Efangele ya ga Mareko 16:1-8
-
Jesu o tsosiwa mo baswing (1-8)
16 Ka jalo, fa Sabata+ e sena go feta, Marea Magadalena, Marea+ mmaagwe Jakobe, le Salome ba ne ba reka dinkgisamonate gore ba tle ba di tshase mo mmeleng wa ga Jesu.+
2 Mme phakela thata mo letsatsing la ntlha la beke, ba ne ba ya kwa lebitleng.*+
3 Ba ne ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re ntshetsang leje le le mo kgorong ya lebitla?”
4 Le fa go ntse jalo, fa ba tsholetsa matlho, ba ne ba bona leje leo le ntshitswe, le fa gone le ne le le legolo thata.+
5 Fa ba tsena mo teng ga lebitla, ba ne ba bona lekawana lengwe le ntse ka fa letlhakoreng la moja, le apere seaparo se seleele se sesweu, mme ba ne ba gakgamala.
6 O ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa gakgamala.+ Ke a itse gore lo batla Jesu wa Monasaretha yo o neng a bolaelwa mo koteng. O tsositswe.+ Ga a yo fano. Bonang, ba ne ba mo laditse mo lefelong leno.+
7 Mme tsamayang lo ye go bolelela barutwa ba gagwe le Petere lo re, ‘O setse a le mo tseleng o ya kwa Galalea.+ Lo tla mmona teng, fela jaaka a ne a lo boleletse.’”+
8 Ka jalo, ba ne ba tswa mo lebitleng ba taboga, ba roroma e bile ba gakgametse. Mme ba ne ba se ka ba bolelela ope sepe, ka gonne ba ne ba tshogile.*+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “lebitleng la kgakologelo.”
^ Go ya ka mekwalo ya seatla ya ntlhantlha e e ka ikanngwang, Efangele ya ga Mareko e felela ka mafoko a a fitlhelwang mo temana 8. Bona Dintlha A3.