Isaia 42:1-25
42 Bona! Motlhanka wa me,+ yo ke mo ngangatletseng!+ Yo o tlhophilweng wa me,+ yo moya wa me o mo amogetseng!+ Ke tsentse moya wa me mo go ene.+ O tla tlisa tshiamiso mo ditšhabeng.+
2 Ga a kitla a goa kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe, e bile ga a kitla a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng.+
3 Ga a kitla a robaganya lotlhaka lope lo lo phitsegileng;+ mme fa e le mogala wa lodi o o letobo, ga a kitla a o tima. O tla tlisa tshiamiso+ ka boammaaruri.
4 Ga a kitla a nna letobo kgotsa a gatelelwa go fitlha a baya tshiamiso mo lefatsheng;+ mme ditlhaketlhake di tla nna di emetse molao wa gagwe.+
5 Modimo wa boammaaruri, Jehofa, Mmopi wa magodimo+ le Yo Mogolo yo o a phuthololang;+ Yo o namalatsang lefatshe+ le kungo+ ya lone, Yo o nayang batho ba ba mo go lone+ mohemo,+ le ba ba tsamayang mo go lone+ moya o buile jaana:
6 “Nna, Jehofa, ke go biditse ka tshiamo,+ mme ke ne ka tshwara seatla sa gago.+ Ke tla go dibela mme ke go ntshe gore o nne kgolagano ya batho,+ gore o nne lesedi la ditšhaba,+
7 gore o bule matlho a a foufetseng,+ o ntshe legolegwa+ mo moleteng wa kgolegelo, ba ba ntseng mo lefifing+ o ba ntshe mo ntlong ya kgolegelo.
8 “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me;+ mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me,+ le fa e le ditshwantsho tse di betlilweng+ pako+ ya me.
9 “Dilo tsa ntlha—ke tse di tlile,+ mme ke bua dilo tse disha. Pele ga di simolola go tlhaga, ke dira gore lo di utlwe.”+
10 Opelelang Jehofa pina e ntšha,+ pako ya gagwe go tswa kwa ntlheng ya lefatshe,+ lona banna ba ba fologelang kwa lewatleng+ le kwa go se se le tlatsang, lona ditlhaketlhake le lona ba lo nnang mo go tsone.+
11 A naga+ le metse ya gone e tsholetse lentswe la yone, metsana e Kedare a nnang mo go yone.+ A banni ba lefika le legolo+ ba goe ka boipelo. A batho ba goele kwa godimo ba le kwa godimo ga dithaba.
12 A ba neye Jehofa kgalalelo,+ ba bo ba bolele pako ya gagwe+ mo ditlhaketlhakeng.
13 Jehofa o tla tswa jaaka motho yo o thata.+ O tla tsosa tlhoafalo+ jaaka motlhabani. O tla goa, ee, o tla tlhaba mokgosi wa ntwa;+ o tla itshupa a le thata go feta baba ba gagwe.+
14 “Ke ile ka didimala nako e telele.+ Ke ne ka tswelela ke didimetse.+ Ke ne ka nna ka ikgapa. Ke tla fegelwa, ke hemaheme, ke sonele ka nako e le nngwe+ fela jaaka mosadi yo o belegang.
15 Ke tla swafatsa+ dithaba le dithota, le dimela tsotlhe tsa tsone ke tla di omeletsa. Ke tla fetola dinoka ditlhaketlhake, le megobe e e tletseng lotlhaka ke tla e kgadisa.+
16 Ke tla dira gore difofu di tsamaye mo tseleng e di iseng di e itse;+ mme ke tla dira gore di gate tsela e di iseng di e itse.+ Ke tla dira gore lefelo le le lefifi le fetoge lesedi+ fa pele ga bone, le lefelo le le makgwakgwa gore le nne naga e e sebatla.+ Tseno ke dilo tse ke tla di ba direlang, mme ga nkitla ke ba tlogela.”+
17 Ba tshwanetse ba retololwa, ba tla tlhabiwa ke ditlhong thata, ba ba ikanyang setshwantsho se se setilweng,+ ba ba rayang setshwantsho se se thetsweng ba re: “Lo medimo ya rona.”+
18 Utlwang, lona bosusu; mme lo lebe gore lo bone, lona difofu.+
19 Ke mang yo o sefofu, fa e se motlhanka wa me, mme ke mang yo o susu jaaka morongwa wa me yo ke mo romang? Ke mang yo o sefofu jaaka mongwe yo o duelwang, kgotsa yo o sefofu jaaka motlhanka wa ga Jehofa?+
20 E ne e le kgang ya go bona dilo tse dintsi, mme ga o a ka wa nna o lebeletse.+ E ne e le kgang ya go bula ditsebe, mme ga o a ka wa nna o reeditse.+
21 Jehofa ka boene ka ntlha ya tshiamo+ ya gagwe o natefeletswe ke gore a godise molao+ a o tlotlomatse.
22 Mme ke batho ba ba gapilweng le ba ba thopilweng,+ botlhe ba tshwerwe mo mesimeng, e bile ba ntse ba fitlhilwe+ mo matlong a kgolegelo. E setse e le ba go gapiwa ba se na mogolodi,+ ba go thopiwa go se na yo o reng: “Busa!”
23 Ke mang mo gare ga lona yo o tla sekegelang seno tsebe? Ke mang yo o tla tlhwayang tsebe a bo a reeletsa dinako tse di tlang?+
24 Ke mang yo o neileng Jakobe go thopiwa, le Iseraele ba ba gapang? A ga se Jehofa, Yo re mo leofetseng, le yo ba neng ba sa batle go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe le yo ba neng ba sa reetse molao wa gagwe?+
25 Ka jalo A nna a mo tshela tšararego, bogale jwa gagwe, le nonofo ya ntwa.+ Mme ya nna ya mo laila gotlhe fela,+ mme a se ka a tsaya tsia;+ mme ya nna ya mo tukela, mme o ne a sa ise sepe pelong.+

