Isaia 59:1-21
59 Bona! Seatla sa ga Jehofa ga se a khutshwafala thata mo se ka se kang sa boloka,+ le tsebe ya gagwe ga e a nna boima thata mo e ka se kang ya utlwa.+
2 Nnyaa, mme ditlolo tsa lona jaanong ke dilo tse di bakang dikgaogano fa gare ga lona le Modimo wa lona,+ le maleo a lona a bakile gore a lo fitlhele sefatlhego gore a se ka a lo utlwa.+
3 Gonne diatla tsa lona di kgotletswe ka madi,+ le menwana ya lona ka tlolo. Dipounama tsa lona di buile maaka.+ Loleme lwa lona lo ne lwa nna lwa ngunanguna tshiamololo fela.+
4 Ga go na ope yo o tlhaeletsang ka tshiamo,+ e bile ga go na ope gotlhelele yo o ileng kgotlatshekelong ka boikanyegi. Go ikantswe selo se e seng sa mmatota,+ e bile go buiwa se se se nang mosola.+ Go ntse go ithwalwa matshwenyego, e bile go tsholwa se se utlwisang botlhoko.+
5 Ba elame mae a noga e e botlhole, mme ba ne ba nnetse go loga bobi fela jwa segokgo.+ Ope fela yo o jang mangwe a mae a bone o ne a tla swa, le lee le le thubagantsweng le tla tswa noga e e botlhole.+
6 Bobi jwa bone ga bo kitla bo direla jaaka seaparo, le gone ga ba kitla ba ipipa ka ditiro tsa bone.+ Ditiro tsa bone ke ditiro tse di utlwisang botlhoko, le tiro ya thubakanyo e mo diatleng tsa bone.+
7 Dinao tsa bone di ntse di sianela kwa bosuleng fela,+ mme ba itlhaganeletse go tsholola madi a a se nang molato.+ Dikakanyo tsa bone ke dikakanyo tse di utlwisang botlhoko;+ go thopa le go senya go mo ditseleng tsa bone tse dikgolo.+
8 Ba tlhokomologile tsela ya kagiso,+ mme ga go na tshiamiso mo ditselaneng tsa bone.+ Ba itshokamiseditse ditsela tsa bone.+ Ga go na ope gotlhelele yo o gatang mo go tsone yo o tla itseng kagiso.+
9 Ke gone ka moo kagiso e leng kgakala le rona, le tshiamo ga e re tshware. Re nna re solofela lesedi, mme bona! lefifi; re solofela phatsimo, mme ra nna re tsamaya mo letobong le le tswelelang pele.+
10 Re nna re apaapa lobota fela jaaka banna ba ba difofu, e bile re nna re apaapa+ jaaka ba ba se nang matlho. Re kgopilwe mo motshegareng o mogolo fela jaaka mo lefifing la maitseboa; mo gare ga ba ba thata re tshwana fela le batho ba ba suleng.+
11 Re nna re fegelwa, rotlhe fela, fela jaaka dibera; mme re nna re kuruetsa+ ka khutsafalo fela jaaka maeba. Re ne ra nna ra solofela tshiamiso,+ mme e ne e seyo; ra solofela poloko, mme e nnetse kgakala le rona.+
12 Gonne go tlhanoga ga rona go setse go le gontsi fa pele ga gago;+ mme fa e le maleo a rona, mongwe le mongwe o supile kgatlhanong le rona.+ Gonne go tlhanoga ga rona go na le rona; mme fa e le ditlolo tsa rona, re di itse sentle.+
13 Go ntse go dirwa tlolo le go latola Jehofa;+ mme Modimo wa rona o ne a tlogelwa, ga buiwa ka kgatelelo le ka go tlhanoga,+ ga akanngwa ga ba ga ngunangunwa mafoko a maaka go tswa mo pelong.+
14 Mme tshiamiso e ne ya patelesega go boela morago,+ tshiamo e ne ya nna e eme kgakala fela.+ Gonne boammaaruri bo kgopilwe le mo patlelong, mme se se siameng ga se kgone go tsena.+
15 Mme boammaaruri ga bo yo,+ mongwe le mongwe yo o fapogang mo bosuleng o a thopiwa.+
Jehofa a bona, mme go ne go le bosula mo matlhong a gagwe ka gonne go ne go se na tshiamiso.+
16 E rile a bona gore go ne go se na motho ope, a bonala a akabetse ka gonne go ne go se na ope yo o tsereganyang.+ Mme lebogo la gagwe la mmolokela, le tshiamo ya gagwe e ne ya mo tshegetsa.+
17 Foo a apara tshiamo e le moitshomelo wa gagwe wa phemelo,+ le tlhoro ya phemelo ya poloko a e rwala mo tlhogong.+ Mo godimo ga moo, a apara diaparo tsa pusoloso e le kapari ya mokgabo+ mme a ipipa ka tlhoafalo jaaka e kete ke seaparo se se se nang mabogo.+
18 O tla duela ka tsela e e tshwanang+ tumalanong le ditiro, baganetsi ba gagwe a ba neye tšararego, baba ba gagwe a ba tshware ka tsela e e ba tshwanelang.+ O tla lefetsa ditlhaketlhake ka go di tshwara ka tsela e e di tshwanelang.+
19 Ba tla simolola go boifa leina la ga Jehofa+ go tloga kwa bophirimatsatsi, mme ba tla simolola go boifa kgalalelo ya gagwe+ go tloga kwa botlhabatsatsi, gonne o tla tsena jaaka noka e e bakang matshwenyego, e moya wa ga Jehofa o e kgokgweeditseng.+
20 “Mme Morekolodi+ o tla tla mo Siona,+ le mo go ba ba retologang mo tlolong mo go Jakobe,”+ go bua Jehofa.
21 “Mme fa e le nna, kgolagano ya me le bone+ ke eno,” go buile Jehofa.
“Moya wa me o o mo go wena+ le mafoko a me a ke a tsentseng mo molomong wa gago+—ga a kitla a tlosiwa mo molomong wa gago kgotsa mo molomong wa bana ba gago kgotsa mo molomong wa bana ba bana ba gago,” go buile Jehofa, “go tloga jaanong le go ya bosakhutleng.”+