BASHA BA BOTSA JAANA
Ke Tshwanetse go Dira Eng Morago ga go Kolobediwa?—Karolo 1: Nna o Tlhagafetse
O tlhoka go tlhokomela dilo tsa botlhokwa tse di jaaka ntlo le koloi. Go ntse jalo le ka botsala jwa gago le Modimo. O ka tswelela o nonotsha jang botsala jwa gago le Modimo morago ga go kolobediwa?
Mo setlhogong seno
Nna o ithuta Lefoko la Modimo
Temana ya botlhokwa: “Lo tshwanetse go dira ditiro tse di molemo le go oketsa kitso ya lona e e boammaaruri ka Modimo.”—Bakolosa 1:10.
Se e se kayang: Morago ga go kolobediwa o tshwanetse go nna o bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se o se ithutang.—Pesalema 25:4; 119:97.
Se o ka se solofelang: Ka dinako dingwe o ka ikutlwa o sa batle go ithuta. O ka nna wa feleletsa o ipolelela gore ga o motho yo o ratang go bala.
Se o ka se dirang: Ithute mo go oketsegileng ka ditlhogo tsa Baebele tse di go kgatlhang. Itirele thulaganyo ya go ithuta o le nosi e o tla kgonang go e latela. Fa o ithuta, mokgele wa gago e tshwanetse go nna go nonotsha lorato lwa gago mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe. Go ithuta ka tsela eno, go tla go tswela mosola e bile o tla go itumelela.—Pesalema 16:11.
Kakantsho: Gore thuto ya gago e go tswele mosola mo go oketsegileng, batla lefelo le le didimetseng kwa o se kitlang o itewa tsebe ke sepe gone.
A o tlhoka thuso e e oketsegileng?
Bala:
“Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 2: Dira Gore go Bala Baebele go Nne Monate”
Lebelela:
Downlouda:
Nna o rapela Jehofa
Temana ya botlhokwa: “Lo se ka lwa tshwenyega ka sepe, mme rapelang Modimo ka metlha, lo mo kope gore a lo kaele mo go sengwe le sengwe e bile lo mo leboge ka metlha.”—Bafilipi 4:6.
Se e se kayang: Go buisana le Modimo go raya gore ene o bua le rona mme le rona re bua le ene: Re reetsa Modimo ka go bala Lefoko la gagwe, mme re bua le ene ka go rapela. Dithapelo tsa gago di ka akaretsa go kopa dilo tse o di tlhokang, le go lebogela ditshegofatso tse a go fileng tsone.
Se o ka se solofelang: Ka dinako dingwe o ka ikutlwa e kete dithapelo tsa gago ga di na bokao. Ka dinako dingwe o ka simolola go belaela gore a Jehofa o reetsa dithapelo tsa gago kgotsa gore a tota o batla go di utlwa.—Pesalema 10:1.
Seo ka se dirang: Fa letsatsi le ntse le tsamaya, akanya ka dilo tse o ka di rapelelang. Fa e le gore maemo a gago ga a go letle gore o rapele thapelo e telele, o ka ipeela nako ya gore o tla rapela leng mo letsatsing leo. O ka rapelela dilo tse di botlhokwa le tse di go tshwenyang, gape o ka rapelela le ba bangwe.—Bafilipi 2:4.
Kakantsho: Fa e le gore o akanya gore dithapelo tsa gago ga di na bokao, kopa Jehofa gore a go thuse ka kgang eo. Jehofa o batla go utlwa mathata otlhe a gago go akaretsa le a a amanang le dithapelo tsa gago.—1 Johane 5:14.
A o tlhoka thuso e e oketsegileng?
Bala:
Downlouda:
Nna o bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago
Temana ya botlhokwa: “Ikele tlhoko o bo o tlhokomele tsela e o rutang ka yone. . . . Fa o [dira jalo], o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Timotheo 4:16.
Se e se kayang: Fa o bolelela ba bangwe ka se o se dumelang, seo se tla nonotsha tumelo ya gago. Ka ntlha ya seo, o tla boloka botshelo jwa gago le jwa ba ba go reetsang.
Se o ka se solofelang: Ka dinako dingwe, o ka ikutlwa o sa batle go bolelela ba bangwe ka se o se dumelang. Gape o ka nna wa tshaba go rerela ba bangwe, bogolo jang fa o le kwa sekolong.
Se o ka se dirang: O se ka wa letla maikutlo a a sa siamang a a jaaka go tshoga, gore a laole ditshwetso tsa gago. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Le fa ke [rera dikgang tse di molemo] ke sa batle, ke sa ntse ke na le maikarabelo a go dira tiro eno.”—1 Bakorintha 9:16, 17.
Kakantsho: Fa batsadi ba gago ba go letlelela, batla Mosupi yo o tlhomang sekao se sentle mo bodireding gore a go thuse.—Diane 27:17.
A o tlhoka thuso e e oketsegileng?
Bala:
“Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshaba go Bolelela ba Bangwe ka Tumelo ya Me?”
Nna o ye dipokanong
Temana ya botlhokwa: “A re akanyetsaneng gore re tle re tlhotlheletsane go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo. A re se ka ra tlogela go phuthega mmogo.”—Bahebera 10:24, 25.
Se e se kayang: Lebaka le legolo la go bo re ya dipokanong ke go obamela Jehofa. Le fa go ntse jalo, go ya dipokanong go ka go tswela mosola ka ditsela tse dingwe gape tse pedi. Tsela ya ntlha, fa o le kwa dipokanong o tla kgothadiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi. Ya bobedi, fa o nna gone kwa dipokanong le fa o tsaya karolo mo go tsone, o a ba kgothatsa.—Baroma 1:11, 12.
Se o ka se solofelang: Ka dinako dingwe o ka eta ka mogopolo mme seo se ka dira gore o latlhegelwe ke dintlha tsa botlhokwa tse di rutiwang. Kgotsa o ka nna wa felela o sa ye dipokanong ka metlha mme wa letlelela dilo tse di jaaka tiro ya sekolo di go thibela go ya dipokanong.
Se o ka se dirang: Tlhomamisa gore o dira tiro ya gago ya sekolo ka nako gore o kgone go nna gone kwa dipokanong ka metlha, mme o ipeele mokgele wa gore o solegelwe molemo fa o le kwa dipokanong. Nna le seabe ka go tsholetsa letsogo gore o arabe. Morago ga dipokano, akgola mongwe ka seabe se a nnileng le sone kwa dipokanong.
Kakantsho: Baakanyetsa pele o ya dipokanong. Downlouda app ya JW Library® mme o tobetse fa go kwadilweng “Meetings” gore o kgone go bona se go tla tlotliwang ka sone kwa dipokanong.
A o tlhoka thuso e e oketsegileng?
Bala:
“Ke Eng fa ke Tshwanetse go ya Dipokanong tsa Bokeresete?”

