Efangele ya ga Mareko 13:1-37

  • MALATSI A BOFELO (1-37)

    • Dintwa, dithoromo tsa lefatshe, ditlhaelo tsa dijo (8)

    • Dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa (10)

    • Pitlagano e kgolo (19)

    • Go tla ga Morwa motho (26)

    • Setshwantsho sa setlhare sa mofeige (28-31)

    • Nnang lo disitse (32-37)

13  Fa a tswa mo tempeleng, mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a mo raya a re: “Moruti, bona maje ano le dikago tseno tse di kgatlhang!”+  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo raya a re: “A o bona dikago tseno tse dikgolo? Ga go kitla go tlogelwa leje lepe fano mo godimo ga le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.”+  E rile a ntse mo Thabeng ya Lotlhware go lebagana le tempele, Petere, Jakobe, Johane le Anderea ba ne ba mmotsa kwa thoko ba re:  “Re bolelele, dilo tseno di tla direga leng, mme sesupo sa gore dilo tseno tsotlhe di a fela e tla nna sefe?”+  Ka jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Lo ele tlhoko gore ope a se ka a lo tsietsa.+  Ba le bantsi ba tla dirisa leina la me, ba re, ‘Ke nna Keresete,’ mme ba tla timetsa batho ba le bantsi.  Mo godimo ga moo, fa lo utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.+  “Ka gonne setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe;+ go tla nna le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana; gape go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.+ Dilo tseno ke tshimologo ya dinako tsa mathata.*+  “Mme lona, lo ikele tlhoko. Batho ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo nnang mo go one,+ mme lo tla itewa mo disinagogeng+ lo bo lo emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka gonne lo le balatedi ba me. Mme seo se tla lo naya tshono ya gore lo ba bolelele se lo se dumelang.+ 10  Gape, dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele mo ditšhabeng tsotlhe.+ 11  Mme fa ba lo tshwara gore ba lo ise kwa balaoding, lo se ka lwa tlhobaela ka se lo tla se buang; lo tla itse se lo tshwanetseng go se bua ka nako eo, ka gonne go tla bo go sa bue lona, mme go bua moya o o boitshepo.+ 12  Mo godimo ga moo, motho o tla dira gore morwarraagwe a bolawe, e bile rre o tla dira gore ngwana wa gagwe a bolawe, mme bana ba tla tlhanogela* batsadi ba bone e bile ba tla dira gore ba bolawe.+ 13  Mme batho botlhe ba tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me.+ Le fa go ntse jalo, yo o itshokileng* go fitlha kwa bokhutlong+ o tla bolokwa.+ 14  “Le fa go ntse jalo, fa lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang tshenyo+ se eme fa se sa tshwanelang gone (a mmadi a tlhaloganye se go buiwang ka sone), foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.+ 15  A monna yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa a ya go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe; 16  e bile a monna yo o kwa tshimong a se ka a boela kwa dilong tse di kwa morago a ya go tsaya seaparo sa gagwe sa ka fa ntle. 17  Ruri go tla nna thata mo basading ba ba imileng le ba ba anyisang masea mo malatsing ao!+ 18  Nnang lo rapelele gore seno se se ka sa diragala ka paka ya mariga; 19  ka gonne go tla nna le pitlagano mo malatsing ao.+ Ga go ise go ke go nne le pitlagano e e tshwanang le eo fa e sa le Modimo a bopa lefatshe go fitlha jaanong, mme ga e kitla e nna teng gape.+ 20  Tota e bile, fa Jehofa* a ne a sa khutshwafatsa malatsi ao, go ne go ka se nne le motho ope yo o bolokwang. Mme o khutshwafaditse malatsi ao ka ntlha ya ba a ba tlhophileng.+ 21  “Ka nako eo, fa mongwe a ka lo raya a re, ‘Bonang! Keresete ke yo,’ kgotsa ‘Ke yole,’ lo se ka lwa mo dumela.+ 22  Gonne go tla nna le bo-Keresete ba maaka le baporofeti ba maaka+ mme ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso gore fa go kgonega, ba timetse ba ba tlhophilweng. 23  Jaanong lo nne kelotlhoko.+ Ke lo boleletse dilo tseno tsotlhe go sa le pele. 24  “Mme mo malatsing ao, morago ga pitlagano eo, letsatsi le tla fifala, ngwedi ga e kitla e ntsha lesedi la yone,+ 25  e bile dinaledi di tla bo di wa kwa legodimong, mme dilo tse di kwa magodimong di tla reketlisiwa. 26  Go tswa foo, ba tla bona Morwa motho+ a tla a le mo marung a na le maatla a magolo le kgalalelo.+ 27  Morago ga moo, o tla romela baengele mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng go tswa kwa dikhutlong tse nnê tsa lefatshe, go tswa kwa ntlheng ya lefatshe go ya kwa ntlheng ya legodimo.+ 28  “Jaanong ithuteng seno go tswa mo setlhareng sa mofeige: Ka bonako fela fa dikalana tsa sone di simolola go gola di bo di ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi.+ 29  Ka tsela e e tshwanang, le lona fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore o gaufi, o fela fa dikgorong.+ 30  Ammaaruri ke a lo bolelela, kokomana eno ga e kitla e fela go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.+ 31  Legodimo le lefatshe di tla nyelela,+ mme mafoko a me one ga a kitla a nyelela.+ 32  “Ga go na ope yo o itseng letsatsi leo kgotsa ura eo. Tota le baengele ba ba kwa legodimong le Morwa Modimo ga ba itse, go itse Rara fela.+ 33  Nnang lo lebeletse, nnang lo tsogile,+ ka gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.+ 34  Go tshwana le motho yo o tsayang loeto a ya kwa nageng e e kgakala yo o neng a tlogela ntlo ya gagwe a bo a naya batlhanka ba gagwe maikarabelo a go tlhokomela ntlo eo.+ O ne a naya mongwe le mongwe tiro ya gagwe a bo a laela molebedi wa kgoro gore a nne a disitse.+ 35  Ka jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla tla leng,+ e ka tswa e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa pele ga bosa bo sa* kgotsa phakela thata,+ 36  gore fa a ka tla ka tshoganyetso, a se ka a lo fitlhela lo robetse.+ 37  Mme se ke se lo bolelelang, ke se bolelela botlhe: Nnang lo disitse.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “ditlhabi tsa tlalelo.”
Kgotsa “tlhasela.”
Kgotsa “yo o itshokang.”
Seger., “fa mokoko o lela.”