla itsiwe mo Baegepetong;+ mme Baegepeto ba tla itse Jehofa mo letsatsing leo, mme ba tla isa setlhabelo le mpho+ mme ba direle Jehofa maikano ba bo ba a diragatse.+
22 Mme ruri Jehofa o tla itaya Egepeto.+ Go tla nna le go itewa le phodiso;+ mme ba tla boela kwa go Jehofa,+ mme o tla dumela go rapelesega a bo a ba fodisa.+
23 Mo letsatsing leo go tla nna le tsela e kgolo+ e e tswang mo Egepeto e ya kwa Asiria, mme Asiria o tla tsena mo Egepeto, le Egepeto mo Asiria; mme ba tla direla, Egepeto le Asiria.
24 Mo letsatsing leo Iseraele e tla nna ya boraro le Egepeto le Asiria,+ ke gore, tshegofatso mo gare ga lefatshe,+
25 ka gonne Jehofa wa masomosomo o tla bo a e segofaditse,+ a re: “A batho ba me ba segofale, Egepeto, le tiro ya diatla tsa me, Asiria,+ le boswa jwa me, Iseraele.”+