Isaia 18:1-7

18  A lefatshe la ditshenekegi tse di phaphaselang tse di nang le diphuka, le le mo kgaolong ya dinoka tsa Ethiopia!+  Ke lone le romelang barongwa+ ka lewatle, le ka dijana tsa koma mo godimo ga metsi, le re: “Tsamayang, lona barongwa ba ba bofefo, lo yeng kwa setšhabeng sa batho ba batelele ba ba borethe, batho ba ba tshabegang gongwe le gongwe, setšhaba sa nonofo e e gagametseng le se se gatakang, se dinoka di gogotseng lefatshe la sone.”+  Lona lotlhe banni ba naga e e ungwang+ le lona baagi ba lefatshe, lo tla bona pono fela jaaka fa go tsholediwa sesupo mo dithabeng,+ mme lo tla utlwa modumo o o tshwanang le fa go letswa lonaka.+  Gonne Jehofa o ntheile a re: “Ke tla nna ke sa tshwenyega ke bo ke lebe lefelo la me le le tlhomameng,+ jaaka mogote o o tsabakelang mmogo le lesedi,+ jaaka leru la monyo mo mogoteng wa thobo.+  Gonne pele ga thobo, fa go thunya ga sethunya go felela le lekukunya le nna morara o o butswang, motho o tshwanetse go kgaola dikalana ka dikere tse di pomang mme a tlose menamo, a e pome.+  Di tla tlogelwa tsotlhe mmogo di tlogelelwa nonyane ya kwa dithabeng e e jang nama le sebatana sa lefatshe.+ Mme nonyane e e jang nama e tla fetwa ke selemo e le mo go tsone, mme sebatana sengwe le sengwe sa lefatshe se tla fetwa ke nako ya thobo+ se le mo go tsone.  “Ka nako eo mpho e tla tlisiwa kwa go Jehofa wa masomosomo,+ e tswa kwa bathong ba batelele ba ba borethe,+ le mo bathong ba ba tshabegang gongwe le gongwe, setšhaba sa nonofo e e gagametseng le se se gatakang, se dinoka di gogotseng lefatshe la sone, go ya kwa lefelong la leina la ga Jehofa wa masomosomo, Thaba ya Siona.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase