Isaia 46:1-13

46  Bele+ o iname,+ Nebo o obegetse kwa pele; medingwana+ ya bone e fetogile ya dibatana tsa naga le ya diruiwa, merwalo ya bone, dithoto, mokgweleo wa diphologolo tse di lapileng.  Ba tshwanetse go obegela kwa pele; mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go inama ka go tshwana; ruri ga ba kgone go falotsa+ mokgweleo wa bone, mme moya wa bone o tshwanetse go ya botshwarwa.+  “Ntheetsa, wena ntlo ya ga Jakobe, le lona lotlhe ba lo setseng ba ntlo ya ga Iseraele,+ lona ba lo ntshitsweng ke nna mo mpeng, ba lo tshotsweng mo sebopelong.+  Ke ntse ke le ene Yoo+ go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere+ go fitlha botlhogoputsweng jwa motho. Ruri ke tla tsaya kgato,+ gore ke rwale le gore ke sikare ke bo ke falotse.+  “Lo tla ntshwantshanya le mang+ kgotsa lwa ntekanya le ene kgotsa lwa ntshwantsha le ene gore re tle re tshwane?+  Go na le ba ba ntshang gouta e ntsi mo sekgwameng, mme ba lekanya selefera ka jokwe ya sekale. Ba thapa mothudi wa tshipi, mme o e dira modimo.+ Ba a obama, ee ba a ikoba.+  Ba e rwala mo legetleng,+ ba e sikara ba bo ba e baya mo lefelong la yone gore e eme fela. Ga e tswe mo lefelong la yone la go ema.+ Motho e bile o goela kwa go yone, mme ga e arabe; ga e boloke motho mo matshwenyegong a gagwe.+  “Gakologelwang seno, gore lo tle lo nne pelokgale. Go iseng pelong,+ lona batlodi.+  Gakologelwang dilo tsa ntlha tsa bogologolo,+ gore ke nna Yo ke Leng Modimo+ mme ga go na Modimo ope o sele,+ le fa e le ope yo o tshwanang le nna;+ 10  Ene Yo o bolelang bokhutlo+ go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe+ go tswa bogologolong; Yo o reng, ‘Boikaelelo jwa me bo tla ema,+ mme ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang’;+ 11  Ene Yo o bitsang nonyane e e jang nama+ go tswa kwa botlhabatsatsi, le motho yo o tswang kwa lefatsheng le le kgakala gore a diragatse boikaelelo jwa me.+ Ke bo buile; mme ke tla bo tlisa.+ Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa.+ 12  “Ntheetsang, lona ba lo pelo e maatla,+ lona ba lo kgakala le tshiamo.+ 13  Ke atameditse tshiamo ya me.+ Ga e kgakala,+ le poloko ya me ga e kitla e diega.+ Mme ke tla neelana ka poloko mo Siona, ke bo ke neele Iseraele bontle jwa me.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase