Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang fa ke Kgerisiwa?

Nka Dirang fa ke Kgerisiwa?

Go kgerisiwa ke selo se se masisi. Patlisiso nngwe ya kwa Boritane e fitlhetse gore go lebega go kgerisiwa e le sengwe sa dilo tse di bakileng go ipolaya ga palo e e fetang diperesente di le 40 tsa basha ba ba ipolayang ba go begilweng ka bone mo metsweding ya dikgang kwa nageng eo.

 Go kgerisa ke eng?

Go kgerisa ga se fela go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng. Gape go ka akaretsa le dilo tse di latelang.

  • Go tlhaselwa ka mafoko. Celine wa dingwaga tse 20 a re: “Basetsana ba a tle ba tlhabane ka mafoko. Nka se tsamaye ke lebala maina a ba neng ba mpitsa ka one kgotsa dilo tse ba neng ba di bua. Ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke se na mosola, ke sa ratiwe e bile ke se motho wa sepe. Go ka bo go nnile botoka gore ba ntiteye ka lebole.”

  • Go tlhaolwa. Haley wa dingwaga di le 18 a re: “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba simolola go nkekologa. Ba ne ba dira e kete ga go na setulo se nka nnang mo go sone ka nako ya dijo tsa motshegare gore ke se ka ka nna le bone. Ke ne ka fetsa ngwaga otlhe ke lela e bile ke ja ke le esi.”

  • Go kgerisiwa mo Internet. Daniel wa dingwaga di le 14 a re: “Go tobetsa dikonopo di se kae fela tsa khomputara go ka senya motho leina—kgotsa ga tlhakatlhakanya botshelo jwa gagwe. Seno se ka utlwala e le go feteletsa dilo mme se ka direga!” Gape go kgerisa go akaretsa go romelela motho ditshwantsho kgotsa melaetsa e e tlhabisang ditlhong ka founu ya selula.

 Ke eng fa batho ba kgerisa ba bangwe?

Mangwe a mabaka a a tlwaelegileng ke ano.

  • Bone ka bobone ba kile ba kgerisiwa. Lekawana lengwe le le bidiwang Antonio la re: “Ke ne ke lapisitswe ke go sotliwa ke balekane ba me thata jaana mo ke neng ka simolola go kgerisa ba bangwe, fela gore balekane ba me ba nkamogele. Moragonyana fa ke akanya ka gone ke ne ka lemoga gore ruri go ne go le phoso go dira jalo!”

  • Ga ba na dikao tse di molemo. Jay McGraw o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Life Strategies for Dealing With Bullies: “Gantsi basha ba ba kgerisang ba bangwe ba tshwara batho ba bangwe . . . ka tsela e ba bonang batsadi ba bone, bomogoloabone kgotsa ba bangwe mo lelapeng ba tshwara ba bangwe ka yone.”

  • Ba itshwara e kete ba kwa godimo ga ba bangwe​—mme tota ba inyatsa. Mo bukeng ya gagwe ya The Bully, the Bullied, and the Bystander, Barbara Coloroso a re: “Bana ba ba kgerisang ba bangwe ba itseela kwa godimo mme gantsi totatota ba a bo ba fitlha kutlobotlhoko le go inyatsa ga bone.

 Ke bomang ba gantsi ba kgerisiwang?

  • Ba ba ratang go nna ba le bosi. Basha bangwe ba ba sa kgoneng go itsalanya le ba bangwe ba itlhaola mo go ba bangwe mme seo se dira gore go nne motlhofo gore ba kgerisiwe.

  • Basha ba ba tsewang ba sa tshwane le ba bangwe. Basha bangwe ba bogisiwa ka ntlha ya tsela e ba lebegang ka yone, lotso lwa bone, bodumedi jwa bone kgotsa le eleng ka gonne ba na le bogole bongwe—sengwe le sengwe fela se motho a ka ba tlaopang ka sone.

  • Basha ba ba sa itshepeng. Batho ba ba kgerisang ba bangwe ba kgona go lemoga batho ba ba inyatsang. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ke bone ba ba kgerisiwang motlhofo ka gonne ga se gantsi ba ka itwela.

 O ka dirang fa o kgerisiwa?

  • O se ka wa dira sepe. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Kylie la re: “Batho ba ba go kgerisang ba itumela fa ba bona gore ba kgonne go dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe. Fa o sa dire sepe o ba fetsa maatla.” Baebele ya re: “Yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.”—Diane 29:11.

  • O se ka wa ipusolosetsa. Go ipusolosetsa go ka se rarabolole bothata go na le moo go tla bo oketsa. Baebele ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.”—Baroma 12:17; Diane 24:19.

  • O se ka wa itsenya mo mathateng. Fa go kgonega, tila batho le maemo a o ka kgerisiwang kwa go one.​—Diane 22:3.

  • Leka go araba ka tsela e a neng a sa e lebelela. Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.”—Diane 15:1.

  • O se ka wa tsaya sengwe le sengwe masisi. Ka sekai, fa motho yo o go kgerisang a re o mokima o ka tsholetsa magetla fela o bo o re, “O nepile waitse, go raya gore ke tshwanetse go fokotsa dikilogerama di sekae!”

  • Itsamaele. Nora wa dingwaga di le 19 a re: “Go didimala go bontsha gore o godile le gore o nonofile go feta motho yo o go kgerisang. Go bontsha gore o na le boikgapo​—sengwe se motho yo o go kgerisang a se nang sone.”

  • Lwela go itshepa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Rita a re: “Batho ba ba kgerisang ba bangwe ba kgona go bona fa o tshogile e bile ba ka dira gore o se tlhole o itshepa gotlhelele.”

  • Bolelela mongwe ka gone. Patlisiso nngwe ya re palo e e kwa godimo ga halofo ya batho botlhe ba ba kgerisiwang mo Internet ga ba bege seo, e ka tswa e le ka gonne ba tlhabiwa ke ditlhong (segolobogolo basimane) kgotsa ba tshaba gore batho ba ba ba kgerisang ba tla ipusolosetsa. Mme gopola gore batho ba ba kgerisang ba bangwe ba tswelela ka mokgwa ono fa o sa ba bege. Go begela mongwe go ka go thusa go kgaotsa go kgerisiwa.