Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?—Karolo 1: Goreng o Tshwanetse go Dumela mo Modimong?

Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?—Karolo 1: Goreng o Tshwanetse go Dumela mo Modimong?

 Popo kgotsa thutotlhagelelo?

A o dumela gore Modimo o bopile dilo tsotlhe? Fa go le jalo, ga se wena fela; basha ba le bantsi (le bagolo) le bone ba dumela jalo. Mme batho ba bangwe ba re botshelo le lobopo di itlhagetse fela​—di sa bopiwa ke “Mongwe yo o Maatla.”

A o ne o itse? Batho ba ba dumelang dithuto tseno ka bobedi ba bonako go bua gore ke eng se ba se dumelang mme ba sa itse mabaka a go bo ba se dumela.

  • Batho ba bangwe ba dumela gore dilo di bopilwe ka gonne ba rutilwe jalo kwa kerekeng.

  • Batho ba le bantsi ba dumela gore dilo di itlhagetse fela ka gonne ba rutilwe jalo kwa sekolong.

Motseletsele ono wa ditlhogo o tla go thusa go nonotsha le go tlhalosa se o se dumelang ka popo. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go ipotsa potso eno ya botlhokwa:

 Goreng ke dumela mo Modimong?

Goreng potso eno e le botlhokwa? Ka gonne Baebele e go kgothaletsa gore o dirise tlhaloganyo, ‘maatla a gago a go akanya.’ (Baroma 12:1) Seno se raya gore fa o dumela mo Modimong seo ga se a tshwanela go ikaega fela ka

  • maikutlo (Ke akanya gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o maatla)

  • go tlhotlhelediwa ke ba bangwe (Ke tshela le batho ba ba ratang bodumedi)

  • kgatelelo (Batsadi ba me ba ne ba mpateletsa go dumela mo Modimong—go seng jalo . . .)

Go na le moo, o tshwanetse go tlhatswega pelo gore Modimo o teng o bo o nne le mabaka a a utlwalang a go dumela seo.

Ka jalo, ke eng se se go tlhatswang pelo gore Modimo o teng? Dintlha tsa go itshekatsheka tsa setlhogo sa “Goreng ke Dumela mo Modimong?” di tla nonotsha tumelo ya gago. Gape o tla fitlhela go thusa go sekaseka kafa basha ba bangwe ba ileng ba araba potso eo ka gone.

“Fa ke le mo tlelaseng ke reeditse morutabana a tlhalosa gore mebele ya rona e bereka jang, ke lemoga gore ruri Modimo o teng. Karolo nngwe le nngwe ya mmele, tota le e nnye thata, e na le tiro ya yone, mme gantsi ditiro tseno di direga re sa lemoge. Ruri mmele wa motho o a gakgamatsa!”​—Teresa.

“Fa ke bona moago o o goletseng kwa godimo, sekepe kgotsa koloi, ke ipotsa gore, ‘Ke mang yo o di dirileng?’ Ka sekai, motho o tshwanetse a bo a le botlhale tota gore a dire koloi, ka gonne koloi e na le dikarolo tse dintsi tse dinnye tse di tshwanetseng go dira sentle gore e bereke sentle. Jaanong fa e le gore dikoloi di dirilwe ke mongwe, go ntse jalo le ka rona batho.”​—Richard.

“Fa o lemoga gore batho ba ba botlhale thata ba tsere makgolokgolo a dingwaga go tlhaloganya lemmenyana fela ka lobopo, ruri ga go utlwale go akanya gore lobopo loo lo itlhagetse fela!”​—Karen.

“Fa ke ntse ke ithuta saense, thutotlhagelelo e nna diphirimisi fela. Ka sekai, ke ile ka akanya ka tsela e dilo tsa tlholego di diregang ka yone le tsela e rona batho re farologanang le diphologolo ka yone, go akaretsa go batla go itse gore re bomang, re tswa kae le gore re ya kae. Thutotlhagelelo e tlhalosa dilo tseno tsotlhe go ya kafa diphologolo di itshwarang ka gone mme ga e ise e kgone go tlhalosa lebaka la go bo batho ba farologane le diphologolo. Ke akanya gore motho o tshwanetse go tsaya matsapa a magolo tota gore a dumele thutotlhagelelo go na le go dumela mo Mmoping.”​—Anthony.

 Go tlhalosa se ke se dumelang

Go tweng fa bana ba o tsenang tlelase le bone ba go sotla ka go bo o dumela selo se o sa se boneng? Go tweng fa ba re saense e na le “bosupi” jwa gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe?

Sa ntlha, tlhatswega pelo ka se o se dumelang. O se ka wa tshoga kgotsa wa tlhabiwa ke ditlhong. (Baroma 1:​16) Mme se lebale:

  1. Ga o nosi; batho ba le bantsi ba sa ntse ba dumela mo Modimong. Ba akaretsa batho ba ba botlhale, ba ba rutegileng. Ka sekai, go na le baitsesaense ba ba dumelang gore Modimo o teng.

  2. Fa batho ba re ga ba dumele mo Modimong, ka dinako dingwe tota ba a bo ba raya gore ga ba tlhaloganye Modimo. Go na le go ntsha mabaka a a utlwalang a se ba se dumelang, ba botsa dipotso tse di jaaka, “Fa e le gore Modimo o teng, goreng a letlelela pogo?” Tota se ba se dirang ke go dira gore kgang eno ya botlhokwa e nne kgang ya maikutlo.

  3. Batho ba na le “se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:⁠3) Seno se akaretsa go dumela mo Modimong. Ka jalo fa mongwe a re Modimo ga a yo, motho yoo​—e seng wena​—o tshwanetse go tlhalosa lebaka la go bo a dumela seo.​—Baroma 1:18-20.

  4. Ruri go dumela mo Modimong go a utlwala. Go dumalana le ntlha ya gore botshelo ga bo ka ke jwa itlhagela fela. Ga go na bosupi jo bo tshegetsang kgang ya gore botshelo bo itlhagetse fela.

Mme gone, o ka reng fa mongwe a batla mabaka a go bo o dumela mo Modimong? Akanyetsa dikarabo tseno di le mmalwa.

Fa mongwe a re: “Batho ba ba sa rutegang ke bone fela ba ba dumelang mo Modimong.”

O ka re: “A o dumela kgang eo e e sa utlwaleng? Nna ga ke e dumele. Tota e bile, mo patlisisong nngwe e mo go yone baitsesaense ba feta 1 600 ba ba tswang mo diyunibesithing tse di farologaneng tsa maemo a a kwa godimo ba neng ba nna le seabe mo go yone, nngwetharong ya bone e ne ya bua fa e dumela gore Modimo o teng. * A o ka re ga ba a rutega fela ka gonne ba dumela mo Modimong?”

Fa mongwe a re: “Fa e le gore tota Modimo o teng, goreng go na le pogo e kana kana mo lefatsheng?”

O ka re: “Gongwe o raya gore ga o tlhaloganye gore Modimo o dira dilo jang—kgotsa mo kgannyeng eno, go lebega Modimo a sa dire sepe. A go ntse jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ke bone karabo e e kgotsofatsang ya go bo pogo e le kana kana. Mme o tshwanetse go sekaseka dithuto di le mmalwa tsa Baebele gore o kgone go e tlhaloganya. A o ka rata go itse mo go oketsegileng?”

Setlhogo se se latelang mo motseletseleng ono se tla tlhalosa lebaka la go bo thutotlhagelelo e se na mabaka a a utlwalang a a tlhalosang lebaka la go bo re tshela.

^ ser. 32 Kgatiso: Social Science Research Council, “Religion and Spirituality Among University Scientists,” ya ga Elaine Howard Ecklund, February 5, 2007.