Isaia 24:1-23

24  Bona! Jehofa o dira lefatshe lolea a bo a le kgakgabatse,+ mme o sokile sefatlhego+ sa lone a bo a gasamisa banni ba lone.+  Mme go tla nna ka tsela e e tshwanang mo bathong fela jaaka mo moperesiting; mo motlhankeng fela jaaka mo go mong wa gagwe; mo lelateng fela jaaka mo mohumagading wa gagwe; mo moreking fela jaaka mo morekising; mo go yo o adimang fela jaaka mo go yo o adingwang; mo go yo o tsayang morokotso fela jaaka mo go yo o duelang morokotso.+  Ruri lefatshe le tla dirwa lolea, mme le tla gapiwa,+ gonne Jehofa ka boene o buile lefoko leno.+  Lefatshe le hutsafetse,+ le nyeletse. Naga e e ungwang e swabile, e nyeletse. Batho ba ba kwa godimo ba lefatshe ba swabile.+  Le lefatshe le kgotletswe ke banni ba lone,+ gonne ba tlhokomologile melao,+ ba fetotse molawana,+ ba tlodile kgolagano e e nnang ka bosakhutleng.+  Ke gone ka moo phutso e jeleng lefatshe ya le fetsa,+ le ba ba nnang mo go lone ba bonwe molato. Ke gone ka moo banni ba lefatshe ba fokotsegileng ka palo, mme go setse batho ba ba nang le go swa ba le mmalwa thata.+  Beine e ntšha e hutsafetse, mofine o swabile,+ botlhe ba ba itumetseng mo pelong ba fegetswe.+  Go itumela ga meropana go kgaoditse, modumo wa ba ba itumetseng thata o fedile, go itumela ga harepa go kgaoditse.+  Ba nwa beine go se na pina; bojalwa jo bo tagang bo a galaka mo go ba ba bo nwang. 10  Motse o o latlhilweng o thubilwe;+ ntlo nngwe le nngwe e tswetswe gore go se ka ga tsenwa mo go yone. 11  Go na le selelo mo mebileng ka ntlha ya go tlhoka beine. Go ipela gotlhe go fetile; boitumelo jwa lefatshe bo ile.+ 12  Go tlogetswe boemo jo bo akabatsang mo motseng; kgoro e thubagantswe ya sala e le mokoa wa tshwafalo fela.+ 13  Gonne go tla nna jalo mo lefatsheng, mo ditšhabeng, jaaka go phothiwa ga setlhare sa motlhware,+ jaaka mo go ka ronopiwang fa go fulwa ga morara go khutlile.+ 14  Ba tla tsholetsa lentswe la bone, ba tla goa ka boipelo. Mo tlotlomalong ya ga Jehofa ba tla goa ka go tlerebetsa go tswa kwa lewatleng.+ 15  Ke gone ka moo ba tshwanetseng go galaletsa Jehofa+ mo kgaolong ya lesedi,+ mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle leina la ga Jehofa,+ Modimo wa Iseraele. 16  Go na le dipina tse re di utlwileng go tswa ntlheng ya lefatshe:+ “Mokgabiso kwa go Yo o Siameng!”+ Mme nna ka re: “Ke bopame,+ ke bopame! A bo go latlhega nna! Ba ba dirang ka boferefere ba dirile ka boferefere.+ Tota le ka boferefere ba ba dirang ka boferefere ba dirile ka boferefere.”+ 17  Poifo le khuti le serai di mo go wena, wena monni wa lefatshe.+ 18  Mme go tla diragala gore ope fela yo o tshabang modumo wa selo se se boifiwang o tla wela mo khuting, mme ope fela yo o tswang mo khuting o tla tshwarwa ke serai.+ Gonne dikgoro tsa merwalela tse di kwa godimo di tla bulwa,+ mme metheo ya lefatshe e tla reketla.+ 19  Lefatshe le phatlogile ka botlalo, lefatshe le tshikintswe ka botlao, lefatshe le kgokgweeditswe+ ka botlalo. 20  Lefatshe le thetheekela ka botlalo jaaka motho yo o tagilweng, mme le ne la ya kwa le kwa jaaka ntlwana ya bolebedi.+ Mme tlolo ya lone e le imela thata,+ mme le tshwanetse go wa, gore le se ka la ema gape.+ 21  Mme go tla diragala mo letsatsing leo gore Jehofa a lebise tlhokomelo ya gagwe mo masoleng a bogodimo kwa godimo, le mo dikgosing tsa mo lefatsheng fa fatshe.+ 22  Mme ruri ba tla phuthiwa ka go phuthiwa mo go tshwanang le ga magolegwa a phuthelwa mo kgatamping,+ mme ba tla tswalelwa mo moleteng wa kgolegelo;+ mme morago ga malatsi a le mantsi ba tla elwa tlhoko.+ 23  Mme ngwedi o o tletseng o swabisitswe, le letsatsi le le phatsimang le tlhabilwe ke ditlhong,+ gonne Jehofa wa masomosomo e setse e le kgosi+ mo Thabeng ya Siona+ le kwa Jerusalema le fa pele ga banna ba gagwe ba bagolwane ka kgalalelo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase