Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dira Eng fa Ke sa Ikobela Nngwe ya Melao ya Batsadi ba me?

Nka Dira Eng fa Ke sa Ikobela Nngwe ya Melao ya Batsadi ba me?

 Bontsi jwa malapa a na le melao, ka sekai, gore o boa nako mang mo lapeng, o dirisa sediriswa sa gago sa ileketeroniki ka nako e e kae, le gore o tshwara batho ba bangwe jang.

 O ka dira eng fa o robile nngwe ya melao eo? O ka se fetole se se diragetseng, le fa go ntse jalo o ka dira sengwe se se tla go thusang gore maemo a seka a nna maswe le go feta. Setlhogo seno se tla go thusa gore o ka dira seno jang.

 Ke eng se ke sa tshwanelang go se dira?

  •   Fa batsadi ba gago ba sa itse gore o robile nngwe ya melao, o ka raelesega go fitlha phoso e o e dirileng.

  •   Fa ba itse gore o robile nngwe ya melao, o ka raelesega go dira seipato kgotsa wa pega motho yo mongwe molato.

 Ga go epe ya dilo tseno e e siameng. Goreng? Ka gonne go fitlha se o se dirileng kgotsa go ntsha diipato tse di sa utlwaleng tsa se o se dirileng ke bongwana. Se se bontsha batsadi ba gago gore o sa ntse o tlhoka go gola.

 “Ga go a siama go bua maaka. Kwa bofelong, batsadi ba gago ba tla itse nnete, mme kotlhao ya bone e tlile go nna botlhoko go gaisa fa o kabo o buile nnete go tswa kwa tshimologong.”​—Diana.

 Tsela e e botoka ya go dira dilo

  •   Amogela phoso e o e dirileng. Baebele e a re: “Motho yo o fitlhang maleo a gagwe ga a kitla a atlega, Mme yo o ipolelang maleo a gagwe a bo a a tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Diane 28:13) Batsadi ba gago ba a itse gore o a tle o dire diphoso. Potso ke gore, a mme gone o tla bua nnete?

      “Batsadi ba gago ba tla go itshwarela fa o ka bua nnete. Fa o le motho yo o buang nnete batsadi ba gago ba tla go tshepa fela thata.”​—Olivia.

  •   Kopa maitshwarelo. Baebele e a re: “lo nne boikokobetso.” (1 Petere 5:5) Kopa maitshwarelo go tswa pelong mme o seka wa dira diipato ka se o se dirileng.

     “Fa motho a nna a dira diipato ka se a se dirileng, o feleletsa a sa tlhole a bona go le molato fa a dira diphoso. Fa nako e ntse e tsamaya dilo tse di phoso tse a di dirang di ka se tlhole di mo tshwenya.”​—Heather.

  •    Amogela ditlamorago. Baebele e a re: “Reetsang kotlhao.” (Diane 8:33) O se ka wa ngongorega, amogela dithibelo tse batsadi ba gago ba go beelang tsone.

     “Go ngongorega ka kotlhao e o e newang go tlile go dira dilo thata le go feta. Batla tsela ya go amogela dithibelo go na le gore o tlhome mogopolo mo go se se go latlhegetseng.”​—Jason.

  •   Dira gore ba go tshepe gape. Baebele e a re: “lo apole botho jwa lona jwa bogologolo jo bo tsamaisanang le tsela e lo kileng lwa bo lo itshwara ka yone pele.” (Baefeso 4:22) Tswelela o dira ditshwetso tse di molemo gore batsadi ba gago ba kgone go go tshepa gape.

     “Fa o tswelela o dira ditshwetso tse di molemo, mme o bontsha batsadi ba gago gore o ka se boeletse phoso e o neng o e dirile ba tla go tshepa gape.”​—Karen.

 KAKANTSHO: Dira go feta ka fa ba go kopileng ka gone, go bontsha gore ba ka kgona go go tshepa gape. Ka sekai, fa o ile golo gongwe, leletsa batsadi ba gago o ba bolelele gore o mo tseleng ya go tla gae. Le fa go ise go fete nako e le dumalaneng ka yone ya go fitlha mo lapeng, se se tla dira gore ba bone gore o batla ba go tshepe gape.